Jump to content

Marie Louise Asseu

Go tswa ko Wikipedia

Marie Louise Asseu (November 21, 1966 - December 7, 2016) e ne e le motshameki wa difilimi wa kwa Ivory Coast, motsamaisi le motlhami wa difilimi, yo o itsegeng thata ka leina la gagwe la go ipitsa Malou.[1] Mo godimo ga moo, e ne gape e le mothei wa Moletlo wa Limale wa kwa Cote d'Ivoire.

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Asseu o ne a nna le seabe mo mananeong a le mmalwa a thelebišene kwa Ivory Coast, go akaretsa le "Mon Experience" ("My Experience") ya seteishene sa RTI. Ka 2012, o ne a simolola go dira jaaka motsamaisi ka Les infideles.[2] Gape o ne a tlhagelela mo:

  • 1989 : Bal Poussière
  • 1995 : Faut pas fâcher
  • 2003–2007 : Ma famille
  • 2008 : Un homme pour deux sœurs
  • 2008 : L'Histoire des copines
  • 2010 : Sah Sandra
  • 2011 : Le Mec ideal
  • 2012 : Les infidèles

Dikgang tsa ga Patrick Achi le maitlamo a go bolaya Asseu

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2011, Asseu o ne a falola ka letshoba la nnale fa setlhopha sa basha se ne se leka go mmolaya. Go ya ka pampiri ya dikgang, go ne ga nna le magatwe a gore o ne a ratana le Patrick Achi, radipolotiki wa selegae; magatwe a a ne a dira gore segopa se se neng se tlhometse ka dithupa le dibetsa tse dingwe se leke go mo tshwara ka maikaelelo a go mo bolaya. Le fa go ntse jalo, o ne a namolwa ka bonako ke monna mongwe.[3] Assou o ne a nna le mathata a tlhaloganyo ka ntlha ya tiragalo eno go fitlha a tlhokafala.

Loso la gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Asseu o ne a lwala thata mo dingwageng tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe. Malatsi a le mmalwa pele ga a tlhokafala, o ne a tshwarwa ke se dingaka di neng tsa se tlhalosa e le seterouku se se seng masisi mme o ne a tshwanelwa ke go robadiwa kwa bookelong. Dingaka di ne di sa bue sepe ka bolwetse jwa gagwe le fa batho ba ne ba batla go itse ka jone e bile metswedi e le mmalwa ya tshedimosetso e ne e leka go bona tshedimosetso ka jone. O ne a gololwa kwa bookelong malatsi a sekae morago ga moo mme go dumelwa gore o ne a fola, o ne a nna le seterouku sa bobedi ka 17 Ngwanatsele 2016, se se neng sa mo bolaya, mme a swa ka 7 Sedimonthole.[ 4]

[1]"African Women in Cinema Blog: Marie-Louise Asseu: Les infidèles/The Unfaithful". africanwomenincinema.blogspot.com. 19 February 2011. Retrieved 2019-10-10.

[2]"Africiné". www.africine.org. Retrieved Oct 10, 2019.

[3]"Soupçonnée d'être l'amante de patrick achi : Marie-Louise Asseu échappe à la mort – Abidjan.net Actualites". news.abidjan.net. Retrieved 2019-10-10.

[4]Kla, Philip (Dec 8, 2016). "Voici le film du décès de Marie-Louise Asseu : La comédienne est morte le visage très serré". www.linfodrome.com. Retrieved Oct 10, 2019.