Jump to content

Mariem Ben Chaabane

Go tswa ko Wikipedia

Mariem Ben Chaabane (Arabic: مريم بن شعبان, O tshotswe ka July 30, 1983) ke motshameki wa difilimi wa kwa Tunisia.O itsege ka di karolo tsa gagwe mo di serieseng tsa Casting le Machair.[1][2]

kitso ka ga ene

[fetola | Fetola Motswedi]

Meriam Ben Chaabane o tshotswe ka July 30, 1983. Ka 2007 o ne a aloga kwa University of Sorbonne Nouvelle Paris [3] ka dikirii ya bachelor's mo go direng bonono jwa theatre. Motshameki o ne a na le go bina le go opela le go ikatisa, gape o ne a tsamaisa di workshop tsa theatre.[ 3]

Ka 2010 Mariem o ne a bonwa ke babogedi ba kwa Tunisia ka seabe sa gagwe sa Dorra mnawer mo motseletseleng wa "Casting". Le fa go ntse jalo, ka 2012 o ne a boa gape ka go tshameka karolo ya gagwe mo motseletseleng wa Maktoub. [1]

O ne a le mo tsebeng ya makasine wa batho wa Tunivisions ka Lwetse 2012.

Ka 2016, o ne a tshameka mo mananeong a mabedi a a neng a gasiwa ka kgwedi ya Ramadan, Awled Moufida le Flashback,[4] Motshameki o ne a tlhagelela gape mo filiming ya Woh! ke mokaedi wa Mo-Tunisia Ismahane Lahmar.

Ka 2019 Mariem Ben Chaabane o ne a nna le seabe se segolo mo thelebišeneng ya Tunisian Machair ka mokaedi wa Turkey Muhammet Gok, [1] [2] o ne a tshameka jaaka Meriem "Mosadi yo o ratang ntwa yo o nang le kankere ya boboko mme o setse ka malatsi a le mmalwa fela go tshela". Motseletsele o o ne wa atlega thata mo kgaolong ya Maghreb ka nako ya Ramadan 2019, seabe sa gagwe se ne sa kgatlhiwa ke babogedi ba Tunisia le Maghreb.[ 7]

[1] "Mariem Ben Chaâbane : l'actrice a conquis le cœur des tunisiens". tuniscope.com (in French). Archived from the original on 11 July 2014. Retrieved 31 July 2012.

[2] "Tunisie : Mariem Ben Chaabane détaille son rôle dans Macha3er". directinfo.webmanagercenter.com (in French). Retrieved 25 January 2020.

[3] "Mariem Ben Chaabane". mannequintunisie.com (in French). Archived from the original on 30 March 2016. Retrieved 2 March 2014.

[4] "En vidéo-Ramadan 2016 : Découvrez la bande-annonce de la série TV FLASH BACK". tuniscope.com (in French). Retrieved 25 January 2020.

[5] "عدد حلقات مسلسل 'مشاعر'". jawharafm.net (in Arabic). Retrieved 25 January 2020.

[6] "Le feuilleton Mache3er sentiments quelle trame et quels drames". kapitalis.com (in French). Mounira Aouadi. Retrieved 25 January 2020.

[7] "Magazine La Presse " Macha3ir ": nos sentiments les meilleurs". lapresse.tn (in French). Neila GHARBI - La Presse. Retrieved 25 January 2020