Marita Koch
Personal information | |
---|---|
Born | [1] Wismar, Bezirk Rostock, East Germany[1] | 18 February 1957
Height | 171 cm (5 ft 7 in)[1] |
Weight | 62 kg (137 lb)[1] |
Sport | |
Sport | Track and field |
Medal record | |
Updated on 30 June 2015. |
Marita Koch (morago ga moo, Meier-Koch; yo o tshotsweng ka Tlhakole a le lesome le boferabobedi ka1957) ke motabogi wa pele wa kwa Jeremane. Ka nako ya tiro ya gagwe, o ne a tlhoma direkote tsa lefatshe di le lesome le borataro mo mabelong a kwa ntle a makhutshwane le direkote tse lesome le bone tsa lebala la mo teng. Rekote ya gagwe ya 47.60 mo sekgele sa 400m, e e beilweng ka Phalane a le marataro ka 1985, e sa ntse e le teng le jaana.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]A tsholetswe kwa Wismar, East Germany, Marita Koch o ne a bontsha lobelo lo lo sa tlwaelegang le fa a sale ngwana yo monnye mme a fenya basimane ba ba mo fetang mo mabelong a makhutshwane fa a ntse a le kwa sekolong. Nako ya fa a nna dingwaga di le lesome le botlhano, o ne a nna le katiso e e neng e le ka fa tlase ga ga Wolfgang Meier. Meier one a dira e le moenjenere wa difofane, mme gape katisa mabelo nako dingwe. Koch le Meier ba ne ba fudugela kwa Rostock kwa Koch a neng a simolola go ithuta bongaka. Le fa go ntse jalo, o ne a tsaya tshwetso ya go emisa dithuto tsa gagwe mme a tlhoma mogopolo mabelong. O ne katisiwa ke Meier tiro ya gagwe yotlhe, mme moragonyana ba ne ba nyalana. O ne a seka a fetola sefane sa gagwe sa tlhago, mme jaanong o bidiwa Marita Koch-Meier. Ene le monna wa gagwe ba ne ba nna le ngwana wa mosetsana yo o bidiwang Ulrike.[2] Ka 2019, Ulrike o ne a nyala Tony Drechsler, morwa wa mo jeremane wa kwa botlhaba yo one a tshwere rekote ya long jump, Heike Drechsler.[3]
Koch o tshwere direkote tsa lefatshe ka bophara go tloga mo sekgeleng sa 50 m go ya go 400 m. Dingwe tsa ditiro tse a di gaisang tsotlhe ke tse di latelang:
- 100 m 10.83 seconds (+1.7) West Berlin (FRG) Seetebosigo a ferabobedi ka 1983
- 200 m 21.71 seconds (+0.7) Karl Marx Stadt (GDR) Seetebosigo a ferabobedi ka 1979
- 400 m 47.60 seconds Bruce Stadium, Canberra (AUS) Phalane a le borataro ka 1985

Koch o ne a taboga lebelo la sekgele sa 400 m kwa 1976 Summer Olympics kwa Montreal (51.87 seconds), mme o ne a ikgogela morago ka ntlha ya kgobalo. O ne a baya rekote ya gagwe ya ntlha ya lefatshe ka 1977 kwa Milan, fa a ne a taboga lebelo la 400 m mo lebaleng la mo teng ka metsotswana e le 51.8. Mo ngwageng o o latelang, o ne a baya rekote ya gagwe ya ntlha ya kwa ntle ya 400 m mo metsotswaneng e le 49.19. O ne a oketsa seo ka direkote tse pedi tsa lefatshe mo kgweding e le nngwe. Ka 1979, Koch e ne ya nna mosadi wa ntlha go taboga lebelo la 200 m ka fa tlase ga metsotswana e le 22. Nako ya gagwe ya metsotso e le 21.71 (phefo +0.7 m/s) e e neng e le kwa Karl Marx Stadt e ne e eme jaaka rekote ya lefatshe ka dingwaga di le borababongwe. O ne a lekantsha rekote ya gagwe ya lefatshe ya 200 m ka 1984 (21.71 seconds +0.3 m/s Potsdam). Le fa go ntse jalo, rekote ya gagwe ya lefatshe ya 200 m e ne e ya lekanngwa gabedi ka 1986 ke Heike Drechsler. Nngwe ya direkote tsa ga Drechsler ya metsotswana e le 21.71 ele ya bobedi mo 200m o ne a e fitlhelela a taboga kgatlhanong le phefo tsa ga Koch ka bobedi tsa 21.71 do ne a di taboga phefo e mo tswa kwa morago.
Kwa Moscow Olympics of 1980 Koch o ne a fenya lobelo lwa 400 m. Dibeke di le tharo pele ga metshameko ya 1984 Olympic Games, o ne a lekanya rekote ya gagwe, mme go ikgatlholosiwa ga East German ga mo paledisa kwa metshamekong eo. O ne gape a gapa bommampodi kwa metshameko ya Yuropa ka 400 m ka 1978, 1982 le 1986. O ne a tswelela go nna moitseanape wa rekoto ya Yuropa mo 200 m go fitlha ka Phatwe a le masome a ferabobedi ka 2015 fa Dafne Schippers a fenya makgaolakgang a 200 m kwa metshamekong ya lefatshe ya 2015 ka nako ya metsotswana e le 21.63. Fa e le mongwe wa setlhopha sa East Germany sa mabelo a neelano, Koch o ne a tlhoma direko tsa lefatshe tse dingwe. Ba ne ba tlhoma direkote tse disha tsa lefatshe mo lebelong la neelano la 4 × 100 m ka 1979 le 1983. Setlhopha seo gape se ne sa tlhoma rekote ya lefatshe mo lebelong la neelano la 4 × 400 m kwa metshamekong ya 1980 Olympic Games. Ba ne ba tlhoma di rekote mo mabelong a sekgele seo ka 1980, 1982 le 1984. Ka Phalane wa 1986, o ne a abelwa Star of People's Friendship (setlhopha sa bobedi) ka ntlha ya katlego ya gagwe ya metshameko.[4]
Ka 1987, Koch o ne a tlogela go taboga e le mongwe wa batshameki ba ba atlegileng thata kwa Jeremane. O ne a na le kgobalo ya mosifa wa Achilles.[5] Ene le Meier ba ne ba nna le lebenkele la metshameko kwa Rostock.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ 1.0 1.1 1.2 1.3 Tempolete:Cite sports-reference
- ↑ Kluge, Volker (2004). Das große Lexikon der DDR-Sportler: Die 1000 erfolgreichsten und populärsten Sportlerinnen und Sportler aus der DDR, ihre Erfolge, Medaillen und Biographien [The big lexicon of the GDR athletes: The 1000 most successful and popular athletes from the GDR, their successes, medals and biographies.] (in German) (2 ed.). Berlin: Schwarzkopf & Schwarzkopf Verlag. pp. 292–294. ISBN 3-89602-538-4.
- ↑ "Hochzeit im Hause Drechsler-Koch: Kinder von Sport-Stars heiraten in Warnemünde". OZ - Ostsee Zeitung (in German). 27 September 2019. Retrieved 22 February 2025.
- ↑ "Hohe staatliche Auszeichnungen verliehen" [Awarded high state awards]. Neues Deutschland (in German). Vol. 42, no. 243. 15 October 1986. p. 6. Retrieved 22 February 2025.
- ↑ "Marita Koch, the East German sprint star..." Los Angeles Times. 3 February 1987. Retrieved 22 February 2025.
- ↑ "Marita Koch – Zu schnell, um wahr zu sein?". www.ndr.de (in German). Retrieved 22 February 2025.