Jump to content

Martin Shalli

Go tswa ko Wikipedia
Martin Shalli
Tsalo1954, Firikgong a rogwa
Namibia

Martin Shalli ke moemedi wa mafatshe wa pele wa Namibia ebile e le ramasole. Ka ngwaga wa 2005, o ne a tlhomiwa go nna molaodi wa Zambia ke tautona Sam Nujoma, mme o ne a busediwa gae ka Phalane ngwaga wa 2006 ke motlhatlhami wa ga Nujoma ebong Hifikepunye Pohamba, a tlhomiwa ramasole a Namibia. O ne a emisetsa ramasole Solomon Huwala, a tlhatlhamiwa ke Solomon Witbooi, kwa Zambia.

Ka Phukwi 2009, Shalli o ne a seegelwa kwa thoko ke tautona Pohamba ka ntlha ya menahune ya go tlhoka go tsamaisa sentle.[1] Fa dipelaelo tse di ne di sa rurifadiwe kgotsa tsa ganediwa, Shalli o ne a ithola marapo ka dithata tsa sesole tse di tletseng ka Firikgong ngwaga wa 2011.[2]

Tsa pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Shalli o nnile leloko la sesole sa SWAPO ka 1971 a tshabile, a katisiwa jaaka lesole la difofane kwa Soviet Union pele ga a nna molaodi wa sesole sa PLAN. Shalli o ne a tsholediwa maemo go nna molaodi wa sesole sa mo phefong kwa bokone botlhaba, morago a diriwa moeteledipele wa babereki kwa Bokone-Botlhaba.[3] Fa ntwa e tla bokhutlong, ene e le moeteledipele wa ditirelo kwa PLAN.[4]

Fa PLAN e kopana le sesole go thusa go dira sesole sa Namibia se se ikemetseng sa Namibia Defence Force, Shalli o ne a neelwa maemo a moeteledipele wa melao le ditirelo ka maemo a Brigadier General.[5] O ne a tlhatlhosiwa maemo go nna major General le moeteledipele wa babereki ka 1995 a emeletsa Charles namholo. Ka dingwaga tsa 2000 go tsena 2005 e ne e le ramasole. O ne a tlhomiwa go nna molaodi wa Namibia ka 2005 go tsena 2006. Ka ngwaga wa 2006, o ne a tlhatlhosiwa maemo go nna lieutenant general wa sesole sa namibia. Kanhwaga wa 2009, Shalli o ne a seegelwa kwa thoko mo NDF ka magatwe a tsietso. Go bolelwa fa a ne a ne a neetswe madi a mantsi ke kompone e e neng e berekela kwa Namibia e tswa kwa People's republic of China kwa NDF e neng e reka didirisiwa teng. Peter Nambundunga o ne a mo tlhatlhama.

  1. "Defence Chief Suspended", New Era, 23 July 2009. Archived July 16, 2011, at the Wayback Machine
  2. Vries, Da'oud (21 January 2011). "General Martin Shalli retires with honours". The Namibian. Archived from the original on 23 May 2012. Retrieved 06 October 2025.
  3. "Shalli New NDF Chief".
  4. "The Namibian".
  5. Shalli New NDF Chief New Era, 23 October 2006