Jump to content

Mary-Anne Musonda

Go tswa ko Wikipedia

Mary-Anne Musonda (yo o tshotsweng ka Phatwe a tlhola ga ne, ka ngwaga wa 1991) ke motshameki wa kirikete wa kwa Zimbabwe e bile ele mokapotene wa setlhopha sa bosetshaba sa kirikete sa basadi. Ke motshameki yo o dirisang letsogo la moja go itaya le go tika kgwele.[1] [2] O na gape le digerata tsa master mo go tsa madi a ditlhabololo go tswa kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa kwa Kapa.

Botshelo jwa pele le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Musonda o tsholetswe kwa Harare[1] mmaagwe ele wa kwa Zimbabwe mme rraagwe a tswa kwa Zambia.[3] Ke ene yo mmotlana mo lelapeng la bana ba le bane, e bile e le ene mosetsana a le esi, o ne a simolola dithuto tsa gagwe kwa Hermann Gmeiner Primary School kwa Harare. Go tloga ka 2004, o ne a tsena sekolo se segolo sa Kwekwe kwa motseng wa Kwekwe, kwa kgaolong ya Midlands, kwa a neng a atlega mo dithutong tsotlhe tsa gagwe di le lesome.[4]

Fa a le kwa sekolong se segolwane, Musonda o ne a tsenelela metshameko e mentsi. Kwa tshimologong, o ne a tlhomile mogopolo mo go tshamekeng hockey. Le fa go ntse jalo, mokatisi wa gagwe wa hockey e ne e le tsala ya mokatisi wa kirikete, Craig Majawa. Mo mophatlong wa gagwe wa ntlha, o ne a mo tlhopha go tshameka kirikete, mme a nna mokatisi wa gagwe wa ntlha wa kirikete.[4] Gape o tshamekile baseketebolo, volleyball le bolo-tloa.[5]

Le fa Zimbabwe Cricket e ne e simolodisa go tshamekiwa ga kirikete ya basetsana kwa dikolong, sekolo se segolo sa ga Musonda se ne se se na setlhopha sa basetsana ka nako eo. "Ke simolotse go tshameka le basimane", o ne a bolelela ESPNcricinfo ka 2022, "Ke ne ka tshameka le [bone] ka lobaka lwa setlha kgotsa tse pedi, mme ka simolola go rata kirikete tota. Ga ke a ka ka tlhola ke boela gape kwa hockey".[5]

Kwa sekolong, Musonda e ne e le motshameki yo o kgonang go dira dilo tsotlhe. O ne a simolola ka go tshameka ka go tika kgwele, mme moragonyana o ne a tlogela go tshameka a sena go gobala. Majawa o ne a mo rotloetsa go dumela gore o tla nna "motshameki yo o gaisang wa kirikete", mme o ne a dira motshameko wa gagwe go ya ka fa motshameki yo a mo ratang a tshamekang ka teng, e bong Charlotte Edwards.[4]

Mo e ka nnang ngwaga fela morago ga gore Musonda a simolole go tshameka kirikete, sekolo sa gagwe se ne sa tlhoma setlhopha sa basetsana, mme bangwe ba maloko a sone ba ne ba gaisana mo dikgaisanong tsa kgaolo. O ne a akarediwa mo setlhopheng sa bosetshaba sa basadi ba le lesome le borataro.[5]

Musonda o ne a ya kwa mosepeleng wa gagwe wa ntlha e le karolo ya setlhopha sa bosetshaba ka 2006.[4][6][7] Ka tshegetso ya mmaagwe, o ne a swetsa go kopanya go tshameka kirikete le go tswelela ka dithuto tsa gagwe.[5] Ka ntlha ya maitlamo a gagwe a sekolo, ga a ka a tsaya karolo mo ditirong tsotlhe tsa setlhopha sa bosetshaba. [4]

Ka 2020, Musonda o ne a bolelela Women's CricZone, "Fa ke gola ke ne ke batla go nna le tiro ya go bereka, le go nna le seabe mo kgwebong. Mme kwa bokhutlong jwa sekolo se segolwane ke ne ka ikutlwa gore ke ka tsaya kirikete ka tlhwaafalo".[8] O ne gape a kgaratlhela go fenya ka fa dithutong le ka fa kiriketeng. [9]

Morago ga go aloga kwa sekolong se segolwane, Musonda o ne a boela kwa Harare, kwa a neng a dira dithuto tsa gagwe tsa Advanced Levels kwa St. John's High School, Emerald Hill.[4] Ka 2015, o ne a bona digerata ya Bachelor of Commerce ka tlotlo go tswa kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa KwaZulu-Natal kwa Aforika Borwa.[4] Ka 2018, o ne a wetsa Master of Commerce degree in Development Finance kwa Graduate School of Business kwa University of Cape Town. [8][10]

Fa gare ga go fetsa digerata ya gagwe ya bachelor le go simolola dithuto tsa gagwe tsa master, Musonda o ne a batla tiro kwa Zimbabwe mme a se ka a e bona. Fa a sena go wetsa dithuto tsa gagwe, o ne a boela kwa Zimbabwe mme o ne a swetsa gore a se ka a batla tiro ka gone foo. Fa go ntse jalo, o ne a ineela mo kriketeng. Ngwaga morago ga foo, tshwetso eo e ne ya mo thusa ka a ne a tlhomiwa go nna mokapoteni wa setlhopha sa bosetshaba.[5]

  1. 1 2 "Mary-Anne Musonda". ESPN Cricinfo. E bonwe ka Tlhakole a le lesome le metso e meraro ka 2025.
  2. "'It would have been easy to give up' - Zimbabwe women's cricket captain on rollercoaster ride". BBC Sport. E bonwe ka Tlhakole a le lesome le boraro ka 2025.
  3. Parker, Liam (12 April 2022). "Mary-Anne Musonda – Zimbabwe Women's Cricket Team Captain - Sportageous". www.sportageous.co. Archived from the original on 13 August 2022. Retrieved 13 February 2025
  4. 1 2 3 4 5 6 7 Sibanda, Mehluli (26 February 2017). "National women cricketer Musonda speaks on juggling sport, her studies". The Sunday News (Bulawayo). Retrieved 13 February 2025
  5. 1 2 3 4 5 Moonda, Firdose (28 April 2022). "Mary-Anne Musonda keeps the Zimbabwe flag flying as cricket creeps towards recognition back home". ESPN Cricinfo. Retrieved 13 February 2025
  6. Carne, Warren (24 November 2006). "Zimbabwean women go into camp". ESPN.com. Retrieved 13 February 2025
  7. "ICC Women's World Cup Qualifying Series Africa Region - Cricket Schedules, Updates, Results". ESPNcricinfo. Retrieved 13 February 2025
  8. 1 2 Women's CricZone Staff (17 July 2020). "Before I throw in the towel, I would like to lead the team to a World Cup: Mary-Ann Musonda". Women's CricZone. Retrieved 13 February 2025
  9. Makanyanga, Don (30 December 2018). "The gift of leadership". The Sunday Mail (Zimbabwe). Retrieved 13 February 2025
  10. "Mary-Anne Musonda". linkedin.com. LinkedIn. Retrieved 13 February 2025