Mary Benson
Dorothy Mary Benson (o o tshotsweng ka Morule a le malatsi a robabobedi 1919, a tlhokafala ka Seetebosigo a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2000)[1][2] e ne e le molwelwa ditshwanelo wa Aforika Borwa ebile e le mokwadi.[3]
Botshelo jwa a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]A tshotswe ka ngwaga wa 1919 kwa Pretoria, [2]Benson o berekile mo mophatong wa sesole wa basadi wa Aforika Borwa ka nako ya ntwa ya bobedi ya mafatshe.[3] Morago ga ntwa, o ne a nna mokwaledi wa motsamaisi wa ditshwantsho tsa motshikinyego David Lean.[1][3]
Bolweladitshwanelo le go kwala
[fetola | Fetola Motswedi]Benson o ne a amana le mokwadi Alan Paton, a bala buka ya gagwe ya Cry, the Beloved Country (1948), boremelelo jwa yone e le tlhaolele ya lotso le mmala kwa Aforika Borwa.[3] Se se ne sa mo ama thata, a nna molwela ditshwanelo wa batho bantsho ba Aforika Borwa.[2][4]
O berekile le Michael Scott ( o ka ngwaga wa 1946 e neng e le motho mosweu wa ntlha go tshwarelwa go ganana le melao ya lotso le mmala kwa Aforika Borwa),[5] a nna mokwaledi wa gagwe ka ngwaga wa 1950.[6] Ene le Scott ba ne ba thusa go tlhama African Bureau.[3]
Ka ngwaga wa 1957, Benson o ne a thapiwa go nna mokwaledi wa letlole la tshireletso mo tshekong ya go thankgola puso.[6] Ka ngwaga wa 1961, Benson o ne a tsaya maemo a mangwe a bokwaledi, a fudugela kwa Natala go thusa Albert Luthuli fa a ne a neelwa seetsele sa Nobel Peace Prize.[7]
Mo tirong ya gagwe yotlhe, Benson o ne a simolola go itse African national Congress (ANC). O thusitse Nelson Mandela go tshaba kwa Aforika Borwa ka ngwaga wa 1962,[6] a buisa batho ba maemo ba le mmalwa ba ANC, ba akaretsa Walter Sisulu le James Calata.[8] O ne a kwala ditso tsa ntlha tsa ANC a ya ka maitemogelo a gagwe: The African Patriots (London: Faber & Faber, 1964)[8]
O ne a fa bosupi mo komiting ya United Nations Committee on Apartheid ka ngwaga wa 1963, e le mo Aforika Borwa wa ntlha go dira jalo.[4] O ne a le mo kgolegelong ya mo ntlong ebile a ileditswe ka ngwaga wa 1966.[6] O ne a tlogela lefatshe moragonyana a tshela ka go tshaba, a itshetlela kwa Lontone, kwa Enyelane.[2][7]
Buka ya gagwe ya botshelo jwa ga Nelson Mandela, ya Nelson Mandela:the Man and the Movement (1986), e ne e le ya bobedi go kwalwa ka Nelson Mandela.[9] E ne ya idiwa fa e sena go gatisiwa.[2]
Loso lwa gagwe le botshelo jwa moragonyana
[fetola | Fetola Motswedi]Benson e ne e le tsala le mokwadi Athol Fugard. O mo thusitse go kwala Notebooks go tswa ka 1960 go tsena 1977 (Faber & Faber, 1983) a kwala Athol Fugard and Barney Simon: Bare Stage, a Few Props, Great Theatre (Ravan Press 1997).[2][10][11]
O ne a tlhagelela mo thulaganyong ya seromamowa ya BBC Radio ya Desert Island Discs ka Tlhakole a le lesome le borataro ngwaga wa 1997.[4]
Dikgwedinyana pele ga loso lwa ga Benson, Nelson Mandela o ne a mo etela kwa ga gagwe kwa Lontone.[7][12]
Benson o tlhokafetse ka Seetebosigo a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2000.[2][3] Dipampiri tsa gagwe di akaretsa tse a berekileng mo go tsone le Semane Molotlegi le ba ba tsamaelanang le mokwalo wa botshelo jwa ga Tshekedi Khama, di bolokilwe kwa Bodleian Library of Commonwealth and African Studies kwa Oxford.[3] Dipampiri tse dingwe, di akaretsa tse di amanang le botshelo jwa ga Nelson Mandela le balwela ditshwanelo ba bangwe ba ba neng ab le kgatlhanong le tlhaolele ya lotso e mmala, di dira bontlha jwa tse di phuthilweng kwa Institute of Commonwealth Studies kwa Senate House Library.[13]
Dikgatiso
[fetola | Fetola Motswedi]- The Tragedy of Apartheid: Christian Action. 1985.[14]
- The Badge of Slavery (The pass laws of South Africa). Christian Action 1960.[15]
- Tshekedi Khama, Faber and Faber. 1960[16]
- Chief Albert Luthuli of South Africa. Oxford Univesrity Press. 1963
- A Far Cry: The Making of a South African. Viking, London.1989.
- At The Still point. Gambit, Boston, USA. 1969
- Nelson Mandela: The man and the movement. W.W. Norton & Co. 1986
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Sarah Lyall (22 June 2000). "Mary Benson 80 Who Wrote of South Africa's Struggle". The New York Times. Retrieved 02 October 2025.
- 1 2 3 4 5 6 7 "Mary Benson; Anti-Apartheid Activist, Nelson Mandela Biographer". Los Angeles Times. 23 June 2000. Retrieved 02 October 2025.
- 1 2 3 4 5 6 7 "Mary Benson Papers". University of Oxford. Retrieved 02 October 2025.
- 1 2 3 "Desert Island Discs - Castaway : Mary Benson". BBC Online. BBC. Retrieved 02 October 2025
- ↑ "Scott, Michael, South Africa, Anglican". Dacb.org. Archived from the original on 7 August 2014. Retrieved 02 October 2025.
- 1 2 3 4 Clover, David (16 December 2013). "No Easy Walk to Freedom: Nelson Mandela in the Archives". Senate House Library. Retrieved 02 October 2025.
- 1 2 3 Freda Troup; Ross Devenish (22 June 2000). "Mary Benson". The Guardian. Archived from the original on 24 April 2016. Retrieved 02 October 2025.
- 1 2 Saunders, Chris (January 2012). "The ANC's 100 years: Some recent work on its history in historiographical context". Historia. 57 (2): 428–447
- ↑ Smith, David James (2010). Young Mandela. Hachette. p. 380. ISBN 9780297858461. Retrieved 02 October 2025
- ↑ Athol Fugard Notebooks 1960–1977. 1983. OCLC 732883534.
- ↑ Benson, Mary (1997). Athol Fugard and Barney Simon: bare stage, a few props, great theatre. ISBN 9780869755068. OCLC 37769896.
- ↑ "Mary Benson". The Telegraph. 23 June 2000. Retrieved 02 October 2025.
- ↑ "Mary Benson Papers". Senate House Library. Retrieved 02 October 2025.
- ↑ The Tragedy of Apartheid. 1958. OCLC 886516463.
- ↑ Benson, Mary (1960). The Badge of Slavery (The pass laws of South Africa). OCLC 10508718.
- ↑ Benson, Mary (1960). Tshekedi Khama. OCLC 479530.