Jump to content

Mary Cadorette

Go tswa ko Wikipedia

Mary Cadorette (o tshotswe ka kgwedi ya Mopitlwe ele masome a mararo le bongwe (31) ka ngwaga wa 1957) [1]ke motshameki wa mo Amerika yo o itsegeng thata ka go tshameka moratiwa wa ga Jack Tripper, Vicky Bradford, mo go Three's a Crowd.

Cadorette o ne a aloga ka BFA mo Dramatic Arts le Theatre kwa University of Connecticut [2] ka ngwaga wa 1979.

Ditirelo tsa thelebishene, tsa thelebišene le tsa difilimi[3]

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1974, Cadorette o ne a tsaya karolo mo kgaisanong ya go bina mme a fenya Miss Dance of America Title.[3] [4]Ka ngwaga wa 1976, o ne a tsaya karolo mo kgaisanong ya Miss America jaaka "Miss Connecticut". [5] Ka ngwaga wa 1981, o ne a tshameka mo dipapatsong. [6]Ka ngwaga wa 1984, batlhagisi ba Three's Company ba ne ba swetsa kwa bokhutlong jwa setlha sa boferabobedi( 8) gore ba ne ba tlile go ntsha lenaneo le lesha le le neng le na le John Ritter yo o neng a ratana le mongwe. Basadi ba ba fetang 500 ba ne ba tsenela ditlhatlhobo tsa go tshameka karolo ya moratiwa yo o neng a tla bidiwa Vicky Bradford.[7] Ka nako ya ditlhatlhobo Ritter o ne a ikutlwa a golagane le Cadorette,[7]yo o neng a tshameka jaaka mofofisi wa sefofane Vicky Bradford, mme o ne a itsisiwe mo thulaganyong ya Three's Company ya "Cupid Works Overtime".[citation needed] Cadorette jaaka Vicky o ne a tlhagelela mo dikgaolong tse dingwe tse pedi tsa Three's Company pele a simolola jaaka motshameki-mmogo mo Three's a Crowd. Lenaneo le ne la tsaya lobaka lwa ngwaga o le mongwe.

Cadorette o ne a tshameka mo mafelong a mantsi a go jewang dijo tsa maitseboa mo go one le mokgatlho wa United States. Gape o ne a fetsa dingwaga di le tharo le sephatlo kwa Broadway jaaka motshameki wa maemo a bobedi wa karolo ya "Peggy Sawyer" mo mminong wa Broadway wa 42nd Street. Moragonyana o ne a nna le seabe seo. Ka ngwaga wa 1990, o ne a nna le seabe sa go boaboeletsa sa Margaret Turner mo Night Court.[1]

Cadorette o ne a tshameka mo difiliming di le dintsi, go akaretsa le ya Stewardess School le ya The Rat Pack. Ka dingwaga tsa bo 1980 o ne a bonwa gape mo mananeong a le mmalwa a metshameko, go akaretsa The $25,000 Pyramid, Super Password, le Body Language.

Moragonyana ga tiro/boela kwa Connecticut

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1999, Cadorette o ne a tswa kwa California mme a boela gae kwa Connecticut go ya go tlhokomela mmaagwe yo o neng a itewa ke seterouku. Mmaagwe o ne a tlhokafala dingwaga di le robedi moragonyana. O tsweletse go tshameka mo ditshamekong tsa selegae, jaaka go tshameka Mrs. Gibbs kwa Our Town kwa Connecticut Repertory Theatre ka ngwaga wa 2011.[8]

Porojeke ya Tantshe ya Chapeau Rouge

[fetola | Fetola Motswedi]

Cadorette le ditsala tsa gagwe tse pedi, tse a neng a sa bolo go di itse fa e sa le ba tsena sekolo sa go tantsha ba sa le bana, ba ne ba swetsa go simolola go tantsha gape le go abelana bokgoni jwa bone le maitemogelo a bone. Ba ne ba bopa "The Chapeau Rouge Dance Project", ba rotloetsa baithuti ba ba kileng ba bo ba sa tlhole ba ithuta go bina, ba ba tlogetseng tiro, (mme gantsi e le ba ba godileng) go tsenela ditlelase mo studio sa go bina se ba neng ba se hirile.[9]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Cadorette o kile a nyalwa ke Michael Eisen.[10] Moragonyana, o ne a nyala William Harris, mme a dirisa leina la Mary Cadorette-Harris. William Harris o tlhokafetse ka kgwedi ya lwetse ele lesome le botlhano(15), ka ngwaga wa 2010.[11] Ka kgwedi ya Ngwanatsele a thola bongwe (1) ka ngwaga wa 2015, o ne a nyala moratiwa wa gagwe wa bongwana Michael Daly. [12]

Ka ngwaga wa 2014, Cadorette o ne a bula lebenkele la dilwana tsa bogologolo kwa Marlborough, Connecticut, le le bidiwang Nug and Bug Antique Collectibles.[12]

  1. 1 2 "Today in History - Famous Birthdays - March 31st". Archived from the original on 2022-09-03. Retrieved September 3, 2022
  2. Rizzo, Frank (October 6, 2011). "David Patrick Kelly Stars in 'Our Town'". The Courant
  3. 1 2 https://www.dmanational.org/solo-title-winners
  4. https://books.google.com/books?id=Q-VLAAAAIBAJ&pg=PA22&dq=mary+cadorette+eisen&article_id=2253,1170141&hl=en&sa=X&ved=2ahUKEwi3qoaJ2YGRAxUfMWIAHVtED-kQ6AF6BAgOEAM#v=onepage&q=mary%20cadorette%20eisen&f=false
  5. "Miss America 1976 Candidates".
  6. Dougherty, Philip H. (23 October 1981). "Advertising; Alexander's Takes Aim at Image". The New York Times
  7. 1 2 [dead YouTube link
  8. "Our Town Opens at Connecticut Repertory Theatre 10/6-16".
  9. "Mary Cadorette-Harris". The Chapeau Rouge Dance Project. Archived from the original on July 9, 2009. Retrieved February 22, 2022
  10. "Mirthful Mystery Aboard the Monterey Express : Caper Helps Draw Attention to Cancer Support Group". Los Angeles Times. 24 July 1986.
  11. "William David HARRIS Obituary: View William HARRIS's Obituary by Hartford Courant". Legacy.com. Retrieved 2014-01-31.
  12. 1 2 "About Nug & Bug". Nug and Bug Antiques & Collectibles. Archived from the original on August 24, 2018. Retrieved February 22, 2022.