Mary Jepkosgei Keitany
Mary Jepkosgei Keitany (o tshotswe ka kgwedi ya Ferikgong e le lesome le boferabobedi (18) ka ngwaga wa 1982) ke motabogi wa nako e telele wa seporofešenale wa kwa Kenya. E ne e le motshodi wa rekoto ya lefatshe mo marathoneng wa basadi fela, ka a ne a fenya Marathone wa London wa ngwaga wa 2017 ka nako ya 2:17:01. Go tloga ka kgwedi ya Ngwanatseele ka ngwaga wa 2022, o ne a nna mo maemong a botlhano mo lenaaneng la lefatshe la nako tsotlhe mo marathoneng le wa bolesome le bongwe mo lenaaneng la lefatshe la nako tsotlhe la halofo ya marathone.
Rekoto ya gagwe ya nako e e fetileng ya halofo ya mmarathone ya 1:05:50 ( 2011 ) e ne ya nna rekoto ya lefatshe lotlhe ya basadi ka dingwaga di le tharo . Gape o nnile le dikgaisano tse di gaisang tsa lefatshe mo mabelong a dimaele di le 10 (metsotso e le 50:05), dikilometara di le 20 (1:02:36) le dikilometara di le 25 (1:19:53), tse tsotlhe di neng di rulagantswe mo mabelong a mo tseleng. Ka kgwedi ya Phatwengwaga wa 2018, o ne a tlotliwa ke mokgatlho wa Ditlhako4Aforika o o neng wa tlamela ka madi le go aga sekolo sa ga Mary Keitany sa Ditlhako4Aforika kwa Torokwonin, kwa Kgaolong ya Baringo, kwa Kenya.[1]Ene le monna wa gagwe Charles ba nna mo botong ya sekolo sa Shoe4Africa.[2]
Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele
[fetola | Fetola Motswedi]Keitany o tsholetswe kwa Kabarnet, kwa kgaolong ya Baringo, mme o ne a simolola go taboga fa a le kwa sekolong se se potlana. Ka ngwaga wa 2002, o ne a tsenela Sekolo sa Talente e e Fitlhegileng.
2006
Ka kgwedi ya Ferikgong, o ne a tsaya maemo a bo masome a mabedi le bongwe (21) mo lebelong la gagwe la ntlha la bagolo kwa lebelong la basadi la dikilometara di le tlhano la Shoe4Africa.[3]
2007
O fentse mmentlele wa selefera kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe tsa go Taboga mo Tseleng, a nna wa bobedi morago ga Lornah Kiplagat yo o neng a thuba rekoto ya lefatshe.[4]
2009
Morago ga ngwaga a sa tshameke ka ntlha ya boimana, o ne a boela kwa dikgaisanong kwa World 10K Bangalore ka kgwedi ya Motsheganong.[5]O ne a tlhoma maemo a magolo a a kwa godimo mme a fetsa ka motsotswana o le mongwe morago ga mofenyi Aselefech Mergia.[6]
Ka kgwedi ya Lwetse, o ne a fenya Lille Half Marathon ka nako ya go fetsa ya 1:07:00, e e neng e le ya bosupa ka lobelo lo logolo go gaisa tsotlhe.[7]
Tiragatso eno e ne ya dira gore a tshwanelegele go tsenela Dikgaisano tsa Lefatshe Lotlhe tsa Halofo ya Marathone kwa Birmingham, koo a neng a feta Aberu Kebede ka lobelo go fenya dikgaisano tsa gagwe tsa ntlha tsa lefatshe, a tlhoma rekoto e ntšha ya botho ya 1:06:36, mme a thuba rekoto ya bommampodi. O ne a gapa mmentlele wa bobedi wa gauta e le karolo ya setlhopha sa Kenya se se fentseng mo kgaisanong ya ditlhopha. Fa a akanya ka phenyo, o ne a re, "Ke nako ya me e e gaisang tsotlhe, ka jalo ke itumetse thata.... Ke nnile le lesea ngwaga o le 1 le dikgwedi di le tharo (3) fela tse di fetileng." Nako ya gagwe ya go kgaotsa dikilometara di le lesome le botlhano (15), e leng metsotso e le 46:51, e ne e le bofefo go feta rekoto ya lefatshe ya 46:55 e e neng e tshwerwe ke Kayoko Fukushi wa Japane; le fa go ntse jalo, nako ya ga Keitany ga e a tlhomamisiwa jaaka rekoto e ntšhwa ya lefatshe ka ntlha ya bogodimo jo bo kwa tlase jwa letshwao la dikilometara di lesome le botlhano (15) fa e bapisiwa le tshimologo ya lobelo. [8]Nako ya gagwe e ne e le ya bobedi e e bofefo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna teng mo halofong ya mmarathone (morago ga Lornah Kiplagat). Nako ya halofo ya marathone e ne e le rekoto e ntšhwa ya Aforika, ka rekoto ya pele ya diura di le 1:06:44 e e neng ya bewa ke Elana Meyer wa Aforika Borwa ka ngwaga wa 1999. Keitany gape o ne a fenya rekoto ya pele ya Kenya ya 1:06:48 e a neng a e beile kwa Udine dingwaga di le pedi pele ga foo.[9] Mokaedi wa Marathone wa Toropo ya New York, e bong Mary Wittenberg, o ne a akantsha gore a ka nna mofenyi wa lefatshe lotlhe mo sekgaleng se se feletseng sa marathone mo dingwageng tse di tlang.[5]
2010
O fentse Halofo ya Marathone wa Abu Dhabi.[10]
Gape o ne a fenya lobelo lwa dikilometara di le masome a mabedi le botlhano (25) kwa Berlin, a tlhoma rekoto e ntšha ya lefatshe ya diura di le 1:19:53. Rekoto e e fetileng e ne ya bewa ke Mizuki Noguchi wa Japane ka ngwaga wa 2005. Keitany o ne a fetsa mo e ka nnang metsotso e le metlhano pele ga Alice Timbilili yo o tsereng maemo a bobedi.[11]
Fa a ne a ipaakanyetsa Mmarathone wa Toropo ya New York, o ne a fenya Halofo ya Mmarathone wa Portugal kwa Lisbon ka kgwedi ya Lwetse, a etelela pele go tswa kwa pele go fenya bontsi jwa nako e e neng e sa gaisanelwe ka nako ya 1:08:46.[12]
Mo lobelong lwa gagwe lwa ntlha kwa New York City Marathone, o ne a le mo gare ga ba bararo ba ba eteletseng pele mo bontsing jwa lobelo mme a nyelela go nna wa boraro ka nako ya diura di le 2:29:01.[13]
2011
Keitany o simolotse ngwaga ka sebopego se se thubang direkoto fa a ne a fenya Halofo ya Mmarathone wa Ras Al Khaimah ka nako ya rekoto ya lefatshe ya diura di le 1:05:50. Seno e ne e le lekgetlo la ntlha mosadi a taboga sekgala seno mo diureng tse di ka fa tlase ga 1:06 mo tseleng e e sa thusiweng. Gape o ne a tlhoma direkoto tse dingwe mo tseleng, go akaretsa le rekoto ya lefatshe ya 1:02:36 mo dikilometareng di le masome a mabedi (20) le dinako tse di gaisang tsa lefatshe mo dikilometareng di le boferabobedi (8) le dimaele di le lesome (10).[14]
Morago ga moo o ne a fenya Marathone wa London ka nako ya 2:19:17, a tswa mo lebaleng ka letshwao la dimaele di le lesome le bonne (14) mme a nna mosadi wa bone yo o bofefo go gaisa botlhe mo sekgaleng sa marathone.[15]
Ka kgwedi ya Lwetse, o ne a fenya Halofo ya Mmarathone wa Portugal lekgetlo la bobedi mme a tokafatsa rekoto ya gagwe ya khoso ka nako ya phenyo ya diura di le 1:07:54.[16]
E ne e le mmamoratwa wa pele ga lobelo lwa New York City Marathon, koo a neng a aga ketapele e e bonalang ka ntlha ya halofo ya tsela (a taboga ka lobelo lo lo fetang metsotso e le mene go feta rekoto ya lobelo). O ne a fokotsa lobelo thata, le fa go ntse jalo, mo karolong ya bobedi ya lobelo mme a fetwa ke Firehiwot Dado le Buzunesh Deba, a mo tlogela mo maemong a boraro ka nako ya go fetsa ya diura di le 2:23:38.[17]
2012
O ne a ikaeletse go tokafatsa rekoto ya gagwe ya lefatshe kwa Ras Al Khaimah Half Marathon, mme maemo a phefo a ne a dira gore a fetse ka nako ya diura di le 1:06:49.[18]
Kwa Marathone wa London, o ne a thuba rekoto ya Aforika ya ga Catherine Ndereba ka nako ya phenyo ya diura di le 2:18:37 mme a nna mosadi wa boraro yo o kileng a nna ka lobelo lo lo kwa godimo mo sekgaleng seno.[19]
Kwa Diolimpiking tsa Selemo kwa Lontone, o ne a taboga ka lobelo lo lo kwa godimo mo gare ga setlhopha se se eteletseng pele go fitlha kwa letshwaong la dikilometara di le 41, kwa a neng a wela kwa morago go fetsa mo maemong a bone.[20]
2013
O ne a itsise gore o imile kwa tshimologong ya ngwaga wa 2013 mme a tlola dikgaisano tsa ngwaga oo.[21]
2014
Ka kgwedi ya Ngwanatseele a thola bobedi (2), Keitany o ne a lwa le Jemima Sumgong yo o neng a feleletsa a le mo maemong a bobedi go fenya Mmarathone wa Toropo ya New York ka nako ya 2:25:07.[22]
2015
Kwa Marathone wa London, Keitany e ne e le mongwe wa "Bane ba ba Gakgamatsang" ba Ba-Kenya (ba ba neng ba na le Keitany, Edna Kiplagat, Florence Kiplagat, le Priscah Jeptoo) ba ba neng ba solofetswe go fenya lobelo mme gongwe ba gwetlha rekoto ya khoso ya ga Paula Radcliffe (le rekoto ya lefatshe ya basadi). Mo karolong ya bofelo ya lobelo, Keitany o ne a lwantshana le Moethiopia Tirfi Tsegaye, mme Keitany o ne a nna wa bobedi ka diura di le 2:23:40, metsotswana e le lesome le boferabobedi (18) morago ga mofenyi Tigist Tufa go tswa kwa Ethiopia.[23] Keitany o ne a tshwaela morago ga lobelo gore o ne a amiwa ke phefo le maemo a bosa a a tsididi.[24]
2016
Keitany o ne a fenya Mmarathone wa Toropo ya New York ka diura di le 2:24:26. Sally Kipyego o ne a fetsa mo maemong a bobedi (2:28:01), mme Molly Huddle a nna mo maemong a boraro (2:28:13). Keitany o fentse Lebelo la Tsela la Bix 7 ka ngwaga wa 2016 kwa Davenport, Iowa ka nako ya 35:18 mme a tlhoma rekoto ya khoso ya basadi.
2017
Ka Moranang, Keitany o ne a fenya Marathone wa London, a tlhoma rekoto e ntšhwa ya lefatshe (ya basadi fela) ka diura di le 2:17:01.[25] O ne a tokafatsa rekoto ya ga Radcliffe ka metsotswana e le masome a mane le bongwe (41), e a neng a e tlhoma kwa Marathone wa London ka 2005. Tirunesh Dibaba o ne a fetsa mo maemong a bobedi, a le kwa morago ka metsotswana e le 55.[26](Radcliffe o tabogile ka bonako mo tiragalong ya bong jo bo tlhakaneng, mme seo ke rekoto e e farologaneng.) Nako ya gagwe ya ntlha ya halofo ya marathone e ne e le diura di le 1:06:54.[27]
Pelenyana ka kgwedi ya Tlhakole one ngwaga oo, Keitany o ne a wetsa Halofo ya Mmarathone wa Ras Al Khaimah wa bobedi (1:05.13) morago ga Peres Jepchirchir, yo nako ya gagwe ya go fetsa ka 1:05:06 e neng ya tlhoma rekoto e ntšha ya lefatshe. Ba ba tsereng maemo a boraro, a bone le a botlhano (Joyciline Jepkosgei, Jemima Sumgong le Tirunesh Dibaba) le bone ba ne ba tlhoma dipalo tse disha tsa botho.[28]
O fentse TD Beach go ya Beacon 10k ka kgwedi ya Phatwe e thola botlhano (5) ka ngwag wa 2017 ka nako ya rekoto ya khoso ya metsotso e le 30:41. O tokafaditse sete ya cr mo lebelong la ngwaga o o fetileng.[29]
Keitany ga a ka a gaisana kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe kwa Lontone.[30]
Ka kgwedi ya Lwetse e le lesome (10) ka ngwaga wa 2017, Keitany o ne a fenya Tabelo e Kgolo ya Bokone ya ngwaga wa 2017 ka 1:05:59, metsotswana e le masome a mabedi (20) go tswa mo rekotong ya gagwe ya ngwaga wa 2014.[31]
Ka kgwedi ya Ngwanatsele e thola botlhano (5), ka ngwaga wa 2017, o ne a nna wa bobedi kwa Mmarathoneng wa Toropo ya New York ka nako ya 2:27:54.
2018
Ka di 4 Ngwanaitseele 2018, Keitany o ne a fenya Mmarathone wa Toropo ya New York ka nako ya 2:22:48,[32]nako e e neng e le metsotswana e le 17 fela go tswa mo rekotong ya tsela. Mo karolong ya ntlha o ne a tlhoka 75:30 mme ya bobedi 66:58, mo lobelong lwa basadi fela. Dinako tsa gagwe tsa go kgaotsa dikilometara di le lesome (10) e ne e le 37:07, 35:02, 31:33, 31:47 le 7:19 mo dikilometareng di le 2.195 tsa bofelo. Nako ya ga Keitany fa gare ga dikilometara di le 25 le dikilometara di le 35 e ne e le 30:53. Vivian Cheruiyot e ne e le wa bobedi ka nako ya 2:26:02, mme mofenyi wa ngwaga o o fetileng Shalane Flanagan o ne a le mo maemong a boraro ka nako ya 2:26:22.[33]
2019
Keitany o ne a nna wa bobedi kwa Mmarathoneng wa Toropo ya New York morago ga motshodi wa rekoto ya lefatshe ya halofo ya mmarathone le motshamiki wa ntlha Joyciline Jepkosgei ka nako ya 2:23:32.[34]
Go rola tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Mary Keitany o itsisitse go rola tiro ga gagwe ka kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le bobedi (22) ka ngwaga wa 2021 a le dingwaga di le 39.[35] Go rola tiro ga gagwe go bakilwe ke kgobalo ya letheka e a neng a e bona ka nako ya marathone wa London wa 2019, e e neng ya dira gore a se ka a kgona go ikatisa le go dira sentle.[36]
Botshelo jwa motho ka namana
[fetola | Fetola Motswedi]O nyetse motabogi yo mongwe e bong Charles Koech mme a tshola ngwana wa gagwe wa ntlha, Jared, ka kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa 2008,[37]le ngwana wa gagwe wa bobedi, Samantha, ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 2013. O ne a emisa go ikatisa le ditiro tse dingwe tsa metshameko ka kgwedi ya boraro ya boimana, mme a simolola gape fa masea a le dingwaga di le thataro [38]. O katisiwa kwa Iten mme o laolwa ke Gianni Demadonna.[39]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Tanser, Toby (12 August 2018). "Real Life Heroine". Daily Nation. Retrieved 12 August 2018
- ↑ Gearhart, Sarah (2 November 2019). "How Mary Keitany Went From Maid to Marathon Champion". New York Times. Retrieved 2 November 2019
- ↑ Edwards, Myles (13 October 2011). "A Brief Chat With Mary Keitany". Runners World. Retrieved 23 April 2016.
- ↑ "Marathoner Keitany savours state award". Daily Nation. Retrieved 25 May 2020
- 1 2 Powell, David (11 October 2009). "Marathon beckons for Keitany – World Half Marathon, Birmingham". International Association of Athletics Federations. Archived from the original on 14 October 2009. Retrieved 11 October 2009.
- ↑ Krishnan, Ram. Murali (31 May 2009). "Merga and Mergia take thrilling 10km victories in Bangalore". International Association of Athletics Federations. Archived from the original on 23 July 2009. Retrieved 11 October 2009.
- ↑ Turner, Chris (7 September 2009). "Keitany powers to 67mins clocking in Lille Half Marathon". International Association of Athletics Federations. Archived from the original on 14 October 2009. Retrieved 11 October 2009
- ↑ Turner, Chris (11 October 2009). "Frustration turns to delight for Keitany – WOMEN's RACE REPORT – World Half Marathon, Birmingham". International Association of Athletics Federations. Retrieved 23 April 2016
- ↑ IAAF: Top List (as of 11 October 2009)
- ↑ International Association of Athletics Federations, 8 January 2010: Fast wins for Keitany and Regassa in Abu Dhabi Half
- ↑ Wenig, Jorg (9 May 2010). "Kosgei, Keitany shatter 25Km World records in Berlin – Updated". International Association of Athletics Federations. Retrieved 23 April 2016.
- ↑ Fernandes, António Manuel (26 September 2010). "Tola and Keitany romp to Half Marathon victories in Lisbon". International Association of Athletics Federations. Retrieved 23 April 2016
- ↑ Dunaway, James (7 November 2010). "Gebremariam and Kiplagat cruise to New York victories". International Association of Athletics Federations. Retrieved 23 April 2016.
- ↑ Hutchings, Tim (18 February 2011). "Keitany smashes Half Marathon World record in Ras Al Khaimah – UPDATED". International Association of Athletics Federations. Retrieved 23 April 2016
- ↑ Brown, Matthew (17 April 2011). "Mutai and Keitany dominate and dazzle in London". International Association of Athletics Federations. Retrieved 23 April 2016.
- ↑ Fernandes, Antonio Manuel (25 September 2011). "Keitany smashes race record in Lisbon". International Association of Athletics Federations. Retrieved 23 April 2016
- ↑ Morse, Parker (6 November 2011). "G. Mutai smashes course record, Dado the surprise women's winner in New York". International Association of Athletics Federations. Retrieved 23 April 2016.
- ↑ Hutchings, Tim (17 February 2012). "Keitany wins but records blown off course in windy RAK Half Marathon". International Association of Athletics Federations. Retrieved 23 April 2016
- ↑ Brown, Matthew (22 April 2012). "Kipsang and Keitany claim London titles for Kenya". International Association of Athletics Federations. Retrieved 22 February 2014
- ↑ Turner, Chris (5 August 2012). "London 2012 – Event Report – Women's Marathon". International Association of Athletics Federations. Retrieved 22 February 2014
- ↑ "Athletics-Kenyan runner Mary Keitany expecting second child". Reuters. Retrieved 22 February 2014
- ↑ "TCS NYC Marathon Overall Women Results". TCS NYC Marathon. 19 November 2013. Retrieved 2 November 2014
- ↑ Virgin Money London Marathon Leaderboard. Retrieved on 26 April 2015
- ↑ Robinson, Roger (26 April 2015). "Tigist Tufa is Surprise Women's Winner of London Marathon". Runner's World Newswire. Retrieved 26 April 2015
- ↑ "London Marathon: Another Win for Kenya and Mary Keitany". The Kenya Forum. 23 April 2017. Retrieved 23 September 2021
- ↑ London Marathon 2017: Mary Keitany & Daniel Wanjiru win, BBC, 23 April 2017
- ↑ "Keitany breaks women's-only world record at London Marathon| News | iaaf.org". www.iaaf.org. Retrieved 26 April 2019
- ↑ Hutchings, Tim; Mulkeen, Jon (10 February 2017). "JEPCHIRCHIR BREAKS WORLD HALF MARATHON RECORD IN RAS AL-KHAIMAH". International Association of Athletics Federations. Retrieved 11 July 2017.
- ↑ "Mary Keitany kills it again in Beach to Beacon women's race". Press Herald. 5 August 2017. Retrieved 3 May 2018.
- ↑ "KIPLAGAT LEADS KENYA'S MARATHON SELECTIONS FOR IAAF WORLD CHAMPIONSHIPS LONDON 2017". International Association of Athletics Federations. 25 May 2017. Retrieved 11 July 2017
- ↑ "2017 Great North Run Results - LetsRun.com". LetsRun.com. 11 September 2017. Retrieved 2 May 2018.
- ↑ "Race Results"
- ↑ "News". www.leichtathletik.de | Das Leichtathletik-Portal (in German). 26 April 2019. Retrieved 26 April 2019.
- ↑ "TCS New York City Marathon: Joyciline Jepkosgei wins, beating reigning champ Mary Keitany". 4 November 2019.
- ↑ "Marathon World Champion Mary Keitany Retires at 39". The Kenya Forum. 23 September 2021. Retrieved 23 September 2021
- ↑ "Marathon record holder Mary Keitany retires after injury". AP NEWS. 22 September 2021. Retrieved 23 September 2021
- ↑ "Marathon beckons for Keitany – World Half Marathon, Birmingham". IAAF. 11 October 2009. Archived from the original on 13 October 2009.
- ↑ TCS New York City Marathon Stories Album: Motivated By Motherhood Archived 1 April 2016 at the Wayback Machine, By Barbara Huebner
- ↑ Library, World. "Mary Keitany | World Library - eBooks | Read eBooks online". netlibrary.ws. Retrieved 27 April 2017