Mary Karooro Okurut
Mary Busingye Karooro Okurut (o tshotswe ka kgwedi ya Phukwi ale lesome le bobedi (12) ka ngwga wa 1954 abo a thokafala ka kgwedi ya Phatwe ale lesome le bongwe (11) ka ngwaga wa 2025), yo o itsegeng thata ka Mary Karooro Okurut, e ne e le morutabana, mokwadi le mmadipolotiki wa kwa Uganda. E ne e le Tona ya Kabinete e e neng e rwele maikarabelo a ditiro tsa kakaretso mo Ofising ya Tonakgolo, mo Kabineteng ya Uganda. O ne a tlhophiwa mo maemong ao ka kgwedi ya 6 Seetebosigo ale borataro (6) ka ngwaga wa 2016.[1] Pele ga moo, go tloga ka kgwedi ya Mopitlwe a thola bongwe (1) ka ngwaga wa 2015 go fitlha ka kgwedi ya Seetebosigo ale orataro (6) ka ngwaga wa 2016, o ne a dira jaaka Tona ya Kabinete ya Tshireletsego ya Bosetšhaba. O ne a tlhophiwa mo maemong ao ka kgwedi ya Mopitlwe a thola bongwe (1) ka ngwaga wa 2015, a emisetsa Wilson Muruli Mukasa, yo o neng a tlhophiwa go nna Tona ya tsa Bong le tsa Loago.[2] Magareng ga ngwaga wa 2012 le ngwaga wa 2015, o ne a direla jaaka Tona ya Bong le Merero ya Loago mo Kabineteng ya Uganda. O ne a tlhophiwa mo maemong ao ka ngwaga wa 2012. O ne a tsaya maemo a ga Syda Bumba, yo o neng a tlogela Kabinete. Karooro o ne gape a direla jaaka Leloko la Palamente le le tlhophilweng la Setlhopha sa Basadi sa Kgaolo ya Bushenyi. [3]Ka ngwaga wa 2020 National resistance movement NRM party flag bearer elections, Karooro o ne a fenngwa ke Annet Katusiime Mugisha yo o neng a tlhophilwe jaaka leloko la palamente la kgaolo ya Bushenyi mo ditlhophong tsa ngwaga wa 2021 tsa Tautona le palamente ya Uganda.[4]
Tshimologo le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]O tsholetswe kwa Bushenyi District ka kgwedi ya Sedimonthole ale boferabobedi (8) ka ngwaga wa 1954. O tsene sekolo kwa Bweranyangi Primary School le kwa Bweranyangi Girls' Senior Secondary School kwa sekolong sa gagwe sa poraemari le sa bogareng, ka tatelano eo. Ka ngwaga wa 1972, fa a le dingwaga di le lesome le boferabobedi (18), o ne a tsena Trinity College Nabbingo go tsweletsa dithuto tsa gagwe tsa sekolo se segolwane. Ka ngwaga wa 1974, o ne a tsena kwa Yunibesithing ya Makerere, a aloga ka ngwaga wa 1977 ka dikirii ya Bachelor of Arts in Literature (BA.Lit). Dingwaga di le tharo morago ga moo, ka ngwaga wa 1981, o ne a aloga ka dikirii ya Master of Arts in Literature (MA.Lit), gape go tswa kwa Yunibesithing ya Makerere. Ka ngwaga wa 1982, o ne a oketsa ka Dipoloma ya Thuto (Dip.Ed), go tswa yunibesithing e e tshwanang.[5]
Hisitori ya tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Mary Karooro Okurut o simolotse go ruta kwa Makerere, kwa Lefapheng la Dikwalo ka 1981, ka bonako fela fa a sena go wetsa dithuto tsa gagwe tsa master. O ne a tswelela e le Morutisi go fitlha ka ngwaga wa 1993. O ne a thapiwa jaaka mokwaledi wa motlatsa moporesidente wa Uganda go tloga ka ngwaga wa 1994 go fitlha ka ngwaga wa1996. Magareng ga ngwaga wa 1996 le ngwaga wa 1999 o ne a dira jaaka Mokomišenara, Education Service Commission mo Uganda Ministry of Education. Go tloga ka ngwaga wa 1999 go fitlha ka ngwaga wa 2004, o ne a direla jaaka mokwaledi wa moporesidente wa Uganda. Ka ngwaga wa 2004 o ne a tsena mo dipolotiking tsa kwa Uganda. [6] O ne a direla jaaka mosadi wa leloko la palamente a emela kgaolo ya Bushenyi mo palamenteng ya bo lesome (10) ya Uganda.[7]
Tiro ya go kwala
[fetola | Fetola Motswedi]Pele ga tiro ya gagwe ya sepolotiki, Okurut o ne a itsege thata ka go tsenya letsogo mo dibukeng tsa Se-Uganda ka bobedi jaaka mokwadi le jaaka mothei wa Mokgatlho wa Bakwadi ba Basadi ba Uganda (FEMRITE)[8],mokgatlho o o sa leng o amogela tlhokomelo ya boditšhabatšhaba mme go fitlha ga jaana o tlhagisitse mofenyi a le mongwe wa Sekgele sa Caine, Arach Monica de Nyeko, yo kgang ya gagwe "Jambula Tree" e neng ya fenya ka ngwaga wa 2007. [9]
Karooro Okurut's literary publications include the novels The Invisible Weevil (1998) (ISBN 9789970901029) and The Official Wife (ISBN 9789970024018). O ne gape a rulaganya A Woman's Voice (1998) (ISBN 9789970901036), e leng kgobokanyo ya dikanegelokopana tsa bakwadi ba basadi ba kwa Uganda. [10]O kwadile The Curse of The Sacred Cow.[11]
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2004, Mary Karooro Okurut o ne a tsenela dikgaisano mo Bushenyi District Women's Constituency ka thekete ya lekoko la sepolotiki la National Resistance Movement. O ne a fenya mme a emela kgaolo eo mo Palamenteng ya Uganda go fitlha ka 2021 fa a ne a fenya ditlhopho tsa kakaretso. O ne a direla jaaka Tona ya Tshedimosetso le Kaelo ya Bosetšhaba go tloga ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa 2011 go fitlha ka kgwedi ya Motsheganong ka ngwaga wa 2013, fa a ne a abelwa tiro ya gagwe ya ga jaana. [12] Ka phetolo ya kabinete ka kgwedi ya Mopitlwe e thola bongwe (1) ka ngwaga wa 2015, o ne a tlhophiwa go nna Tona ya Tshireletsego. [2]Go tloga ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 2020, Karooro Okurut e ne e le tona ya ditiro tsa kakaretso mo ofising ya tonakgolo.[13]
Botshelo le loso
[fetola | Fetola Motswedi]Karooro Okurut o ne a nyetswe ke Stanislaus Okurut go fitlhela a tlhokafala ka kgwedi ya Moranang a thola botlhano(5) ka ngwaga wa 2014; [14]mmogo ba ne ba na le bana ba le borobabobedi(8) , basimane ba le batlhano (5) le basetsana ba le bararo (3). E ne e le wa tumelo ya Boporotesetanta.[15][16]
Karooro Okurut o tlhokafetse ka kgwedi ya Phatwe ele lesome le bongwe (11) ka ngwaga wa 2025, a le dingwaga di le masome a supa le bongwe (71).[17][18]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Uganda State House (6 June 2016). "Museveni's new cabinet list At 6 June 2016" (PDF). Daily Monitor. Kampala. Retrieved 6 June 2016
- 1 2 Uganda State House (1 March 2015). "Full Cabinet List As At 1 March 2015" (PDF). Daily Monitor. Kampala. Retrieved 1 March 2015
- ↑ "Parliament of Uganda". Parliament of Uganda. Retrieved 2 April 2021
- ↑ NELSON MANDELA (4 September 2020). "CONFIRMED! Minister Karooro concedes defeat after being uprooted by Annet Mugisha". PML Daily. Retrieved 2 April 2021
- ↑ "Mary Karooro Okurut: Woman Representative Bushenyi District". Parliament of Uganda. Archived from the original on 23 February 2014. Retrieved 10 April 2014.
- ↑ "Mary Karooro Okurut: Work History 1981 to 2004". Parliament of Uganda. Archived from the original on 13 April 2014. Retrieved 10 April 2014
- ↑ "Hon. Mary Karooro Okurut – Kampala Geopolitics Conference". Retrieved 25 May 2024
- ↑ "History of FEMRITE". Uganda Women Writers' Association. Retrieved 10 August 2014
- ↑ "FEMRITE Achievements and Milestones". Uganda Women Writers' Association. Retrieved 10 April 2014
- ↑ "Books Authored or Edited by Mary Karooro Okurut". African Books Collective. Retrieved 10 April 2014
- ↑ "Fountain Publishers: Book - The Curse of The Sacred Cow". www.fountainpublishers.co.ug. Retrieved 27 July 2025
- ↑ "Mary B. Karooro Okurut". Public Relations Association of Uganda (PRAU). Archived from the original on 24 February 2014. Retrieved 10 April 2014
- ↑ "Office of the prime minister General duties". Office of the prime minister. Retrieved 4 April 2020
- ↑ "Minister Karooro Okurut's husband mourned". New Vision. Retrieved 10 March 2022.
- ↑ Musisi, Frederic (5 April 2014). "Former Transport minister, Stanislaus Okurut Is Dead". Daily Monitor. Retrieved 10 April 2014
- ↑ Karugaba, Mary (9 April 2014). "MPs Pay Tribute to Stanislaus Okurut". New Vision. Retrieved 10 April 2014.
- ↑ "Former Minister Mary Karoro Okurut Dies at 71". PML Daily. 11 August 2025. Retrieved 12 August 2025.
- ↑ "Former minister Karooro Okurut is dead". Monitor. 11 August 2025. Retrieved 11 August 2025