Jump to content

Mary Kenny

Go tswa ko Wikipedia

Mary Kenny (o tshotswe ka kgwedi ya Moranang e thola bone (4) ka ngwaga wa 1944) ke mmegadikgang wa kwa Ireland, mogasi le mokwadi wa diterama. E ne e le mongwe wa batlhami ba mokgatlho wa Irish Women's Liberation Movement, mme e ne e le mongwe wa batlhami ba ntlha le ba ba botlhokwa mo nageng, gantsi o ne a nna le seabe ka go kwala dikholomo mo go Irish Independent mme o ne a tlhalosiwa jaaka "mosadi yo mogolo wa bobegadikgang jwa kwa Ireland". O nna kwa Engelane.[1]

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Mary Kenny o tsholetswe kwa Dublin, kwa Ireland. Rraagwe o belegwe ka ngwaga wa 1877.[2]O goletse kwa Sandymount,[3] mme o ne a kobiwa kwa sekolong sa baitlami a le dingwaga di le lesome le borataro (16).[4]O ne a na le kgaitsadie, Ursula. [5]

O simolotse go dira kwa London Evening Standard ka ngwaga wa 1966[6]mo kholomong ya lone ya "Londoner's Diary", moragonyana jaaka mokwadi wa kakaretso, mme e ne e le morulaganyi wa basadi wa The Irish Press mo masimologong a dingwaga tsa bo 1970.[7]

Mokgatlho wa Kgololesego wa Basadi wa kwa Ireland

[fetola | Fetola Motswedi]

Kenny e ne e le mongwe wa maloko a a simolotseng mokgatlho wa Irish Women's Liberation Movement. Le fa setlhopha se ne se sena thulaganyo ya semmuso ya badiredi, gantsi o ne a bonwa e le "moeteledipele wa segongwana" sa setlhopha. [6]Ka kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa 1971, jaaka karolo ya tiro ya IWLM, o ne a tswa mo kerekeng ya Haddington Road morago ga gore Mobišopo wa Dublin a balele moruti go tswa kwa sefaleng, a tlhomamisa gore "tiro nngwe le nngwe ya thibelo-pelegi e phoso ka metlha",[6]a re "seno ke puso ya bokgokgontshi ya Kereke". Mo lekwalong le a le kwaletseng The Irish Times, o ne a tlhalosa ditiro tsa gagwe ka go re Ian Paisley o ne a nepile: "Tsamaiso ya ka fa gae ke Puso ya Roma". [8]

Ka ngwaga wa 1971, Kenny o ne a tsamaya le Nell McCafferty, June Levine le ba bangwe ba basadi ba Ma-Ireland mo go se se bidiwang "Contraceptive Train" go tswa kwa Dublin go ya kwa Belfast go ya go reka dikhontomo, tse ka nako eo di neng di sa letlelelwa mo Repaboliking ya Ireland.[9]Moragonyana mo ngwageng oo o ne a boela kwa Lontone jaaka Features Editor wa Evening Standard.[6]

"Ditherisano tsa kwa Uganda"

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1973, Kenny o ne a begwa a "tshwenngwa mo diatleng tsa tona ya maloba ya Kabinete ya ga Moporesitente Obote wa Uganda ka nako ya moletlo", ka mafoko a gagwe 'o ne a phamola moatlhodi yo o botlhale wa Moaforika' (yo o neng a na le leoto le le lengwe, sengwe se a neng a sa se lemoge ka nako eo; moragonyana o ne a bolawa ke Idi Amin), se se neng sa dira gore mmoki James Fenton a tlhame lefoko le le reng "dipuisano tsa kwa Uganda" go kaya tlhakanelo dikobo.[10]Polelwana eno e ne ya dirisiwa la ntlha ke makasine wa Private Eye ka kgwedi ya Mopitlo e le boferabongwe (9) ka ngwaga wa 1973,[11] mme e ntse e dirisiwa thata fa e sale ka nako eo mme e ne ya tsenngwa ke BBC mo lenaaneng la "The 10 most scandalous euphemisms" ka ngwaga wa 2013.[10]

Kenny o kwaletse makwalodikgang a le mantsi kwa Ireland le kwa Boritane, go akaretsa le Irish Press, Irish Independent, The Times, The Guardian, The Irish Catholic, The Daily Telegraph le The Spectator. O kwadile dibuka ka ga bosadi, Bokatoliki kwa Ireland le ka ga botshelo jwa ga William Joyce.

Roy Foster o ne a tlhalosa Crown and Shamrock: Love and Hate between Ireland and the British Monarchy (2009) jaaka "e e nang le moya, e na le maikutlo e bile e na le temogo".[12]O ne a kwala motshameko wa Allegiance, o mo go one Mel Smith a neng a tshameka Winston Churchill mme Michael Fassbender a tshameka Michael Collins mo tiragalong ya ngwaga wa 2006 Edinburgh Festival Fringe.

Ireland le Commonwealth of Nations

[fetola | Fetola Motswedi]

Kenny, mmogo le Éamon Ó Cuív le Frank Feighan, ke mmueledi wa Rephaboliki ya Ireland e e boelang mo go nneng leloko la Commonwealth of Nations.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Kenny o nyetse mokwadi wa dikgang le mokwadi Richard West ka ngwaga wa 1974 mme ba godisa bana ba le babedi: Patrick le Ed West, ka bobedi ke bakwadi ba dikgang. Richard o ne a tlhokafala ka ngwaga wa 2015.

  1. "Welcome back silly season... You've been sorely missed". 18 July 2020. Retrieved 18 July 2020.pressreader.com/ireland/irish-independent-weekend-review/20200718/281895890550789
  2. Kenny, Mary (16 November 2022). "An Irish passport is highly prized – but it shouldn't be just a flag of convenience". Irish Independent. Retrieved 16 November 2022
  3. Kenny, Mary (24 April 2004). "Religion in schools – it was always a question of class". Irish Independent. Archived from the original on 12 December 2019. Retrieved 11 May 2012
  4. Kenny, Mary (4 December 2004). "Why the nuns sacked me". The Spectator. Archived from the original on 24 June 2016. Retrieved 12 May 2012.
  5. Boland, Rosita (5 November 2011). "New lady of the Áras". The Irish Times. Archived from the original on 5 November 2011. Retrieved 5 November 2011.
  6. 1 2 3 4 Bourke, Angela (2002). The Field Day Anthology of Irish Writing: Irish women's writing and traditions. NYU Press. pp. 192–. ISBN 9780814799079. Archived from the original on 5 August 2020. Retrieved 15 January 2013.
  7. Kenny, Mary (1 August 2012). "Maeve Binchy shunned the dark side". Irish Independent. Archived from the original on 3 August 2012. Retrieved 1 August 2012
  8. Irish Times, 30 March 1971, p. 13
  9. The Irish Times, 18 October 2008, p. 14
  10. 1 2 Kelly, Jon (15 May 2013). "The 10 most scandalous euphemisms". BBC Online. Archived from the original on 29 April 2018. Retrieved 15 May 2013.
  11. McQueen, Adam. Private Eye: The First Fifty Years, London: Private Eye Productions, 2011, p. 286
  12. Roy Foster "Strong family feelings" Archived 25 January 2010 at the Wayback Machine, The Spectator, 6 January 2010.