Jump to content

Mary Malahlela

Go tswa ko Wikipedia
Mary Susan Makobatjatji Malahlela-Xakana
Ka Ga Ena
O tsetsweMotsheganong a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1916
Pietersburg
O TlhokafetseMotsheganong a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 1981
Itsege kaNgaka wa ntlha wa mme o montsho kwa Aforika Borwa
Awardsorder of the Baobab

Mary Malahlela-Xakana(o o tshostweng ka Motsheganong a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1916 a tlhokafala ka Motsheganong a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 1981)[1] e ne e le mosadi wa ntlha o montsho go ikwadisa e le ngaka kwa Aforika Borwa ka 1947. E ne e le lebutswapele la leloko la lekgotla la makgarejwana a BaKeresete (Young Women's Christian Association).[2][3]

Botshelo jwa a le mmotlana le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Mary Susan Makobatjati Malahlela o tsholetswe kwa Pietersburg.[4] Rraagwe e ne e le Thadius Chweu Malahlela, MoKereste. Rraagwe o ne a kgweeditse go tswa kwa lolwapeng lwa gagwe go bo a ganne go bolaya bana ba gagwe ba mawelana, ka mawelana a ne a bonwa e le phutso.[5] Fa a santse a le mosetsana e ne e le moithuti kwa Methodist primary School kwa Juliwe, gaufi le Johannesburg. O tsene sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of Fort Hare a dira dithuto tsa pele ga a aloga, ka 1941 a amogela thuso ya madi a sekolo go tswa kwa lekgotleng la Native Trust Fund, go ithuta kalafi kwa University of Witwatersrand. Fa a aloga ka 1947, e ne e le motho montsho wa ntlha wa mme go aloga kwa Wits.[6] Ka 2015, University of Witwatersrand e ne ya dira sefikantswe mo lobaleng lwa sone e le segopotso sa da Dr. Malahlela gape e le tsela ya go baakanya nyenyafatso ya mo ditsong ya baithuti ba ba mmala o montsho.[7]

Tsa Pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1947, Malahlela o ne a aloga kwa sekolong sa kalafi a ikwadisa go nna ngaka, e le mosadi wa ntlha wa mmala o montsho kwa Aforika Borwa go dira jalo. [8]O ne a bula sepatela se se ikemetseng kwa Kliptown, le sa bobedi kwa Mofolo kwa Borwa. Morago ga molao wa mafelo a ditlhopha, o ne a bereka kwa kokelwaneng kwa Dobsonville.[9][10]

Malahlele e ne e le mongwe wa maloko a ntlha a lekgotla la makgarejwana a BaKeresete (YWCA), a le matlhagatlhaga mo matsholong a a kgatlhanong le puso ya tlhaolele. E ne e le leloko la letsholo la kagiso la bomme, e le leloko la khansele ya sekolo se segolwane sa Fort Hare Univesrity, gape e le modulasetilo wa Roodepoort School Board.[5]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Mary Malahlela o ne a nyetswe a na le bana ba basetsana ba le babedi. O tlhokafetse ka 1981, a le dingwaga di le masome a marataro le botlhano, morago ga go lwala pelo, fa a ithaopile kwa Nthato Motlana kwa kokelwaneng ya Witkoppen, kwa Sandton, Johannesburg.[11]

Sekolo se sebotlana kwa Dobsonville se reeletswe ka Malahlela-Xakana.[12] Ka 2015, Malahlela-Xakana o ne a neelwa tlotla a ntse a tlhokafetse, ya Order of the Baobab ka tiro ya gagwe mo kalafing.[10][13]

  1. Birth and death dates from "Dr Mary Susan Makobatjatji Malahlela (Posthumous)" Archived 27 January 2016 at the Wayback Machine, Order of the Baobab, Office of the Presidency, Government of South Africa; some sources give 1917 and 1982 instead.
  2. "Mary Susan Malahele-Xakana | South African History Online". Sahistory.org.za. Retrieved 26 November 2025
  3. "The heroes of the South African women's struggle-Top Women". Businesswomen.co.za. Archived from the original on 3 August 2012. Retrieved 26 November 2025
  4. Gail Nattrass, "Mary Susan Malahlela-Xakana" South African History Online.
  5. 1 2 Women Marching Into the 21st Century: Wathint' Abafazi, Wathint' Imbokodo. HSRC Press. 2000. pp. 202–. ISBN 978-0-7969-1966-3.
  6. Cabrita, Joel. Written Out: The Silencing of Reginal Gelana Twala.
  7. "Wits Med School honours first black woman graduate from 1947". News24. Retrieved 26 November 2025
  8. Anne Digby, "Black Doctors and Discrimination under South Africa’s Apartheid Regime", Medical History 57(2)(April 2013): 269-290. doi: 10.1017/mdh.2012.106.
  9. Mpho Raborife, "Wits Med School Honours First Black Woman Graduate from 1947" News24, 12 June 2015
  10. 1 2 "Dr Mary Susan Makobatjatji Malahlela (Posthumous)" Archived 27 January 2016 at the Wayback Machine, Order of the Baobab, Office of the Presidency, Government of South Africa.
  11. "Mary Susan Malahlela-Xakana", in Women Marching Into the 21st Century: Wathint' Abafazi, Wathint' Imbokodo (HSRC Press, 2000): 2022–03. ISBN 9780796919663.
  12. Dr. Mary Malahlela Primary School, Dobsonville, Soweto, Gauteng, South Africa.
  13. "Pics: Zuma Bestows National Orders" IOL: Independent Online, 8 December 2015.