Mary Moodley
Mary Moodley (gape e ne e le Rakgadi Mary; 1913 – phalane 23, 1979)[1]e ne e le molwela-mokgatlho wa badiri le molwela-kganetso ya tlhaolele mo Aforika Borwa. Moodley o ne a nna a abelana legae la gagwe mo kgaolong ya batho bantsho ya Motsesetoropo wa Wattville le ba lelapa la gagwe le batho ba ba se nang magae, bantsho le basweu.[2]O ne a le pelotshweu ka madinyana a a neng a na le one mme e ne e le "motsenakereke ka metlha."[1]
Moodley o ne a tshwaragane le Khonkerese ya Mekgatlho ya Badiri ya Aforika Borwa (SACTU), Mokgatlho wa Badiri ba Dijo le Dithini, Khonkerese ya Bosetšhaba ya Aforika (ANC), Mokgatlho wa Basadi ba Aforika Borwa, le leloko le le simolotseng Khonkerese ya Batho ba Mmala ba Aforika Borwa (SACPO).[1]O ne a dira le Mokgatlho wa Badiri ba Dijo le Dithining ka dingwaga tsa bo 1950 kwa East Rand.[3]
Ka 1963, o ne a thibelwa ka fa tlase ga taelo ya Molao wa go Gatelela morafe.[4] Ka ntlha ya go thibelwa ga gagwe, o ne a sa letlelelwe go tsaya karolo mo mekgatlhong ya badiri kgotsa go tsenela dipokano mme o ne a tswaletswe mo kgaolong ya gagwe ya magisetarial kwa Benoni.[2] Ka 1964, o ne a tshwarwa ka fa tlase ga Molao wa Malatsi a le 90.[5]O ne a ntse a thusa batho ba ba neng ba fetogile batshabi go tswa mo Aforika Borwa.[1]Thibelo ya gagwe, e e neng e tshwanetse go tsaya dingwaga di le tlhano e ne e ntšhafadiwa ka metlha mme gore a kgone go ya kwa bookelong, o ne a tshwanelwa ke go kopa tetla go tswa kwa balaoding ba lefelo leo.[1] O tlhokafetse ka phalane 23, 1979.[1]
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]Lenaane la batho ba ba tshwanetseng go newa ditaelo tsa thibelo ka fa tlase ga tlhaolele
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 "Mary Moodley". South African History Online. 26 March 2012. Retrieved 19-11-2025
- 1 2 Luckhardt; Wall. "Organize... or Starve! - The History of the SACTU" South African Congress of Trade Unions. South African History Online. Retrieved 7 September 2016.
- ↑ "60 Iconic Women — The people behind the 1956 Women's March to Pretoria (41-50)". Mail & Guardian. 25 August 2016. Retrieved19-11-2025
- ↑ Human Sciences Research Council (2000).Women Marching Into the 21st Century: Wathint' abafazi, wathint' imbokodo. HSRC Press. pp. 33–34. ISBN 978-0796919663.
- ↑ United Nations Centre Against Apartheid (1969). Opponents to Apartheid Subjected to Banning Orders in South Africa (PDF). United Nation. p. 30.