Mary Ruwart
Mary J. Ruwart (o tshotswe ka kgwedi ya Phalane e le lesome le borataro (16) ka ngwaga wa 1949) ke mmatlisisi wa biomedical yo o tlogetseng tiro wa kwa Amerika e bile ke sebui sa libertarian, mokwadi, le molweladiphetogo. E ne e le mongwe wa ba ba neng ba eteletse pele mo ditlhophong tsa botautona tsa ngwaga wa 2008 tsa Libertarian Party e bile e le mokwadi wa buka ya Healing Our World.
Botshelo jwa gagwe fa a sa le monnye, thuto le tiro ya bongaka
[fetola | Fetola Motswedi]Ruwart o tsholetswe kwa Detroit, kwa Michigan. O na le dikirii ya Bachelor of Science ka biochemistry (1970), le doctorate ka biophysics (1974) go tswa kwa Michigan State University. Morago ga dingwaga di le pedi le sephatlo a le mo lefapheng la bongaka kwa Saint Louis University School of Medicine, Ruwart o feditse dingwaga di le 19 e le moitsesaense wa dipatlisiso tsa dikhemisi kwa Upjohn Pharmaceuticals, mme o kwadile thata ka dikgang tsa taolo ya mmuso ya madirelo a diokobatsi le ka tlhaeletsano ya kgololesego.
Boitsholo jwa go nna le seabe mo go tsa kgololesego le go nna le seabe mo ditlhophong
[fetola | Fetola Motswedi]Ruwart, yo e leng leloko la Libertarian Party, o ne a kgaratlhela go nna moemedi wa moporesidente ka 1984 mme a retelelwa ke go nna moemedi wa motlatsa motautona ka ngwaga wa 1992.[1]Ruwart e ne e le moemedi wa Libertarian Party ya Texas mo U.S. Senate ka ngwaga wa 2000, moo a neng a lebagane le Republican Kay Bailey Hutchison; Ruwart o ne a bona 1.16% ya diboutu tsa batho (72,798 diboutu), a fetsa a le mo maemong a bone mo go ba le banê ba ba neng ba le kwa morago ga moemedi wa Green Party Douglas Sandage.[2]
Ruwart o ne a direla mo Komiting ya Bosetšhaba ya Ba-Libertarian, mme e ne e le sebui se segolo kwa Kopanong ya Bosetšhaba ya Ba-Libertarian ka ngwaga wa 2004. Ka ngwagag wa 2002, Ba-Libertarian ba ne ba simolola letsholo le le sa atlegang la go rotloetsa Dr. Ruwart o ne a tlhophiwa go nna Mokomišenara wa Food and Drug Administration (FDA). Mo godimo ga moo, Ruwart o ne a direla mo dikomiting tsa International Society for Individual Liberty, the Fully Informed Jury Association, le kgaolo ya Michigan ya Heartland Institute. Ruwart ke motshegetsi wa nako e telele wa Free State Project mme o ne a e tshegetsa semmuso ka Motsheganong 17, 2008 fa a ne a le mo moyeng mo Free Talk Live.[3]
Ruwart o ne a sa atlege go nna motlhatlhobi wa Texas ka ngwaga wa 2010 kgatlhanong le Susan Combs wa Rephaboliki yo o neng a le teng. O ne a amogela diboutu di le 417,523 (10.5%) mo kgaisanong e e neng e se na Moporofense.[4]
Letsholo la 2008 la Tautona
Ruwart o dira letsholo la go nna moemedi wa Libertarian mo ditlhophong tsa botautona ka ngwaga wa 2008
Ka kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa 2008, fa a ne a araba setlhopha sa balwela-kgololosego ba mokgatlho wa Libertarian Party, Ruwart o ne a itsise go nna ga gagwe moemedi wa mokgatlho wa Libertarian mo ditlhophong tsa Tautona tsa ngwaga wa 2008.[5][6]O ne a le mo letsholong la go fedisa ditlhaselo tsa sesole kwa moseja le go aga setšhaba, go fedisa tlhokofatso, go fedisa thuso ya dinaga di sele, go rotloetsa kgwebisano e e gololosegileng, go fedisa ditshwanelo tsa katlaatleloloago le go tlhola ditiro ka go fokotsa ditshenyegelo tsa puso.[7]
O ne a fenngwa ke Bob Barr mo ditlhophong tsa botlhano kwa Kopanong ya Bosetšhaba ya Libertarian ya ngwaga wa 2008 ka kgwedi ya Motsheganong e le masome a mabedi le botlhano (25),ka ngwaga wa 2008. Le fa a ne a bapile le Barr mo ditlhophong tsa boraro le tsa bone mme a eteletse pele mo go tsa botlhano, kgabagare o ne a latlhegelwa morago ga gore mokatisi wa boraro e bong Wayne Allyn Root a tshegetse Barr. Moragonyana Root o ne a tlhophiwa go nna motlatsa-tautona.[8]
Dikakgelo ka ditshwantsho tse di hepisang tsa bana
[fetola | Fetola Motswedi]Go isa kwa tlhophong ya ngwaga wa 2008 ya Libertarian Party, Ruwart o ne a araba potso ya gore "A libertarian a ka ganetsa jang ditshwantsho tse di hepisang tsa bana?":[9][10]"Bana ba ba tsayang karolo ka go rata mo ditirong tsa tlhakanelo dikobo ba na le tshwanelo ya go dira tshwetso eo, le fa e le gore ga re e rate. Bana bangwe ba tla dira ditshwetso tse di sa siamang fela jaaka bagolo bangwe ba dira ka go goga le go nwa bobe. Fa re thibela ditshwantsho tse di hepisang tsa bana, madi a a duelwang bana ba ba tshamekang mo go tsone a a tlhatloga, mme seno se dira gore batsadi ba nne le tlhotlheletso e kgolo ya go dirisa bana ba sa batle".
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Mary Ruwart – Libertarian Archived May 15, 2008, at the Wayback Machine, Advocates for Self-Government
- ↑ "2000 election Statistics: Texas "for United States Senator". Retrieved June 21, 2001.
- ↑ "Dr. Mary Ruwart's endorsement of the Free State Project". Archived from the original on October 11, 2004. Retrieved August 31, 2008.
- ↑ Ross Ramsey (October 25, 2010). "UT/TT Poll: Perry 50, White 40, Glass 8, Shafto 2". The Texas Tribune.
- ↑ Press Release:Dr. Mary Ruwart announces presidential candidacy March 22, 2008. Retrieved on 2008-05-04
- ↑ Gordon, Stephen "Mary Ruwart to run for president" Archived September 12, 2018, at the Wayback Machine, Third Party Watch, March 17, 2008
- ↑ Ruwart, Mary "When Will We Ever Learn?", Antiwar.com, May 5, 2008
- ↑ "Libertarian Party picks Barr as presidential candidate". Herald Dispatch. Associated Press. May 26, 2008.
- ↑ "Suffer the Little Children". April 24, 2008
- ↑ "Vote Smart | Facts for All".