Jump to content

Mary Sibande

Go tswa ko Wikipedia
Mary Sibande
Tsalo1982
ThutoDiploma ya Fine Arts kwa Technikon Witwatersrand, University ya Johannesburg
O itsegi kaGo betla

Go kapa dinepe

botaki
O fetheletseMotaki wa moletlo wa botaki wa masome a matlhano le bone kwa Venice

Mary Sibande (o o tshotsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le bobedi)[1] ke motaki wa kwa Aforika Borwa o o remeletseng kwa Johannesburg. Botaki jwa gagwe bo akaretsa go betla, go penta, go kapa dinepe, le go tlhama. Sibande o dirisa didirisiwa tse le methale go thusa go popego ya setho le go sekaseka kago ya sekao mo Aforika Borw morago ga puso ya tlhaolele. Fa godimo ga moo, Sibande o itebagantse le go dirisa tiro ya gagwe go supa maitemogelo a gagwe ka nako ya puso ya tlhaolele.[2] Botaki jwa gagwe bo leka go kgala tshupo e e tlwaleelsegileng ya basadi bogolo jang ba mmala o montsho.[3]

Botshelo jwa a le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Sibande o tsholetswe kwa Barberton ka nako ya go le tlhaolele kwa Aforika Borwa, o godisitswe ke nkukuagwe[4]. Mmaagwe e ne e le mmereki wa mo lwapeng, rraagwe a le mo sesoleng sa Aforika Borwa. O ne a sa iste rraagwe fa a santse a le monnye mme a simolola go mo itse fa a ntse a gola.[4] Gantsi o fa babereki ba mo malwapeng tlotla mo botaking jwa gagwe ebile o leka go ba fa lentswe, se se tlhotlheleditswe ke maitemogelo a ga mmaagwe fa a bereka mo malwapeng.[5] Sibande o tlhalositse bongwana jwa gagwe bo ne bo siame thata, o bua gore "ke ne ke na le sengwe le sengwe se ke se tlhokang, ke tsene sekolo se se siameng se e neng e le sa batho ba ditso tse di tlhakaneng. Malwapa ka bontsi a ne a sa kgone go tsenya bana ba bone kwa dikolong tseo mme ke ne ke le lesego gore mme a bo a ne a kgona go dira jalo. Ke dumela gore seo gape se nkgarameditse ka tsela nngwe."[4]

Sibande o alogile ka diploma ya Fine Arts go tswa kwa Technikon Witwatersrand ka ngwaga wa dikete pedi le bone. O ne a aloga ka degree ya B-Tech go tswa kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of Johannesburg ka ngwaga wa dikete pedi le bosupa.[3][6][4] Pele, Sibande o ne a batlile go nna moruki wa diaparo, botaki bo tsile kwa morago. Go batla go na moruki ke selo se a santseng a se batla ebile se itshupa mo tirong ya gagwe yotlhe. Thotloetso ya kapari e tlhagelela thata mo lokwalong lwa gagwe lwa botaki. Ka ngwaga wa dikete pedi le motso, Sibande o ne a fudugela kwa go mmaagwe kwa Johannesburg kwa a neng a tsena sekolo kwa Witwatersrand Technikon.[4]

Pereko le tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Sibande o dirisitse tiro ya gagwe go senola dilo tse dintsi tse di farologaneng, go simolola ka Aforika Borwa morago ga bokolone go tsena ka fa go akangwang ka basadi ka teng; o senola gape dikgang di tshwana le ka fa batho ba akanyang ka basadi ba bantsho ka teng mo Aforika Borwa.[7] Tiro ya gagwe e akaretsa methale e e farologaneng jaaka petlo, go kapa dinepe, go tlhama le go kopanya dilo tse di farologaneng ga mmogo le go diragatsa. Ditshwantsho le dipetlo tsa ga Sibande di dirisa popego ya motho go sekaseka go agiwa ga sekao mo Aforika Borwa wa morago ga bokolone, mme gape di leka go ganetsa ka fa batho ba akanyang ka teng ka bomme ba bantsho.[8] E ne e le moemedi wa Aforika Borwa kwa bokopanong jwa masome a mane le botlhano jwa bodiragatsi kwa Venice ka ngwaga wa dikete pedi lesome le motso,[9] tiro ya gagwe ya Long Live The Dead Queen e ne ya fitlhelwa mo ditshwantshong go kgabaganya toropokgolo Johannesburg ka ngwaga wa dikete pedi le lesome.[10][11] Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro, tiro ya gagwe ya The Purple Shall Govern e ne ya tsaya loeto go kgabaganya Aforika Borwa.[12] Sibande gape o dirisitse botaki jwa gagwe go itebaganya le go fa batho ba ba didimetseng mantswe.[13] Bangwe ba rile tiro ya gagwe e itebagantse le mme wa mo Aforika o o tseetsweng dithata le gore tiro ya gagwe e ikaelela go rarabolola tse di amanang le ka fa mafatshe a bophirima a tlhalosang bontle ka teng le ka fa ba ka kgatlhang bomme ba bantsho ka teng.[2]

Sibande o buile gore "kapari le botaki ga di tshwane", le gore o leka go nyalana dilo tse pedi tseo ka tiro ya gagwe.[4] Pele Sibande o ne a ikaeletse go nna moruki wa diaparo, a bua jaana a re, "go ne go sena mabolokelo a botaki mo toropong e ke gletseng mo go yone; ke ne ke sa itse sepe ka tsone." Sibande o akareditse kitso ya gagwe le lorato lwa go tlhama mo tirong ya gagwe, bogolojang di bonwa mo kaparing e tse a di betlileng di di aparang. Mo puisanong ya gagwe le Madam CJ Walker, e le sekai, kitso ya gagwe le botsipa jwa letsela le go sega di a bonala.[14][15] Letsela le mmala o Sibanda a o tlhophang di raya dilo tse di farologaneng. Mo tsebeng ya UNISA le Durban ya botakimokwadi a bidiwa Carol Brown o buile ka tiriso ya letsela mo tirong ya ga Sibande. O bua gore "letsela le le dirisiwang go dira dipaka tsa babereki ba mo gae le bonagala thata mo malwapeng mo Aforika Borwa, le gore go le amanya le mesese ya ga mmamosadinyana ke maiteko a go akgela mo ditsong tsa go direla le bokolone le gore e amana le botsalano jwa gompieno jwa tiro tsa mo gae.[7]

Go kapa dinepe

[fetola | Fetola Motswedi]

Sibande o dirisitse go kapa ditshwantsho go dira botaki jwa gagwe. Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le boraro, o ne a na le dinepe di le supa tsa tiro ya gagwe tse di godisitsweng di le mo ditseleng tsa ditoropo tsa France di tshwana le Ivry-sur-Seine, Vitry-sur-Seine le Choisy-le-Roi.[2]

  1. ↑ "Biography & CV - Mary Sibande". Mary Sibande. Archived from the original on 23 May 2024. Retrieved 22 September 2026
  2. 1 2 3 Bidouzo-Coudray, Joyce (7 January 2014). "Mary Sibande – poking at power relations in post-apartheid South Africa". The Guardian. Retrieved 22 September 2026
  3. 1 2 Nolundi (5 August 2016). "Mary Sibande". South African History Online. Retrieved 22 September 2026
  4. 1 2 3 4 5 6 Fisher, Shireen (1 April 2018). "We sit down with internationally acclaimed artist Mary Sibande". Fairlady.
  5. ↑ "South African Artist Mary Sibande Has Solo Exhibit at Leroy Neiman Gallery | Columbia News". news.columbia.edu. Retrieved 22 September 2026
  6. ↑ Alexandra Dodd, "Dressed to thrill: the Victorian postmodern and counter-archival imaginings in the work of Mary Sibande", Critical Arts, 24.3 (November 2010): p. 467.
  7. 1 2 Brown, Carol (2011). "Recent Acquisitions at Two South African Collections: UNISA and Durban Art Gallery". African Arts. 44 (3): 76–83. doi:10.1162/afar.2011.44.3.76. ISSN 0001-9933.
  8. ↑ "Mary Sibande". www.gallerymomo.com. Archived from the original on 20 June 2018. Retrieved 23 September 2026
  9. ↑ "Mary Sibande – Kavi Gupta Gallery". kavigupta.com. Retrieved 23 September 2026
  10. ↑ "South Africa", La Biennale.
  11. ↑ "Mary Sibande". Contemporary And. Archived from the original on 31 October 2014. Retrieved 23 September 2026
  12. ↑ "Mary Sibande by Anna Stielau". artthrob.co.za. Retrieved 23 September 2026
  13. ↑ Farber, Leora (2 October 2017). "Parodying the Hysteric as a Form of Empowerment in Mary Sibande's Exhibition The Purple Shall Govern". Textile. 15 (4): 428–441. doi:10.1080/14759756.2017.1337376. ISSN 1475-9756.
  14. ↑ Nowacki, Kim (8 July 2010). "'Conversation with Madam CJ Walker' by Mary Sibande, 2009". flickr.com. Retrieved 23 September 2026
  15. ↑ Dodd, Alexandra (2010). "Dressed to thrill: the Victorian postmodern and counter-archival imaginings in the work of Mary Sibande". Critical Arts. 24 (3): 467–474. doi:10.1080/02560046.2010.511883. ISSN 0256-0046.