Jump to content

Masséré Touré

Go tswa ko Wikipedia
Touré

Masséré Touré-Koné (o belegwe ka 1974) ke mopolotiki wa kwa Ivory Coast yo go tloga ka 2006 a neng a tshegetsa malome wa gagwe, Alassane Ouattara, yo o neng a tlhophiwa Tautona ka 2010. Fa e sale ka nako eo, o tshwere maemo a a farologaneng a puso mo tlhaeletsanong le matlole, a feleletsa ka go tlhomiwa jaaka Motlatsa Mokwaledi Kakaretso wa Botautona jwa Ivory Coast ka Ferikgong 2022.[ 1][2][3]

Dithutego le botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

O belegwe ka di 30 Phatwe 1974 kwa Abidjan, Masséré Touré o ithutile go bapatsa le tsamaiso kwa Fora kwa ICN Business School kwa Nancy. O ne gape a bona dikirii ya master mo dipuong kwa University of Clermond-Ferrand. [4]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1999, Touré o ne a tsenela Jeune Afrique Media Group kwa Paris koo a neng a dira mo go phasalatsang le tlhaeletsano mo dikamanong le Jeune Afrique le makasine wa Afrique. O ne a boela kwa Ivory Coast ka 2006, a simolola tiro ya gagwe ya sepolotiki. [1] Ka mo go kgethegileng, o ne a tshegetsa malome wa gagwe Alassane Ouattara, a dira jaaka motlhankedi wa tlhaeletsano mo letsholong la Tautona la 2010. [ 2] Gape o ne a solegelwa molemo ke lenyalo la gagwe le Bruno Koné yo o neng a nna tona ya puso.[ 2]

Outtara o ne a tlhophiwa go nna moporesidente ka 2010. Ka 2015, o ne a tlhoma lefapha la tlhaeletsano le le neng le eteletswe pele ke Touré yo go fitlha ka nako eo a neng a ntse a tsamaisana le tlhaeletsano ya metswedi ya dikgang. Jaaka motsamaisi, o ne a nna le maikarabelo a go tlhabolola leano la tlhaeletsano la Tautona mme o tsamaisitse dikamano le bobegakgang. Touré o ne a tlhophiwa go nna leloko la boto ya kgwebo ya go gatisa dikgang Fraternité Matin ka 2015 le ya Radiodiffucion Télévision Ivorienne (RTI) ka 2019.[ 1]

Ka Ferikgong 2022, Ouattara o ne a tlhatlosa Touré go nna Motlatsa Mokwaledi Kakaretso wa Botautona jwa Ivory Coast.[ 5]

[1] "TOURE Masséré, Secrétaire générale adjointe de la présidence ivoirienne" (in French). abidjan.net. 4 January 2022. Retrieved 17 October 2023.

[2] "Alassane Ouattara créé une direction de la communication présidentielle qu'il confie à Masséré Touré" (in French). Agence Ecofin. 22 July 2015. Retrieved 17 October 2022.

[3] Kouassi, K. Richard (21 July 2022). "Présidence : Alassane Ouattara confie les finances à Masséré Touré" (in French). Afrique sur 7. Retrieved 17 October 2023.

[4] "Présidence de Côte d'Ivoire : Masséré Touré devient secrétaire générale adjointe" (in French). Agence Ecofin. 15 January 2022. Retrieved 17 October 2023.

[5]Faye, Ayoba (7 January 2022). "Côte d'Ivoire: Massere TOURE, la communicante et nièce chouchoutée d'Alassane Ouattara bombardée secrétaire générale adjointe de la présidence" (in French). Pressafrik: Confidential Afrique. Retrieved 20 October 2023