Mathata a Motsheganong 1958 kwa France
Mathata a Motsheganong 1958, a a itseweng gape ka leina la Algiers putsch kgotsa thankgolo ya Motsheganong a le lesome le boraro, e ne e le mathata a sepolotiki kwa France ka nako ya tlhakatlhakano ya ntwa ya kwa Algeria (go tswa ka ngwaga wa 1954 go tsena 1962) e e neng ya baka go phutlhama ga lefatshe la France la bone (Fourth Republic) le le le neng le le emisetsa la botlhano (Fifth Republic) e eteletswe pele ke Charles de Gaulle o a neng a boela mo maemong morago ga go nyelela dingwaga di le lesome le bobedi. E simolotse e le tlhaselo ya sepolotiki kwa Algiers ka Motsheganong a le lesome le boraro ngwaga wa 1958, morago ga ya nna thankgolo ya sesole e eteletswe pele ke bokopano jo bo neng bo eteletswe pele ke mothusa ramasole a Algeria Pierre Lagaillarde le Jacques Massu, le Phillipe Auboyneau, ramasole wa masole a dikepe tsa noka ya Mediterranean. Thankgolo e ne e engwe nokeng ke molaod wa pele wa Algeria Jacques Soustelle le balweladitshwanelo ba a berekisanang le bone.
Thankgolo e ne e na le maikaelelo a go ganetsa go tlhamiwa ga puso e ntšha ya ga Pierre Pfimlin le go fetola melao go tswela mosola majelathoko a French Algeria.
Dintlha ka kgang e
[fetola | Fetola Motswedi]Diphetogo tse di ipoeletsang tsa puso di ne tsa tlosa kelotlhoko mo go sa ikemeleng ga puso ya bone (Fourth Republic), tsa bo tsa oketsa mathata a sesole sa France agore tshireletso ya French Algeria, e e neng e le lephata la France kwa moseja, e ne e nyadiwa ke diphathi tsa dipolotiki. Baeteledipele ba masole ba ne ba kgopisiwa ke se ba neng ba se bona se sa lekana ebile e le kemo nokeng ya puso mo maitekong a sesole a go emisa ntwa a a sa lekanang. Maikutlo a ne a anamisiwa a gore mathata a mangwe a a tshwanang le a Indochina ka 1954 a tlaa diragal le gore puso e tla laela ka bonako go ikgogela morago gape ka tsela e e feteletseng, mme ya ikobela maemo a sepolotiki ka go tlhabela seriti sa France setlhabelo.[1]
Thankgolo
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga loeto lwa gagwe e le molaodimogolo, Jacques Soustelle o ne aboile kwa France go rulaganya kemo nokeng ya gore de Gaulle a boele mo setilong, fa ba na le kagisano le sesole le banni ba mo gae. Ka ngwaga wa 1958, o ne a rulagantse thankgolo.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Dien Bien Phu: Did the US offer France an A-bomb?". BBC. 5 May 2014. Retrieved 30 July 2025