Jump to content

Mathata a kwa Congo

Go tswa ko Wikipedia

Mathata a kwa Congo ke nako ya nako go sa iketla ga sepolotiki le kgotlhang gareng ga dingwaga tsa 1960 go tsena 1965 kwa Republic of the Congo (kwa e leng Democratic Republic of the Congo). Mathata a, a simolotse ka bokhutshwane fela morago ga lefatshe la Congo le tsaya boipuso go tswa mo go la Belgium, a fela, e se semmuso, ka lefatshe lotlhe le le ka fa tlase ga taolo ya ga Joseph Desire Mobutu. Mathata a Congo a a nnileng le metseletsele ya dintwa tsa selegae, e ne gape e le kgotlhang ya dibetsa e e enngweng nokeng ke ba bangwe ka nako ya ntwa gareng ga lefatshe la United States le Soviet Union, e lefatshe la United States le Soviet Union di neng di ema nokeng matlhakore a a farologaneng. Go dumelwa fa batho ba ka nna dikete di le lekgolo ba ne ba bolawa ka nako ya mathata a.

Letsholo la go ipelega ga lefatshe kwa Belgian Congo go ne go gwetlha kgololesego mo molaong wa bokolone: se se ne sa baka go tsaya boipuso ga lefatshe leo ka kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a le masome a mararo ngwago wa 1960. Dipaakanyo tse dipotlana di ne tsa dirwa mme dikgang di le dintsi jaaka semorafe,go ikemela ga lefatshe le go ikemela ga merafe di ne di ntse di sa baakangwa. Ka beke ya ntlha ya kgwedi ya Phukwi ngwaga wa 1960, go ne ga nna le tsuologo mo sesoleng le tirisodikgoka ya tlhaga gareng ga batho bantsho le batho basweu ba lefatshe leo. Lefatshe la Belgium le ne la romela mephato ya sesole go sireletsa batho basweu ba ba neng ba tshaba. Kgaolo ya Katanga le ya South Kasai di ne tsa kgaogana le kemo nokeng ya Belgium. Fa dipheretlhego le tirisodikgoka e ntse e tsweletse, lekgotla la United Nations le ne la romela ba boloka kagiso, mme mokwaledi mogolo wa United Nations Dag Hammarskjold o ne a gana go dirisa mephato go thusa puso ya legare kwa Leopoldville (Kinshasa) go lwantsha ba ba tswang mo go bone. Tonakgolo Patrice Lumumba, moeteledipele o o tlhaga wa lekgamu le letona la go ikemela, o ne a tsiboga ka go kopa thuso kwa Soviet Union, e e neng ya romela bagakolodi ba sesole le ba ema nokeng ba bangwe ka potlako.

Go nna le seabe ga Soviet Union go ne ga kgaoganya puso ya Congo ga bo ga baka gore go seka ga nna le tswelelo pele gareng ga Lumumba le tautona Joseph Kasa-Vubu. Mobutu ka nako eo, e le mothusi wa ga Lumumba o mogolo ebile e le lieutenant-colonel mo sesoleng, o ne a fedisa go tlhoka tswelelo mo ka go thankgola puso, a koba bagakolodi ba Soviet Union a tlhama puso e ntšha e e ka fa tlase ga taolo ya gagwe. Lumumba o ne a tshwarwa a felela a bolawa ka ngwaga wa 1961. Puso kganetso ya "Free Republic of the Congo" e ne ya tlhamiwa kwa toropong e e kwa botlhaba ya Stanleyville, kwa e leng Kisangani gompieno, e tlhamiwa ke baema nokeng ba ga Lumumba ba eteletswe pele ke Antoine Gizenga. E ne ya bona kemo nokeng ya Soviet Union mme e ne ya phutlhama ka ngwaga wa 1962. Mo ntlheng e nngwe, lekgotla la United Nations le ne la tseela ba lefatshe le tswang mo go bone kgato e e gagametseng morago ga gore Hammarskjold a tlhokafale mo go gosomaneng ga sefofane ka ngwaga wa 1961 o ya bokhutlong. Ba engwe nokeng ke masole a UN, Leopoldville ba ne ba fenya matsholo a ba Congo a tswang mo go bone kwa Katanga le kwa South Kasai fa ngwaga wa 1963 o simologa.

Ka dikgaolo tsa Katanga le South Kasai di boetse mo taolong ya puso, molaomotheo wa kagisano o o siametseng bobedi joo o ne wa dumalanwa, mme moeteledipele wa Katanga o a neng a tshabile ebong Moise Tshombe, o ne a busiwa go tla go etelela pele tsamaiso ya nakwana fa ditlhopho tse dišha di santse di rulaganngwa. Pele ga ditlhopho di tshwarwa, masole a a neng a ipitsa Simbas a ne a tlhaga kwa botlhaba jwa lefatshe. Masole a a ne a gapa bontlha jo bogolo jwa kgaolo, a supa fa a dira Congo o o emelang setšhaba wa People's Republic of the Congo kwa Stanleyville (Kisangani). Masole a puso a ne a tsaya gape kgaolo eo ka bonya, ka Ngwanatsele ngwaga wa 1964, mfatshe a Belgium le United States a ne a tsereganya ka sesole kwa Stanleyville a busa batho ba masole a Simba a ne ng a ba tsere. Masole a Simba a ne a fenngwa, a phutlhama morago ga foo. Morago ga ditlhopo ka Mopitlo ngwaga wa 1965, Tshombe le Kasa-Vubu ba ne ba palelana, se sa batla go phutlhamisa puso. Mobutu o ne a dira thankgolo ya puso gape ka Ngwanatsele ngwaga wa 1965, a tsaya taolo ya lefatshe ka bo ene. Ka fa tlase ga taolo ya ga Mobutu, lefatshe la Congo (le le nneg la bidiwa Zaire ka ngwaga wa 1971) le ne la fetolwa go nna la pusoesi go fitlhelela a rolwa marapo ka ngwga wa 1997.

Tse di diragetseng pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Molao wa Belgium

[fetola | Fetola Motswedi]
Belgian Congo, kwa e leng Democratic Republic of the Congo gompieno, go sedimositswe mo mmepeng wa Aforika.

Molao wa bokolone kwa Congo o simolotse ka lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabongwe. Kgosi Leopold wa bobedi wa Belgium, a betisitswe pelo ke go tlhoka dithata ga lefatshe la Belgium mo mafatsheng, o ne a leka go kopa puso ya Belgium go ema nokeng go oketsa bokoone kwa mokgatšheng wa Congo o ka nako e o o neng o ise o sekasekiwe. Go sa dumalane ga puso ya Belgium go ne ga baka gore leopold a itirele kolone ka bo ene. Ka kemo nokeng ya mafatshe a bophirima a le mmalwa, a a neng a bona Leopold e le sedirisiwa sa botlhokwa gareng ga mafatshe a a eteletseng pele dikolone a a sa utlwaneng, Leopold o ne a lemogiwa ke mafatshe ka a ne a itiretse kolone ya Congo Free State ka ngwaga wa 1885.[1] Fa lekgolo la dingwaga le wela, le fa go ntse jalo, tirisodikgoka ya baeteledipele ba Free State mo beng gae le tsamaiso e e setlhogo ya itsholelo e ne ya baka kgatelelo ya sepolotiki mo lefatsheng la Belgium go tsaya taolo ya lefatshe, mo le neng la go dira ka ngwaga wa 1908, le tlhama Belgian Congo.[2]

Molao wa Belgium kwa Congo o ne o ikaegile ka boraro jwa kolone ebong lefatshe, borongwa le dikgatlhego tsa dikompone tse di ikemetseng.[3] Go baya kwa pele dikgatlhego tsa kgwebo go ne go raya gore Madi a a simololang kgwebo a boela kwa Congo le gore dikgaolo tse dingwe di bewa kwa godimo ga tse dingwe. Mo makgethong a le mantsi, dikgatlhego tsa puso le dikgwebo tse di ikemetseng di ne tsa dirisana lefatshe la thusa dikompone go emisa maiteko a banni ba mo gae a go tokafatsa dithoto tsa bone.[3] Lefatshe le ne la kgaoganngwa.

  1. Pakenham 1992, pp. 253–55
  2. Pakenham, Thomas (1992). The Scramble for Africa: the White Man's Conquest of the Dark Continent from 1876 to 1912 (13th ed.). London: Abacus. ISBN 9780349104492.
  3. 3.0 3.1 Turner, Thomas (2007). The Congo Wars: Conflict, Myth, and Reality (2nd ed.). London: Zed Books. ISBN 9781842776889 – via the Internet Archive.