Matlo a kgale
Matlo a kgale a ne a agiwa ka ditena tsa mmbu a be a rulelwa ka bojang.Matlo a kgale a ne a diliwa ka boloko jo bo metsi bo tlhakantswe le mmubu go bo thatafatsa ntlo ya mmbu gore e re fa dipula le diphefo ditla ka bogale di seka tsa wa kgotsa tsa thubega ka ntlha ya maemo a bosa. Matlo a kgale a ne a le botlhokwa thata mo bathong ka ntlha ya gore ba ne ba dula mo go ona go itshireletsa kgatlhanong le maemo a bosa.
Gompieno matlo a kgale a bidiwang gotwe ke marope a botlhokwa thata ka ntlha ya gore fa batho ba dira di tiro tsa bona kwa teng go ya go dira sedimo le go bula ditsela tsa bona.Matlo a kgale a botlhokwa thata mo baneng ka ntlha ya gore ba tshwanetse ga ya go gata mabala kwa teng gore batle ba siamelwe mo botshelong le go fedisa malwetsi.
Bontsi jwa batho bangwe ba santse ba dula mo matlong a kgale ka gonne ba santse ba a tlhokometse ebile ba a tlotla.Gompieno bontsi jwa matlo a agiwa ka mefuta le mefuta , a agiwa ka ditena tsa samenntele a bo a rulelwa ka masenke go dirisiwa le dibalaka go rulelwa. Matlo a kgale le a gompieno a farologane thata le fa go le jalo matlo a kgale a santse a le botlhokwa ebile thata.

Ditshupiso