Matshelagabedi
Ponalo
Matshelagabedi ke motse o o kwa botlhaba jwa Botswana, o dikhilometara di le lesome le bosupa go tswa kwa toropong ya Francistown ka palo ya batho ba le 3,488[1]ka ngwaga wa 2011: banna ba le 1,706 le basadi ba le 1,782.[2] Motse ono ke legae la motabogi yo o rotseng tiro wa sekgala se se fa gare e bong Glody Dube.
Ka ngwaga wa 2002, go ne ga tlhagoga bolwetse jwa tlhako le molomo kwa Matshelagabedi, mmogo le metse e mengwe e le meraro. Ga gone ga swa dikgomo tse di fetang dikete di le lesome le bobedi mo kgaolong ya Matshelagabedi. Puso e ne ya duela balemi-barui ka madi le diphologolo, mme ya tlhoma thulaganyo ya tiro ya namolo.[3]
Koporasi ya Motlakase ya Botswana e na le polante ya disele ya tshoganyetso ya 70MW kwa Matshelagabedi.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Matshelagabedi, North East, Eastern, Botswana - Population"
- ↑ "2011 POPULATION AND HOUSING CENSUS" (PDF).
- ↑ North East District Council 2003. p. 18.
- ↑ Annual Reports | BPC". Bpc.bw. Retrieved 2022-06-23