Matshwane
Matshwane ( Mellivora capensis ) o gape a bidiwang ratel ( /ˈrɑːtəl/ kgotsa /ˈreɪtəl/ ), ke phologolo e e amusang e e anameng go ralala Aforika, Borwabophirima jwa Asia, le kontinentepotlana ya India . Ke yone fela moemedi yo o tshelang wa Mellivorinae lesika potlana la Mustelidae .
O na le mmele o moleele o o lekaneng, o o nang le mokwatla o o mokima gape o le bophara le letlalo le le lepeletseng ka, mo go letlang matshwane go retologa le go ithapolola ka kgololesego, Ke Mustelid yo o motona go gaisa tsotlhe mo Afrika, matshwane o botona jwa disenthimithara di le masome a matlhano ke botlhano go ya go di le masome a masupa le bosupa (Tempolete:Cvt) ka boleele le bokete jwa go fitlha kwa dikhilokremong di le lesome ke borataro (Tempolete:Cvt) . dipopego go ya ka bong di itemogetswe mo mofuteng o, tse ditonanyana di ditona gape di bokete go feta tse di namagadi. E na le dipara di le pedi tsa mammae, le kgetsana ya marago e e kgonang go fetoga.
Matshwane ke phologolo e e nnang e le nosi e e nnang matlhagatlhaga ka nako nngwe le nngwe ya letsatsi, go tswa gore o nna mo lefelo lefe. Ke mofuta wa phologolo o o jang nama thata mme o na le dibatana tse di jang ditshedi tse dingwe tse di ka o tlhasela di le mmalwa ka ntlha ya letlalo la yone le lekima, maatla le bokgoni jwa go nna bogale go itshireletsa. Tse di godileng di tlhokomela mefuta e metona ya magae ya tsone, mme di na le mokgwa wa go tshwaya monko . Phologolo e ga e na paka e e tlhomameng ya go bekara/bekarwa. Morago ga boimana jwa malatsi a le malatsi a le masome a matlhano go ya go a le masome a masupa, namagadi e tsala palogare ya ngwana a le mongwe go ya go ba le babedi ba ba tla nnang ka fa tlase ga tlhokomelo ya gagwe sebaka sa ngwaga go ya kwa ngwageng le sephatlo. Ka ntlha ya go anama ga yone le go nna teng mo mafelong a a farologaneng, e kwadilwe jaaka e e sa tshwenyegeng thata mo lenaneong la IUCN . Mo metsweding ya dikgang e e tlwaelesegileng thata, matshwane o itsege thata e le phologolo e e bogale, e le botlhale , e e sa boifeng gape e le thata ka tlholego ya yone.