Matsiloje
Matsiloje ke motsana o o mo kgaolong ya Bokone Botlhaba jwa Botswana mo lotshitshing lwa bophirima lwa noka ya Ramokgwebana, e e dirang molelwane le lefatshe la Zimbabwe.
Tsela ya sekontiri e golaganya motse le Francistown, kwa botlhaba.[1] Motse o na le sekolo se segolwane se se potlana.[2]Motse o o fa thoko ga dithota tsa Matsiloje, tse di epiwang go dira kalaka e e dirisiwang go dira dikumo tsa samente le tsa sesepa.[3] Moepo wa gauta wa Muphanephane o o tlhotlhomisiwang o mo kgaolong ya Matsiloje.[4]
Ka ngwaga wa 2002 go ne ga tlhagoga bolwetse jwa tlhako le molomo mo dikgaolong tsa Matsiloje le Matshelagabedi, mme ga runya gape kwa dikgaolong tsa Matopi le Tseteng go ela kwa bokhutlong jwa ngwaga. Go bolailwe dikgomo di le 12 000 kwa Matsiloje/Matshelagabedi le dikgomo di le 4000 kwa Matopi/Tseteng. Puso e ne ya duela balemirui ka madi le diphologolo, mme ya tlhoma thulaganyo ya tiro ya namolo.[5]Motse o amiwa ke bafaladi ba ba seng ka fa molaong go tswa kwa Zimbabwe, mme seno se felela ka bosenyi.[6]
Pele ga kago ya Letamo la Dikgatlhong e simololwa go ya kwa borwa jwa Matsiloje ka ngwaga wa 2008, puso e ne ya rulaganya ditirelo tsa bogakolodi ka bolwetse jwa AIDS mo banning ba Matsiloje gammogo le ba metse ya Mmadinare, Robelela, Matopi, Chokwe le Patayamatebele. Go ne ga dirwa dipaakanyo tsa ditlhokego tse dingwe tsa ditirelo tsa boitekanelo le tsa sepodisi.[7]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]Sources
[fetola | Fetola Motswedi]- Kedikilwe, Ponatshego H.K. (1 February 2008). "Statement ... on the occasion of the Ground-breaking Ceremony ... of the Polometsi/Dikgatlhong Dam and Housing component, Robelela Village" (PDF). Archived from the original (PDF) on 5 March 2016. Retrieved 21 September 2012.
- North East District Council (2003). "NORTH EAST DISTRICT DEVELOPMENT PLAN 6: 2003 – 2009". Archived from the original on 9 December 2011. Retrieved 24 September 2012.