Jump to content

Mavis Nduchwa

Go tswa ko Wikipedia

Mavis Nduchwa, yo gape a itsegeng ka leina la Rewana Nduchwa (28 Phatwe 1982 – 13 Phatwe 2021), e ne e le motlhami le moeteledipele wa kgwebo ya temothuo ya Chabana Farms, e gape e rekisang jaaka Kalahari Honey.[1] E ne le mogwebi wa Motswana, mongwe wa bafenyi ba ba kwa godimo ba le masome matlhano ba Bagaka ba Kgwebo ba Aforika ba 2020 ba Jack Ma Foundation.[2][3]

Tshimologo le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Mavis Nduchwa o tshotswe ka 1982, kwa Francistown, Botswana, mme o ne a na le digerata ya ntlha ya botsamaisi jwa ditsha le kamogelo ya baeng.[4]

Nduchwa e ne e le motlhami le moeteledipele wa dipolase tsa Chabana, tse di gwebang jaaka Kalahari Honey. Mokgwa wa kgwebo ya Kalahari Honey o dikologa go rarabolola kgotlhang ya motho le tlou mo Botswana. Komponi ya gagwe e tlhopha balemibarui go tlhoma metshitshi ya dinotshe jaaka tsela ya go fokotsa tshenyo ya dijalo. Ka mokgwa wa gagwe wa kgwebo o ne a batla go ithuta ditsela tsa go oketsa palo ya dinotshe.[5] Kgwebo ya gagwe ya loago ya Kalahari Honey e tlamela basadi ba kwa metseselegaeng ka metshitshi ya dinotshe jaaka tsela ya go sireletsa masimo a bone mo ditloung.[6]

Nduchwa e ne e le mofenyi wa kgwetlho ya 2020 ya Women Empower UN SDG ya Aforika e e kwa Borwa jwa Sahara, e leng seetsele sa lefatshe lotlhe sa basadi ba ba mo dikgwebong[7] le fellow ya 2019 ya AFRINIC (African Network Information Center).[8] Ka 2017 o ne a le gareng ga bafenyi ba Mokgatlho wa Tony Elumelu,[9] kwa a neng a tlhophelwa letsholo la Mandela Washington Fellow, letsholo la Young African Leaders Initiative (YALI).

Nduchwa o amogetse Kgwebo e e Beilweng ke Basadi ya Ngwaga ya Botswana ya 2019 (Grant Thornton), Kabo ya Mogwebi yo o Tlhomologileng go gaisa botlhe wa Aforika ya 2018 (Mokgatlho wa Tony Elumelu) le Botswana Innovation Award 2019.[10] Ka 2017 o ne a tlhophelwa Lenaneo la Kgwebo la Tony Elumelu[11] le mo go lone dikgwebo tsa Aforika di tlhophiwang go ikaegilwe ka bokgoni mme di amogela katiso ya kgwebo le kabelo ya $5000. Ka 2019, Nduchwa o ne a tlhagisiwa mo Food Chain Global Champion jaaka moatlhodi wa moeng le Samin Nosrat, Gaggan Anand, Marion Nestle le Arnold Kreilhuber.[12]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Nduchwa o ne a nyetswe mme a na le barwa ba babedi.[13] O tlhokafetse ka ntata ya ke mathata a a bakilweng ke COVID-19 ka 2021.[14]

  1. "The journey so far: Mavis Nduchwa, CEO, Chabana Farms". How We Made It In Africa. 2019-12-09. Retrieved 2025-09-24.
  2. Ngwako, Taboka (July 28, 2020). "Nduchwa among Top 50 finalists". Botswana Daily News. Archived from the original on July 28, 2020. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  3. Rw, Taarifa; a. "Jack Ma Foundation's Top 50 finalists of 2020 "Africa's Business Heroes" Competition". FurtherAfrica. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  4. "The new face of farming: youth making agribusiness 'cool'!". Africa Renewal. 2017-02-23. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  5. "When Life Gives You Elephants, Make Honey (And Money!)". Forbes. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  6. "Mavis Nduchwa". Vital Voices. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  7. "2020 Awardees". WE Empower UN SDG Challenge. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  8. COMMS, AFRINIC. "AFRINIC-31 Fellowship Winners Announced". www.afrinic.net. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  9. Agunbiade, Tolu (2015-06-16). "cofoundHER Interviews: Mavis Nduchwa of Chabana Farms". Innov8tiv. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  10. "Mavis Nduchwa". Meaningful Business Community. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  11. Agunbiade, Tolu (2015-06-16). "cofoundHER Interviews: Mavis Nduchwa of Chabana Farms". Innov8tiv. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  12. "The Food Chain Global Champion Award 2019 winner: Akshaya Patra". www.bbc.co.uk. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  13. "In Memoriam: Mavis Nduchwa". Vital Voices. 2 September 2021. Retrieved 24 Lwetse 2025.
  14. "Kalahari Honey: Model for Conservation and Community Development". NatureNews. 2024-12-19. Retrieved 24 Lwetse 2025.