Mavis Owusu
Mavis Owusu (o tshotswe ka kgwedi Sedimonthole ele supa(7) ka ngwga wa 2003) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa kwa Ghana yo o tshamekang jaaka motshameki wa kwa pele wa Saudi Women's Premier League club Al Hilal le setlhopha sa bosetšhaba sa Ghana.
Tiro ya go tshameka
[fetola | Fetola Motswedi]Ampem Darkoa Basadi
Fa a ne a na le dingwaga di le lesome le botlhano (15), Owusu o ne a setse a tshamekela Ampem Darkoa Ladies mme o ne a tshamekela setlhopha seo go fitlha ka ngwaga wa 2023. O ne a tshameka karolo e kgolo mo go atlegiseng Ampem Darkoa. a fitlha kwa makgaolakgannyeng a Kgaisano e e Kgethegileng ya Basadi ya Ghana.[1] [2]fa thoko ga ba le babedi ba kwa Ghana ba Malta Guinness ba ba neng ba fenya mo kgaisanong ya basadi ya maemo a a kwa godimo jaaka Ampem ba ne ba tlotlomadiwa jaaka bommampodi ka dipaka tse pedi tse di latelanang. [3][4] O ne a dira dipholo di le tharo mo Ampem e e fetsang mo maemong a bobedi mo 2022 CAF Women's Champions League WAFU Zone B Qualifiers.[5]
Al Hilal
Ka kgwedi ya Phalane 2023, Owusu o ne a saena le Al Hilal ya Saudi. [6][7]Ka di kgwedi ya Phalane ele lesome le borarao (13) 2023, Owusu o ne a simolola go tshameka mo Al Hilal jaaka motshameki wa ntlha mo motshamekong o o neng o se na maduo kgatlhanong le Al Qadsiah. [8]Ka di 4 Ngwanatsele 2023, o ne a tsenya bolo ya gagwe ya ntlha mo go fenngweng ga Al-Riyadh ka 4-0. [9]
Tiro ya boditšhabatšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]Owusu e ne e le karolo ya setlhopha sa bosetshaba sa kgwele ya dinao sa Ghana sa basadi ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le lesome le bosupa (17) sa FIFA U-17 Women's World Cup ya 2018 kwa Uruguay. [10]
Ngwaga morago ga moo, a le dingwaga di le lesome le borataro (16), Owusu o ne a bidiwa lekgetlo la ntlha go tla go tshameka mo setlhopheng sa bosetšhaba sa bagodi sa ngwaga wa 2019 WAFU Zone B Women's Cup kwa Ivory Coast. [11]Ka kgwedi ya Motsheganong ele lesome(10) ka ngwaga wa 2019, o ne a tsenya bolo ya gagwe ya ntlha ya boditšhabatšhaba kgatlhanong le Togo.[12]
Ditlotla
[fetola | Fetola Motswedi]Ampem Darkoa
Women Ghana Women's Premier League: 2021-22, 2022-23
CAF Women's Champions League WAFU Zone B Qualifiers: 2023
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Hasaacas Ladies win Ghana women's Special Competition after incredible comeback". goal.com. Samuel Ahmadu. 15 April 2019. Retrieved 2 January 2023.
- ↑ "Women's Special Competition: Ampem Darkoa hammer Prisons Ladies to reach final". ghanasoccernet.com. 10 April 2019. Retrieved 2 January 2023
- ↑ "Ampem Darkoa beat Hasaacas Ladies 5-3 on penalties to win Women's Premier League title". ghanasoccernet.com. 28 May 2022. Retrieved 2 January 2023.
- ↑ "Ampem Darkoa crowned champions of 2022/23 Women's Premier League". ghanaweb.com. 13 May 2023. Retrieved 2 January 2023
- ↑ "CAF Women's Champions League Qualifiers: Ampem Darkoa Wins Opener Against USFA". gbcghanaonline.com. 24 August 2022. Retrieved 2 January 2023.
- ↑ "Mavis Owusu joins Saudi side Al Hilal from Ampem Darkoa Ladies". myjoyonline.com. 3 October 2023. Retrieved 2 January 2023.
- ↑ "Saudi Arabian outfit Al Hilal secure signing of Ampem Darkoa Ladies captain Mavis Owusu". footballghana.com. 3 October 2023. Retrieved 2 January 2023
- ↑ "Al Hilal opens the Women's League with a draw against Al Qadsiah". akhbaar24.com (in Arabic). 13 October 2023. Retrieved 2 January 2023
- ↑ "Saudi Women's League: Al Hilal dazzles with a four-goal victory, while Al Nassr shines with a three-goal triumph". aawsat.com (in Arabic). 5 November 2023. Retrieved 2 January 2023.
- ↑ "Ghana name squad for 2018 Fifa Women U-17 World Cup". goal.com. 30 October 2018. Retrieved 2 January 2024
- ↑ "Black Queens coach names 20-man squad for WAFU Zone B Cup of Nations". etvghana.com. Bridget Mensah. 3 May 2019. Retrieved 2 January 2023.
- ↑ "Togo Women 0 Ghana Women 6: Abdulai Mukarama leads Black Queens to semi-final". goal.com. Samuel Ahmadu. 11 May 2019. Retrieved 2 January 2024.