Max du Plessis
Max du Plessis SC ke mmueledi mo makgotlatshekelong le mogakolodi wa tsa semolao, gape e le mankge wa tsa burutegi wa Aforika Borwa. O ithutetse molao wa mafatshefatshe, wa ditsamaiso le wa molao-motheo, mme o diretse mo Aforika Borwa le kwa Enyelane. Madirelo a gagwe a kwa Durban.
Botshelo le Dithuto tsa a le mmotana
[fetola | Fetola Motswedi]Du Plessis o feditse dithuto tsa gagwe tsa Bachelor of Laws (B.luris le LLB) kwa University of South Africa le kwa University of Natal ka go latelana. O ne a tswelela ka go aloga ka Master of Laws (LLM) kwa Mmadikolo wa Cambridge mme a tswelela ka dithuto tsa PhD kwa University of KwaZulu-Natal.[1] O ne a nna mobatlisisi mogolo mo Lenaneong la Borukuthi jwa Mafatshefatshe mo Afrika kwa Institute for Security Studies.[2]
Bodiredi
[fetola | Fetola Motswedi]Du Plessis o sala a direla gotswa ka ngwaga wa 2000.[3] O ne a nna mmueledi kwa Lekgotlatshekelo legolo la Aforika Borwa. Ka 2007, du Plessis e ne e le moeti wa mmantswitswidi mo Lekgotlatshekelong la tsa Borukuthi la Mafatshefatshe. [4]
Gompieno, du Plessis ke morutuntshi yo o thusang kwa Mmadikolo wa Cape Town le Mmadikolo wa Nelson Mandela. E ne e le morutuntshi ka tirisanyo le Mmadikolo wa KwaZulu-Natal, kwa a neng a ruta thuto ya Masters mo Current Legal Issues: The Politics of Law, le kwa a santseng a direla teng ele wa tsa dipatlisiso. Du Plessis gape e ne e le morutuntshi yo o etang kwa Mmadikolo wa Oxford, Mmadikolo wa Cambridge, Harvard Kennedy School, London School of Economics, Mmadikolo wa Sydney, le New York Law School.[5]
Du Plessis o ne a ikgolaganya le ba KwaZulu-Natal Bar, mme a amogela silk ya gagwe ka 2018.[6] Ke leloko la Ubunye Chambers, setlhopha sa babueledi kwa Umhlanga,[7] mme gotswa ka 2024, ke mojaki wa sennelaruri kwa Doughty Street Chambers kwa London, kwa e leng leloko la Lincoln's Inn.[8] Mo godimo ga moo, du Plessis ke mojaki wa tirisanyo le Thulamela Chambers kwa Johannesburg. Gape e ne e le modirisanyi le ba tsa semolao wa mafatshefatshe kwa Chatham House.
Dikgetsi tse Itsegeng
[fetola | Fetola Motswedi]Anton Katz le Max du Plessis ba ne ba emela morutuntshi wa Australia Kenneth Good fa a ne a kobiwa kwa Botswana ka ntlha ya go latofadiwa ka molato wa go kgala puso mo kgetseng ya 2010 Good kgatlhanong le Botswana kwa African Commission on Human and Peoples' Rights (ACHPR), e e neng ya atlholwa goya ka fa letlhakoreng la ga Good.[9][10]
Du Plessis o ne a dira jaaka Mogakolodi Mogolo mo boemong jwa Lekoko ya Mozambique la go Lebelela Kgaoganyo ya Madi (FMO) mo kgetsing ya ba-Mekoro ya go Tshwara Ditlhapi ya Tuna, mabapi le go tshwarwa ga ga tona ya tsa madi ya pele Manuel Chang a isiwa kwa Amerika.[11] Ka 2022 le 2023, du Plessis, mo boemong jwa Letsholo la Kgololosego ya Puo, o ne a ngangisana kwa lekgotlatshekelong gore maiteko a go sekisa mmegadikgang Karyn Maughan a ga Tautona wa pele Jacob Zuma a ne a tshwana le kgetse ya molao ya SLAPP.[12]
Ka ngwaga wa 2023, du Plessis o ne a emela lekoko la kganetso la Democratic Alliance (DA) la Aforika Borwa go bona taelo gotswa kwa Lekgotlatshekelo le Legolo la lefatshe leo ya gore Tautona wa Russia Vladimir Putin a tshwarwe fa a ka goroga mo Aforika Borwa go tsenelela bokopano jwa BRICS.[13] [14]
Ka Hirikgong 2024, du Plessis o ne a bonala kwa Hague ele leloko la setlhopha sa semolao se se emetseng ditsamaiso tsa Aforika Borwa tse di latofatsang Iseraele ka kganyaolo ya batho kwa Lekgotlatshekelong ya Boditšhabatšhaba ya Tshiamiso (ICJ).[15][16][17]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Du Plessis o nna kwa Ballito [18] le mosadi wa gagwe, Jo le bana ba le bararo: barwadia ba babedi le morwa.[19]
Tlhopha Buka-ya-Netefatso
[fetola | Fetola Motswedi]Dibuka
- Race, Religion and Ethnicity Discrimination: Using International Human Rights Law (2003), with Karen Monaghan and Tajinder Malhi
- Repairing the Past?: International Perspectives on Reparations for Gross Human Rights Abuses (2007), editor with Stephen Peté
- African Guide to International Criminal Law (2008)
- Unable or Unwilling?: Case Studies on Domestic Implementation of the ICC Statute in Selected African Countries (2008), with Jolyon Ford
- The International Criminal Court that Africa Wants (2010)
- Civil Procedure – A Practical Guide (2nd Edition) (2011), editor with Stephen Pete, Robin Palmer and David Hulme
- Constitutional Litigation (2013), with Glenn Penfold and Jason Brickhill
- Law, Nation-Building & Transformation: The South African experience in perspective (2014), editor with Catherine Jenkins
- Class Action Litigation in South Africa (2017), editor with various
Dikgaolo le dikgatiso
[fetola | Fetola Motswedi]- "International criminal law : the crime of apartheid revisited : recent cases" in South African Journal of Criminal Justice (2011)
- "A new Regional International Criminal Court for Africa?" in South African Journal of Criminal Justice (2012)
- "Sentencing – select cases" in Annotated Leading Cases of International Criminal Tribunals (2012), with Chris Gevers, edited by Andre Klip and Goran Sluiter
- "Israel through the prism of international law" in Pretending democracy: Israel, an ethnocratic state (2012), for the Afro-Middle East Centre
- "South Africa's Implementation of the Rome Statute" in Power and Prosecution – Challenges and Opportunities for International Criminal Justice in Sub-Saharan Africa (2012), by Kai Ambos and Ottilia Maundanigze
- "The African Union and the ICC: Milestones in International Criminal Justice" (2013) for Chatham House, with Tiya Maluwa and Annie O'Reilly
- "Behind the Mask of the Rainbow Nation – the Limits of Law in Post-Apartheid South Africa" in Law, nation-building and Transformation: The South African Experience in Perspective (2014), with Stephen Pete, edited by himself and Jenkins
- "The Urgings of a Friendly Founding Father" in Law, Politics and Rights: Essays in memory of Kader Asmal (2014), edited by Tiyanjana Maluwa
Netefatso
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Professor Max Du Plessis". University of KwaZulu-Natal Law School. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ "Mr. Max du Plessis: "An additional, criminal chamber to the African Union's Court of Justice and Human Rights?": "An additional, criminal chamber to the African Union's Court of Justice and Human Rights?". International Criminal Court. 14 March 2013. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ "Members: Max du Plessis SC". Ubunye Chambers. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ "Max du Plessis". International Criminal Justice Today. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ "Max du Plessis SC". Doughty Street Chambers. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ Sibiya, Carol; Pudifin-Jones, Sarah (August 2018). "New Silks at the KZN Bar" (PDF). KZN Bar News. p. 12. Retrieved 12 January 2024.
- ↑ "Members: Max du Plessis SC". Ubunye Chambers. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ "Max du Plessis SC becomes a full tenant". Doughty Street Chambers. 10 January 2024. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ "Max du Plessis". International Criminal Justice Today. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ "ACmHPR Communication No. 313/05, Good v Republic of Botswana". Citizenship Rights in Africa Initiative. 26 May 2010. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ Fabricus, Peter (12 November 2021). "Rule of law prevails on Chang extradition – but at a price". Institute for Security Studies. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ Singh, Kaveel (8 December 2022). "Zuma 'abusing' private prosecution for political ends - Helen Suzman Foundation argues". News24. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ (subscription required)
- ↑ "Arrest warrant confirmed against President Putin attending the annual BRICS Summit with other bloc state leaders". Doughty Street Chambers. 14 August 2023. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ "Professor Max du Plessis SC on the rights of the Palestinian people". News24. 11 January 2024. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ Kgosana, Rorisang (5 January 2024). "The 'A-team' lawyers representing South Africa at the world court against Israel". Times Live. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ (subscription required)
- ↑ "Members: Max du Plessis SC". Ubunye Chambers. Retrieved 11 January 2024.
- ↑ Sibiya, Carol; Pudifin-Jones, Sarah (August 2018). "New Silks at the KZN Bar" (PDF). KZN Bar News. p. 12. Retrieved 12 January 2024