Jump to content

Maya Moore

Go tswa ko Wikipedia

Maya April Moore (yo o tshotsweng ka Seetebosigo a le malatsi a le lesome le motso ka 1989) ke mmueledi wa tsa semolao tsa selegae ebile e le motshameki wa pele wa motshameki wa baseketebolo. Ka ngwaga wa 2017, Sports Illustrated e ne ya bua fa Moore e le motshameki wa ngwaga ka kakaretso mo lekgetlhong la ntlha la totla eo, mme gape a bidiwa "mofenyi yo mogolo thata mo ditsong tsa baseketebolo ya basadi."[1] Ka 2024, Moore o ne a tlhophiwa go tsenngwa mo Women's Basketball Hall of Fame.[2]

Kwa sekolong se se golwane, Moore e ne e le motshameki wa National Gatorade wa ngwaga, motshameki wa mosadi wa ngwaga, le McDonald's All-American. Ka 2009, o ne a tshameka kwa pele a tshamekela setlhopha sa UConn women's basketball team mme a fenya bommampodi jwa setshaba ka go latelana ngwaga wa 2009 le wa 2010. Ka 2009, o ne a tlhophiwa go nna mofenyi wa tlotla ya John Wooden Award morago ga go etelela Connecticut pele go nna bommampodi ba bosetshaba ba sa fenngwa. Mo setlheng se se latelang, Moore o ne a etelela Connecticut go nna le bommampodi ba bosetshaba la bobedi ka tatelano gape ya tsweleledisa go tlhoka go fenngwa ga bone go okeletsega kwa masomeng a supa le boferabobedi; mo setlheng sa 2012 - 11 o ne a etelela pele Huskies mo rekoteng ya bong jotlhe ya tlhokeng go fenngwa mo NCAA (mo maphatleng otlhe) ya masome a ferabongwe. Ka nako eo, Moore o ne a nna motshameki wa ntlha wa baseketebolo wa mosadi go saena le Air Jordan.[3] Morago ga setlha sa 2017, rekote ya gagwe ya go fenya - go fenngwa fa e sa le kwa sekolong se segolwane e ne e le 497 - 78.[4]

Moore e ne e le ene wa ntlha wa go tlhophiwa ka kakaretso mo 2011 WNBA draft mme a kopana le setlhopha sa Minnesota Lynx se se neng se setse se na le batshameki ba dinaledi tsotlhe ba tshwana Seimone Augustus, Rebekkah Brunson le Lindsay Whalen. Moore o na le bommampodi jwa WNBA (2011, 2013, 2015, le 2017) tlotla ya WNBA Best Player Award (2014),[5] tlotla ya WNBA Finals Award (2013),[6] WNBA All-Star Game MVPs (2015, 2017, le 2018), digauta tse pedi tsa diOlimpiki (2012 le 2016), tlotla ya WNBA Scoring Title (2014) le tlotla ya WNBA Rookie of the Year Award (2011)[7] Gape o tlhophilwe go tsena mo ditlhopheng di le thataro tsa WNBA All-Star le ditlhopha di le supa tsa All-WNBA. Nako e e beilweng ya setlha sa WNBA le diliki tse di kwa godimo mo mafatsheng a mangwe e ne letleletse Moore go gaisana ngwaga otlhe. Ka 2012, o ne a fenya leina la bommampodi jwa liki ya kwa Spain le sa EuroLeague a tshamekela Ros Casares Valencia. Go tloga ka 2013 go fitlha ka 2015, Moore o ne a fenya liki ya kwa China ngwaga le ngwaga. Ka 2018, Moore o ne a fenya bommampodi jwa Euroleague a tshamekela UMMC Ekaterinburg.

Moore ke mongwe wa basadi ba le lesome le motso go bona seetsele sa gauta sa diOlimpiki, bommampodi jwa NCAA, seetsele sa gauta sa sejana sa lefatse sa FIBA le bommampodi jwa WNBA. Ka 2020, Moore o ne tsenngwa mo Time's 100 ya ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo go gaisa botlhe.[8]

  1. Kolur, Nihal (November 29, 2017). "Minnesota Lynx Star Maya Moore Wins Sports Illustrated's Performer of the Year Award". Sports Illustrated. Archived from the original on November 30, 2017. Retrieved December 1, 2017. and Deitsch, Richard (December 5, 2017). "Maya Moore Is the Greatest Winner in History of Women's Basketball—and Best May Be Yet to Come". Archived from the original on December 6, 2017. Retrieved 1 March 2025.
  2. "Moore, Augustus headline 2024 Women's Basketball Hall of Fame Class". AP News. December 1, 2023. Retrieved 1 March 2025
  3. "Maya Moore makes history as first women's player signed by Jordan Brand". CTPost.com. May 18, 2011. Archived from the original on October 10, 2011. Retrieved 1 March 2025.
  4. Kotloff, Brian (October 5, 2017). "All Maya Moore Does Is Win". WNBA. Archived from the original on October 30, 2017. Retrieved 1 March 2025.
  5. Feinberg, Doug (Associated Press) (August 21, 2014). "Lynx's Moore Wins WNBA MVP Award". ABC News. Archived from the original on August 26, 2014. Retrieved 1 March 2025.
  6. "WNBA Finals Most Valuable Player". Miami Herald. Associated Press. October 10, 2013. Archived from the original on October 12, 2013. Retrieved 1 March 2025.
  7. "Lynx: Moore Named WNBA Rookie of the Year". www.wnba.com. Archived from the original on September 29, 2011. Retrieved 1 March 2025.
  8. "Maya Moore: The 100 Most Influential People of 2020". Time. Retrieved 1 Maqrch 2025.