Jump to content

Mbuyisa Makhubo

Go tswa ko Wikipedia

Mbuyisa Makhubu (o belegwe ka 1957 kgotsa 1958) ke molweladitshwanelo tsa Aforikaborwa yo o neng le kgatlhanong le tlhaolele yo o neng a nyelela ka 1979. [1] O ne a itsege thata morago ga go bonwa a tshotse Hector Pieterson mo setshwantshong se se neng se tserwe ke Sam Nzima morago ga gore Pieterson a thuntshiwe ka nako ya Dikhuduego tsa Soweto ka 1976. Le fa setshwantsho ntse se le teng, ga go itsiwe go le gontsi ka Makhubu.

Morago ga gore setshwantsho seno se gololwe, Makhubu o ne a tshwenngwa ke batho ba ditirelo tsa tshireletso, mme a patelesega ke go tshaba mo Aforikaborwa . Mmaagwe, e leng Nombulelo Makhubu, o boleletse lekgotla la Boammaaruri le Poelano gore o amogetse lekwalo go tswa kwa go ene a le kwa Nigeria ka ngwaga wa 1978, mme a re ga a ise a utlwe sepe ka ene fa e sale ka nako eo. [2] Mmagwe Mbuyisa o ne a tlhokafala ka ngwaga wa 2004, mme o tlhokafala a sa itse gore go diragaletseng ka morwawe. [3] Mbuyisa e ne e le mongwe wa balweladitshwanelo ba le mmalwa ba Aforika Borwa ba ba neng ba newa botshabelo kwa Nigeria ka bonako morago ga tiragalo ya kwa Soweto. E ne e le mongwe wa ba le bararo ba ba neng ba nna kwa sekolong se segolo se se nang le marobalo kwa Borwa-Bophirima jwa Nigeria - Kholetšhe ya Puso ya Bofeterale, ka ngwaga wa dithuto wa 1976–1977. Mme botlhe ba ne ba palelwa ke go tlhomama ka tulo, mme ba ne ba fuduga mo ngwageng o le mongwe fela. [4]

Ka ngwaga wa 2013, go ne ga tlhagelela ditatofatso tsa gore monna mongwe, Victor Vinnetou, yo o neng a le kwa kgolegelong kwa Canada mo dingwageng tse robedi tse di fetileng ka ditatofatso tsa bofaladi e ne e le Makhubu. Go ne ga dirwa diteko tsa dijini go bona gore a tota ke Mbuyisa Makhubo. 2] Morago go ne ga begwa fa diteko tsa dijini di ne di sa supe fa monna o, e ne e le Makhubu, mme seo sa swabisa ba lelapa la ga Makhubu,[3] le fa gone go ne ga begwa gore teko ya dijini e ne e dirilwe mo go mongwe wa lelapa yo o neng a se na kamano ya madi le batsadi ka bobedi.[ 4]

Go tloga ka 2020, ga go ise go itsiwe gore Mbuyisa o kae. [5] [1] Ka one ngwaga oo, filimi ya dikarolo di le nne e e bidiwang Through The Cracks, e e neng ya gololwa ka ngwaga wa bo 44 wa kgoberego ka la bo 16 Seetebosigo 2020, e ne ya tlamela ka dintlha dingwe tse di neng di sa buiwe pele ka botshelo jwa ga Makhubu. [6] Gape go ne ga begwa gore go tlaa tlhongwa letlapa la boswa le le gopolang Makhubu ka di 16 Seetebosigo 2020, le lone. [1]

Go bala go ya pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 3 "Disappeared June 16 victim Mbuyisa Makhubu to be honoured | The Heritage Portal". www.theheritageportal.co.za. Retrieved 2020-11-11.
  2. "Finding Mbuyisa Makhubu, the June 16 1976 hero". The Mail & Guardian. 2014-06-12. Retrieved 2020-11-11.
  3. "The Curious Tale of Victor Vinnetou » AFRICA IS a COUNTRY". Archived from the original on 2014-11-11. Retrieved 2014-11-11.
  4. Eyewitness News (27 September 2013). "Makhubu family wants more DNA tests". Retrieved 15 March 2016.
  5. "Letter: It's time for us to accept that June 16 hero Mbuyisa Makhubu is dead". www.iol.co.za. Retrieved 2020-11-11.
  6. "FROM THE ARCHIVES: Through The Cracks, the untold story of Mbuyisa Makhubu" (in en). https://ewn.co.za/2020/06/16/from-the-archives-through-the-cracks-the-untold-story-of-mbuyisa-makhubu."FROM THE ARCHIVES: Through The Cracks, the untold story of Mbuyisa Makhubu". ewn.co.za. Retrieved 11 November 2020.