Meganne Young
Meganne Young (o tshotswe ka kgwedi ya Mopitlwe ele masome a mabedi le bobedi(22) ka ngwaga wa 1990) ke motshameki le motsamaisi wa Aforika Borwa.[1]O itsege thata ka ditiro tsa gagwe mo The Kissing Booth franchise le Starz series Black Sails. [2][3]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Young o tsholetswe kwa Cape Town ke rre wa mo Afrika Borwa le mmè wa kwa Australia. O ne a fetsa bongwana jwa gagwe a ntse a fuduga, a nna kwa Nigeria, Switzerland, le Sri Lanka kwa a neng a tsaya International Baccalaureate kwa Overseas School of Colombo. O ne a tsenela dithuto tsa Advanced Diploma in Acting kwa CityVarsity Cape Town campus, a di fetsa ka 2011, pele a ya go aloga kwa Guildford School of Acting kwa Engelane jaaka moithuti wa nako e khutshwane ka ngwaga wa 2014.[4][5]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Young o simolotse tiro ya gagwe mo theatereng le mo difiliming tse dikhutshwane, a bona dikgetho tsa 48 Hour Film le Fleur du Cap Theatre Award ka ntlha ya tiro ya gagwe. O ne a tlhagelela mo filiming ya kwa Boritane ya Eye in the Sky. O ne a bona karolo ya gagwe ya ntlha e kgolo jaaka Abigail Ashe mo motseletseleng wa Starz wa Black Sails. Gape o ne a tlhagelela jaaka moeng mo setlheng sa bo 14 sa Supernatural le Legends of Tomorrow. [6][7]
Ka 2018, o ne a bona karolo ya Rachel mo filiming ya Netflix ya The Kissing Booth.[8][9] Young o ne a tswelela go boeletsa karolo ya gagwe mo difiliming tse di latelang, The Kissing Booth 2 (2020) le The Kissing Booth 3 (2021). [10][11][12]
Tsa Kgaso
[fetola | Fetola Motswedi]Filimi
[fetola | Fetola Motswedi]| Year | Film | Role | Notes |
|---|---|---|---|
| 2012 | Past.Tense | ||
| 2014 | The Giver | Bride | |
| 2015 | Eye in the Sky | Lizzy | |
| 2017 | Blood Drive | Anne | |
| 2018 | The Kissing Booth | Rachel | |
| 2018 | The Bull | Mare | Short film |
| 2019 | We Are Not Alone | Gina | Short film |
| 2020 | The Kissing Booth 2 | Rachel | |
| 2021 | The Kissing Booth 3 | Rachel |
Thelebishene
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Filimi | Karolo | Dintlha |
|---|---|---|---|
| 2013 | The Challenger Disaster | Michelle Feynman | Terefofene ya motshameko |
| 2015 | Bluestone 42 | Mooki | |
| 2015 | Black Sails | Abigail Ashe | |
| 2015 | Zum Teufel mit der Wahrheit | Mmotshameki | Terefofene ya motshameko |
| 2015 | Saints & Strangers | Priscilla Mullins | Letoto le le khutshwane |
| 2017 | The Dating Game Killer | Wendy Cade | Terefofene ya motshameko |
| 2018 | Supernatural | Lydia Crawford | |
| 2018 | Legends of Tomorrow | Zelda Fitzgerald |
Sethala
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Setlhogo | Karolo | Dintlha |
|---|---|---|---|
| 2010 | Lenny and the Wasteland | Newt | Mokete wa Bosetšhaba wa Bokgabo (National Arts Festival) |
| 2012 | A Tale of Horribleness | My | Mokete wa Bosetšhaba wa Bokgabo |
| 2012 | Pocket Shots | Ashley |
Dikgele le go tlhophiwa
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Selekanyetso (Award) | Karolo (Category) | Tiro (Work) | Mafelo | Tlhagiso |
|---|---|---|---|---|---|
| 2012 | 48 Hour Film Festival | Moshayadishi yo o Gaisang | Past.Tense | O tlhophilwe | |
| 2014 | Fleur du Cap Theatre Awards | Moputso wa Rosalie van der Gucht wa Badiri ba baša | O tlhophilwe |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "The Kissing Booth's Meganne Young talks growing up in SA and her fitness routine while travelling". Glamour South Africa. 23 August 2021. Retrieved 1 November 2021.
- ↑ Filmstarts. "Filmografie von Meganne Young". FILMSTARTS.de (in German). Retrieved 12 October 2021
- ↑ O'Neill, Mae Harrington (27 July 2020). "The Kissing Booth's Meganne Young age, Instagram: Everything to know about the Rachel actress". Netflix Life. Retrieved 12 October 2021.
- ↑ "Kiss and Tell with Meganne Young". BODE Magazine. Retrieved 12 October 2021
- ↑ Parker, Bashiera (31 July 2020). "We try to get SA actress Meganne Young to spill the tea on The Kissing Booth 3". Channel24. Retrieved 1 November 2021.
- ↑ KG, imfernsehen GmbH & Co. "Filmografie Meganne Young". fernsehserien.de (in German). Retrieved 12 October 2021
- ↑ Murray, Rebecca (18 October 2018). "'Supernatural' Season 14 Episode 2 Photos, Trailer and Plot Details". Showbiz Junkies. Archived from the original on 1 October 2019. Retrieved 25 October 2018
- ↑ Bergeson, Samantha (9 August 2021). "'Kissing Booth 3' Star Meganne Young On The Film's Love Triangle & Her Idea For A Spinoff". The Dipp. Retrieved 12 October 2021.
- ↑ "EXCLUSIVE: Meganne Young Talks Saying Goodbye to Rachel and The Kissing Booth 3". BeautifulBallad. 10 August 2021. Retrieved 12 October 2021
- ↑ Trapunski, Charles (12 August 2021). "Interview: The Kissing Booth 3's Meganne Young". Brief Take. Retrieved 12 October 2021
- ↑ Harbet, Xandra (17 August 2021). "Why Meganne Young Thinks The Kissing Booth 3 Isn't Your Ordinary Teen Film - Exclusive". Looper. Retrieved 12 October 2021.
- ↑ "The Kissing Booth's Meganne Young on Dismantling What "Healthy" Looks Like". Women's Health. 10 August 2021. Retrieved 12 October 2021.