Meja Mwangi
Meja Mwangi | |
|---|---|
| Tsalo | David Dominic mwangi Morule a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 1948 Nanyuki, kolone ya Kenya |
| Leso | Morule a le lesome le motso ngwaga wa 2025 Malindi, Kenya |
| Thuto | Nnyuki Secondary School
Kenyatta College University of Leeds |
| Tiro | Mokwadi wa dibuka mokwadi wa difilimi |
| Agent | Annemarie Friedli |
| O itsegi ka | Mokwadi wa Kenya o o itsegeng thata, mokwadi wa dibuka tsa bana |
Notable work | Kill Me Quick, Going Down, River Road, The Cockroach Dance |
David Dominic Mwangi (o o tshotsweng ka Morule a le masome a mabedi le bosupa ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a mane le borobabobedi a tlhokafala ka Morule a le lesome le motso ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano) a itsewe ka leina le a neng a le dirisa go kwala la Meja Mwangi, e ne e le mokwadi wa kwa Kenya. Kwa ntle ga go kwala dibuka, o ne a bereka mo mohameng wa go tlhama difilime, go akaretsa go kwala difilimi, go thusa go kaela le go batla baanelwa.
Botshelo jwa gagwe le tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Fa a tsholwa Mwangi o ne a fiwa leina la David Dominic Mwangi, kwa Nanyuki, kolone ya Kenya, a tsena sekolo kwa Nanyuki Secondary, Kenyatta College le kwa University of Leeds ka nakwana.[1] O ne a tloga a ya go berekela koporase ya kgaso ya French a dira ditiro tse ditshesane le kwa British Council kwa Nairobi e le wa tse di thusang go bona,[2] pele ga a kwala ka nako yotlhe. O ne a nna mmereki o o santseng a ithuta tsa go kwala kwa University of Iowa (go tswa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le botlhano go tsena ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le borataro)
Morago ga go nna lobaka mo mohameng wa go gatisa dibuka kwa Kenya le Aforika, Mwangi o ne a fudugela kwa United States, ka a ne a itsege mo mafatsheng gape a fentse dietsele di le dintsi.[3]
Dikwalo tsa gagwe tse di itsengeng thata keakaretsa buka ya Kll Me Qucik (e e gatisitsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le boraro), Going Down River Road (e e gatisitsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le borataro) le ya The Cockroach Dance (e e gatisitsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le boorbabongwe), e e supang popego ya ditoropo tsa Kenya, dikgwetlho tsa lehuma, le segajaja sa AIDS.[4]
Mwang o tlhokafetse kwa Malindi, Kenya ka Morule a le lesome le motso ngwagwa wa dikete pedi masome a mabedi le botlhano, a le dingwaga di le masome a supa le borataro.[5]
Dietsele le dimpho
[fetola | Fetola Motswedi]Babadi ba tlwaelo
[fetola | Fetola Motswedi]- Seetsele sa padi sa ga Jomo Kenyatta, ka buka ya Kill Me Quick (ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le bone - mofenyi wa puo ya Sekgowa); The Last Plague (ngwaga wa dikete pedi le motso - mofenyi wa puo ya Sekgowa); Boy Gift (ngwaga wa dikete pedi le bosupa - maemo a boraro a puo ya sekgowa mo bananeg); Big Chief (ngwaga wa dikete pedi le borobabongwe - maemo a boraro a padi e e itlhametsweng ya bagolo).
- Seetsele sa Lotus sa padi (ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le borobabobedi) se abiwa ke lekgotla la bakwadi ba Aforika le Asia (Afro-Asian Writers Association)[6]
Babadi ba ba botlana
[fetola | Fetola Motswedi]- Deutscher Jugendliteraturpreis (seetsele sa padi ya banana ya kwa Germany) ka buka ya Kariuki und ses weiBer Freund. Eine Erzahlung aus Kenia (Little White Man (ya ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe), setlhogo se ne sa fetoga go nna Mzungu Boy (ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le bobedi)
- Le Prix au College for Kariuku (ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bobedi)
- American Library Association (USA) seetsele sa dibuka tsa bana ba bagolwane, The Mzungu Boy (ngwaga wa dikete pedi le borataro)[7]
Tse di tlhophilweng
[fetola | Fetola Motswedi]- Seetsele sa Noma (se umakilwe go fiwa tlotla), ka Bread of Soroow (ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabobedi le borobabongwe)
- Seetsele sa mafatshefatshe sa padi kwa Dublin (a tlhophilwe) ka The Last Plague (ngwaga wa dikete pedi le bobedi)
Dibuka
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Sekgoa
[fetola | Fetola Motswedi]- Kill Me Quick. East African Educational Publishers. Ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le boraro
- Carcase for Hounds. Peak Library. Heinemann Educational. ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le bone.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Meja Mwangi biography". Retrieved 24 September 2026
- ↑ Chakava, Henry (1976). An H.E.B. Student's Guide Notes on Meja Mwangi's Kill Me Quick. Nairobi, Kenya: Heinemann Educational Books (East Africa) Ltd. Retrieved 24 September 2026
- ↑ Ciugu, Mwagiru (13 December 2013). "Meja Mwangi, the reclusive writer with a mighty pen". Nation Media Group. Retrieved 24 September 2026
- ↑ Dictionary of African Biography, via Oxford African American Studies Center database. Retrieved 13 March 2015.
- ↑ Nyambura, Esther (11 December 2025). "Writer and filmmaker Meja Mwangi is dead". standardmedia.co.ke. Retrieved 24 September 2026
- ↑ Arana, R. Victoria (2008). The Facts on File companion to world poetry: 1900 to the present. Infobase Publishing. p. 244. ISBN 978-0-8160-6457-1. Retrieved 24 September 2026
- ↑ "2006 Notable Children's Books announced — Older Readers". The Association for Library Service to Children (ALSC). 6 February 2006. Retrieved 24 September 2026