Mekatilili Wa Menza
Mnyazi wa Menza, o o itsegeng gape ka leina la Mekatilili Wa Menza kgotsa Mekatilili (o o tshotsweng ka ngwaga wa 1860 a tlhokafala ka 1924), e ne e le molweladitshwanelo wa boipuso jwa Kenya o a neng a etelela pele batho ba morafe wa Giriama.[1]
Botshelo jwa a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Mekatilili o tshotswe ka dingwaga tsa 1960 kwa Mutsara wa Tsatsu kwa Bamba, kwa e leng Kilifi County gompieno. E ne e le ene fela ngwana wa mosetsana mo lolwapeng lwa bana ba le batlhano. Mongwe wa bo kgaitsadie, Mwarandu, o ne a tsewa ka dikgoka ke bagwebi ba makgoba ba ma Arabea a seka a tlhola a bonwa.[2] Ka nako nngwe mo botshelong jwa gagwe, Mekatilili o ne a nyalwa ke Dyeka kwa Lango Baya.
Botsuolodi jwa ga Mekatilili bo ne bo rotloediwa ke matshwenyego a tsa itsholelo le matshelo a mo gae. O ne a ikaelela go itsa babereki ba morafe wa Giriama go thapiwa ke babusi ba dikolone, a netefatsa gore ba tla a sala mo kgaolong ya Giriama ba nne le seabe mo go tsheleng sentle ga batho ba Giriama. O ne a tshwentswe gape ke koketsego ya thotloetso ya batho ba mafatshe a bophirima mo Kenya, selo se a neng a se bona e le go senya ngwao ya Giriama.[1]
Ka kgwedi ya Phatwe e le lesome le boraro ngwaga wa 1923, motsamaisi wa kolone ya kgaolo eo, Arthur Champion o ne a tshwara bokopano jwa phatlalatsa, jo mo go bone a neng a bua ka tse a di batlang mo setšhabeng. Mekatilili o ne a nna le seabe se segolo mo bokopanong ka a ne a supa go nna kgatlhanong le dikopo tsa ga Champion ga gagwe, a fa le maitlamo a gore ga a ka ke a berekisana le batsamaisi ba dikolone.[1]
Mekatilili o ne a fuduiwa maikutlo ke sea neng a se bona e le tshenyo ya ngwao ya Giriama. Batho ba Giriama ke setšhaba se se dumelang mo go etelelweng pele ke banna, basadi ga se gantsi ba nna mo maemong a boeteledipele. Le fa go ntse jalo, Mekatilili e ne e le moswagadi. Mo setšhabeng sa Giriama, basadi ba akola ditshiamelo dingwe, di akaretsa tsa go bua fa pele ga bagolwane. O ne a batla kemo nokeng mo go se a se emetseng kgatlhanong le babusi ba dikolone ka ntlha ya maemo a a neng a le mo go one jaaka modumedi wa tlhwatlhwa wa tumelo ya ngwao. Mo go se, o ne a thusiwa ke ngaka ya setso Wanje wa Mwadori Kola. O ne a nna le batho ba le bantsi ba ba mo emang nokeng ka mmino wa gagwe wa Kidufu. Mmino o o ne o seegetswe kwa thoko meletlo ya phitlho, mme Mekatilili o ne a o bina gangwe le gape go stwa mo toropong e nngwe go ya kwa go e nngwe, a gapa kemo nokeng ya batho ba le bantsi ba ba neng ba mo sala morago gongwe le gongwe kwa a yang teng.[1]
Mekatilili le Mwadori ba ne ba rulaganya bokopano jo bo tona kwa Kaya Fungo, kwa ba neng ba dira gore basadi le banna ba itlame gore ga ba kitla ba dirisanya le babusi ba dikolone ka tsela epe fela. Babusi ba dikolone ba ne ba fetola ka go gapa lefatshe le letona la Giriama, ba tshuba malwapa ba bo ba senyakaka Kaya Fundo. Se se ne sa baka go retelelwa ga botsuolodi jwa Giriama, jo bo neng bo itsege mo gae e le kondo ya chembe.[3][1]
Mekatilili o ne a tshwarwa ke babusi ba dikolone ka Phalane ngwaga wa 1913, a le lesome le bosupa, a tshabisediwa kwa Kisii kwa kgaolong ya Nyanza. Go ya ka ditokomane tsa bokolone, morago ga dingwaga tse tlhano, o ne a boela kwa legaeng la gagwe kwa a neng a tswelela ka go nna kgatlhanong le tiriso ya melao ya bokolone. Mekatilili o ne a bua gore Arthur Champion tiro ya gagwe e ne e le go pateletsa batho ba Giriama melao ya bokolone, e a neng a supa fa e senya ngwao ya setso ya Kenya.[1] Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba supa fa Mekatilili a ne a tshaba kwa kgolegelong kwa Kisii a tsamaya dikhilomithara di le sekete go boela gae kwa Giriama. Morago o ne a tshwarwa, a isiwa kgolegelong kwa Kismayu, kwa Somalia kwa a neng a tshaba a boela gae.[1] O tlhokafetse ka ngwaga wa 1920.
Loso, boswa le segopotso
[fetola | Fetola Motswedi]O tlhokafetse ka nwgaga wa 1924, a bolokwa kwa Bungale kwa kgaolong ya Malindi kwa lotshitshing lwa kolone ya Kenya.[4][1] Ka nako ya letsholo la Kenya la tekatekano ya basadi le banna ka ngwaga wa 1980, balweladitshwanelo ba ne ba bona Mekatilili e le sekao sa letsholo leo, ka e ne e le ene mosadi wa wa ntlha wa kenya go tsaya karolo mo ntweng ya phetogo ya matshelo a batho.[1] ka Phatwe a le malatsi a robabongwe ngwaga wa 2020, kompone ya maranyane ya Google e ne ya mo ipelela ka go fetola sekao sa Google ka nakwana.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 7 8 9 Carrier, Neil; Nyamweru, Celia (October 2016). "Reinventing Africa's national heroes: The case of Mekatilili, a Kenyan popular heroine". African Affairs. 115 (461): 599–620. doi:10.1093/afraf/adw051. ISSN 0001-9909.
- ↑ "Mekatilili, prophetess of the 1913 Giriama revolt". Jan 17, 2011. Retrieved 23 July 2025.
- ↑ "Mijikenda elders mark Mekatilili anniversary". The Star, Kenya. Retrieved 23 July 2025
- ↑ Daily Nation, August 18, 2009: Malindi honours Kenya freedom heroine
- ↑ "Celebrating Mekatilili wa Menza". Google. 9 August 2020.