Melissa Vargas
Melissa Teresa Vargas Abreu (yo o tshotsweng ka Phalane wa 1999 kwa Cienfuegos, Cuba) ke motshameki wa volleyball wa Cuba[1] yo o tshamekelang Fenerbahçe Opet le setlhopha sa bosetshaba sa volleyball sa Turkey.[2]
O ne e leloko la setlhopha sa bosetshaba sa volleyball sa Cuba mme e ne e le karolo ya setlhopha sa bosetsaba sa 2014 FIVB Volleyball Women's World Championship kwa Italy.[3] Go tloga ka 2023, o tshamekela mo setlhopheng sa bosetshaba sa Turkey sa basadi sa volleyball.[4]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]O tsholetswe kwa Cienfuegos, kwa Cuba.[5] Rraagwe e ne e le motshameki wa bolo ya seatla, o ne a simolola go tshameka volleyball mo mmileng fa a na le dingwaga di le thataro mme a tsenelela setlhopha sa gagwe sa sekolo a le dingwaga di robabedi.[6] Ka 2021, o ne a fiwa boagedi jwa Turkey.[4]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]O ne a simolola go ikatisa le setlhopha sa Cienfuegos fa a le dingwaga di le lesome le bobedi, gape a tshameka mo ditlhopheng tsa banana tsa bosetshaba tsa volleyball tsa kwa Cuba.
O ne a tshamekela Agel Prostějov kwa Czech Republic setlha sele sengwe ka 2016. O ne a nna le kgobalo ya legetla mme a boela kwa lefatsheng la gagwe go ya go alafiwa. Morago ga go sa kgotsofalele ditshono tsa kalafi mo lefatsheng la gagwe ebile a ba kgala, o ne a thibelwa go tshameka mo setlhopheng sa bosetshaba dingwaga di le nne magareng ga 2017-2021, ka mabaka a go tlhoka maitseo. O ne a fudugela kwa Volero Zürich.
Fenerbahçe Opet (2018 go fitlha gompieno)
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Seetebosigo a le masome mabedi le borobabongwe ka 2018, o ne a fuduga kwa Turkey a ya kwa Fenerbahçe Opet mme a simolola tiro ya gagwe ya ditoro.[7]
O ne a tshameka kwa liking ya China sephatlo sa ntlha sa liki ya Sultans League ka 2021, 2022 le 2023 mme a boela kwa Fenerbahçe ka sephatlo sa dipaka tseo.[8][9][10]
Ka Moranang a le some ka 2021, kopo e e neng e dirilweng ke Turkish volleyball Federation gore Vargas a fiwe boagedi jwa Republic of Turkey e ne ya amogelwa mme tautona Recep Tayyip Erdoğan o ne a fa Melissa Vargas karata ya gagwe ya TR ID Card.[11]
Ka Phukwi a robabongwe ka 2024, o ne a shafatsha kgolagano ya gagwe le Fenerbahçe Opet ka dingwaga di le tharo.[12]
Tiro ya boditshabatshaba
[fetola | Fetola Motswedi]Cuba
[fetola | Fetola Motswedi]Vargas o na le maitemogelo a a mannye a boditshabatshaba le Cuba,a iponagatsa kwa 2014 FIVB Women's World Championship, 2015 FIVB Women's World Cup, le mo dikgatisong tse tharo tsa FIVB World Grand Prix.[13]
Ka 2012, morago ga go nna le kgobalo mo legetleng fa a santse a tshamekela Agel Prostějov, Vargas o ne a boela kwa Cuba go ya go alafiwa.[6] Fa a sena go bona bongaka jwa kwa Cuba, o ne a batla kalafi kwa mafelong a mangwe, ka nako eo Cuban Federation e neng ya mo seegela fa tlhoko sebaka sa dingwaga tse nne ka ntlha ya se ba buileng e le "go sotlaka le go se ka ga nna le maikutlo a a sa siameng mo lefatsheng la gaabo."[14]
Turkey
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga go amogela boagedi jwa Turkey ka 2021, Vargas o ne a letlelesega go emela Turkey mo kgaisanong ya boditshabatshaba ka 2023, morago ga go tshamekela setlhopha sa volleyball sa Turkey Fenerbahçe ka dipaka tse tlhano. O simolotse go tshamekela setlhopha kwa 2023 FIVB Volleyball Women's Nations League, kwa a neng a tshameka mo metshamekong e le lesome le motso mme a fenya seetsele sa gauta le setlhopha. O ne a bidiwa MVP wa kgaisano eo.[13] Ka 2023 Women's European Volleyball Championships, Vargas o ne a bidiwa gape MVP morago ga go fenya gauta le Turkey.[15]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Kubanska zvezda dobila srpsko državljanstvo" Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Melisa Vargas yeniden Fenerbahçe Opet’te Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Team Roster – Cuba". italy2014.fivb.org. Retrieved 23 February 2025.
- 1 2 "Filenin Yeni Sultanı: Melissa Vargas kimdir". En Son Haber (in Turkish). 1 June 2023. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Melissa Vargas kimdir, kaç yaşında? Melissa Vargas hangi takımlarda oynadı?". Cumhuriyet (in Turkish). 7 March 2023. Retrieved 23 February 2025.
- 1 2 Demirci, Gül (4 September 2023). "Who is Melissa Vargas? Who is » Expat Guide Turkey". Expat Guide Turkey. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Melissa Vargas Fenerbahçe'de". fenerbahce.org (in Turkish). 29 June 2018. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Yuvana hoş geldin Melissa Vargas". fenerbahce.org (in Turkish). 13 January 2022. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Yuvana hoş geldin Melissa Vargas". fenerbahce.org (in Turkish). 15 January 2023. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Melissa Vargas, yeniden ait olduğu yerde". fenerbahce.org (in Turkish). 6 February 2024. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Voleybolcumuz Melissa Vargas Türk vatandaşı oldu". fenerbahce.org (in Turkish). 10 April 2021. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ "Voleybolcularımız Melissa Vargas, Gizem Örge, Aslı Kalaç ve Meliha Diken'le sözleşme uzatıldı". fenerbahce.org (in Turkish). 9 July 2024. Retrieved 23 February 2025.
- 1 2 volleyballworld.com. "With Vargas and Santarelli, Türkiye start preparations for VNL 2023". volleyballworld.com. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Agencies, Daily Sabah with (4 September 2023). "Melissa Vargas' road from Cuba to Turkish volleyball royalty". Daily Sabah. Retrieved 23 February 2025.
- ↑ Mikkelsen, Sebastian; Aragón, Andrés (19 September 2023). "Volleyball Women's Paris 2024 Qualifier: How Cuban-born Melissa Vargas propelled Türkiye to instant success". Olympics.com. Retrieved 23 February 2025.