Jump to content

Menzi Ngubane

Go tswa ko Wikipedia
Menzi Ngubane
Tsalo(1964-08-28)28 Phatwe 1964
Leso13 Mopitlwe 2021(2021-03-13) (aged 56)
Ladysmith, KwaZulu-Natal
TiroMotshameki wa diterama
Dingwaga tsa a le mo tirong1989Tempolete:Ndash2021
Notable work
Mosadi
    Lerato Sidibe
    ​
    ​
    (m. 2009; div. 2013)​
      Sikelelo Sishuba
      ​
      ​
      (m. 2013⁠–⁠2021)​
      Bana4
      O fetheletse2012 Africa Movie Academy Awards

      Menzi Ngubane (28 Phatwe 1964 – 13 Mopitlo 2021)[1] e ne e le modiragatsi wa moAforika Borwa, o itsegeng thata ka go diragatsa e le Sibusiso Dlomo mo motshamekong wa segwana sa ditshwantsho wa Generations[2] go tswa 2003 go fitlha 2014. Ngubane o tsere karolo mo dikgasong tsa ko Aforika Borwa, go akaretsa Yizo Yizo, Ashes to Ashes, Gold Diggers, le Heist.[3][4] Ka 2016, o ne a diragatsa mo Isibaya, e le mookamedi wa dikoloi tsa puso yoo kileng a bo a sa ikanyege.[5]

      Ngubane o tlhagile gangwe le gape mo ditshwantshong tsa Aforika Borwa, jaaka How to Steal 2 Million (2011), a bidiwa Jack, a na le John Kani, Terry Pheto le Rapulana Seiphemo.[3] Kgaso ye e ne ya di goga ko pele mo Best Picture ka Africa Movie Academy Awards tsa 2012.Mo godimo ga moo, e ne e le moanelwa mogolo mo go tse dingwe jaaka In My Country (2004) e le Dumi Mkhalipi, mo Askari (2001) a bidiwa Patrick Khumalo, le mo The King's Messenger (1990) a ya ka leina la Poacher.[6]

      O ne a fenya dikgaisano tsa SAFTA ka go bo a nnile modiragatsi yoo gaisitseng botlhe mo terameng ya Isibaya.[7]

      O ne a golagantswe le Sikelelwa Sishuba ka nyalo.[8][9][10] Ngubane o ne a gatelelwa ke bolwetse dingwaga di le mmalwa, mo a ileng a abelwa philo, go fitlhela go tlhokafaleng ga gagwe.

      Ngubane o tlhokafetse morago ga setlhaselo sa boboko ka kgwedi ya Mopitlo a le di 13 ka ngwaga wa 2021, a le dingwaga tse 56.[11] Malatsi a le mararo morago ga loso la gagwe, rraagwe wa dingwaga tse 90, Ndodeni Ngubane, le ene a tlhokafala. Ba ne ba fitlhwa botlhe ka bobedi, tirelo ya dintsho e le kwa legaeng lwa bone kwa Ladysmith.[12]

      1. ↑ "Menzi Ngubane SA – Facebook". facebook.
      2. ↑ "Menzi Ngubane 'Sibusiso Dlomo' most memorable TV moments". Connect. 10 October 2015. Archived from the original on 5 June 2016. Retrieved 25 May 2016.
      3. 1 2 "Menzi Ngubane". Incwajana.com Retrieved 24 May 2016
      4. ↑ MALATJI, NGWAKO. "Menzi Ngubane joins 'Gold Diggers' – SundayWorld". www.sundayworld.co.za. Retrieved 25 May 2016.
      5. ↑ Entertainment, TMG. "Menzi Ngubane tells us 'I'm excited to join Isibaya'". Times LIVE. Retrieved 24 May 2016.
      6. ↑ LIVE, Times. "South Africa takes nine Africa Movie Academy Awards". Times LIVE. Retrieved 24 May 2016.
      7. ↑ Keshia Africa (22 May 2021). "All the 2021 Safta winners". Independent Online.
      8. ↑ "Menzi Ngubane on married life: I'm just so happy". Channel. Retrieved 24 May 2016.
      9. ↑ "Menzi Ngubane's triumphant year". Channel. Retrieved 25 May 2016.
      10. ↑ Pantsi, Nandipha. "Menzi Ngubane is back from the Ashes". The Citizen. Retrieved 25 May 2016.
      11. ↑ Kahla, Cheryl (13 March 2021). "Veteran 'Generations' actor Menzi Ngubane dies aged 56". The South African. Retrieved 7 June 2021.
      12. ↑ "UPDATE Menzi Ngubane, 56, died of stroke, family confirms". news24.com. Retrieved 14 March 2021.