Jump to content

Mercy Johnson

Go tswa ko Wikipedia

Mercy Johnson-Okojie ( o tshotswe ka di 28 Phatwe 1984) ke motshameki wa difilimi, motlhami le motsamaisi wa tsone, wa kwa Nigeria.[2][3]

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Okojie o ne a tsholwa e le ngwana wa bonè mo go ba le supa ba ga Daniel Johnson, yo e neng e le modiredimogolo wa sesole sa lewatle, le mosadi wa gagwe, Elizabeth. O tsholetswe kwa Lagos, Nigeria mme o tswa kwa Okene, Kogi State. O simolotse thuto ya gagwe ya poraemari kwa Calabar, Cross River State kwa a tseneng teng Sekolo sa Sekontari sa Navy sa Nigeria, Port Harcourt.[4]

Morago ga thuto ya gagwe ya sekontari, Okojie o ne a ya go tshameka karolo ya The Maid. Gape o ne a tlhagelela mo difiliming di le dintsi go akaretsa Hustlers, Baby Oku in America, le War in the Palace. Ka ngwaga wa 2009, o ne a fenya sekgele sa Best Supporting Actress kwa Africa Movie Academy Awards ka ntlha ya go tshameka mo go Live to Remember,[5] le sa Best Actress kwa 2013 Africa Magic Viewers Choice Awards ka ntlha ya go tshameka mo filiming ya metlae ya Dumebi the Dirty Girl. O nyetse Kgosana Odianosen Okojie ka 27 Phatwe 2011[6][7] mme ka Sedimonthole, o ne a kwadisitswe jaaka mongwe wa batho ba ba tumileng ba Nigeria ba ba batliwang thata ke Google,[8] maemo a a neng a a tshwere gape ka 2012.[ 8] Ke mothusa mogolo (SSA) wa ga Yahaya Bello ka boitlosobodutu, botsweretshi le setso. Tiro e e simolotse ka 1 Moranang 2017.[9]

Okojie o ne a thibelwa go tshameka mo difiliming ka 3 Ngwanatsele 2013; o ne a umakiwa jaaka yo o amogelang madi a a kwa godimo ka ntlha ya ditiro tsa difilimi.[ 10] Thibelo e ne ya tlosiwa ka 9 Mopitlwe 2014 morago ga go kopa maitshwarelo.[ 11] O ne a le motlhami wa filimi ya The Legend of Inikpi. Ka kgwedi ya Diphalane 2019 Okojie o ne a na le tumalano ya tshegetso le letshwao la Tonakgolo ya Chi Limited, Hollandia Evap Milk. Gape o ne a nna moemedi wa Pennek Nigeria Limited, e leng khamphani ya dipeeletso tsa thoto e e leng kwa Lagos.

[1] Agbana, Rotimi (24 May 2018). "Nollywood actress, Mercy Johnson loses mum". Vanguard. Retrieved 29 July 2018.

[2] "After 3 kids in 3 years, I needed a break - Mercy Johnson-Okojie". vanguardngr.com. 20 August 2016. Retrieved 26 October 2016.

[3] "Get busy with your life, I will have baby number 4 - Mercy Johnson blasts critics". Daily Post Nigeria. 21 August 2016. Retrieved 26 October 2016.

[4] "Mercy Johnson, Biography". www.ghanaweb.com. Archived from the original on 24 January 2023. Retrieved 30 March 2022.

[5] "Otelo Burning". BellaNaija. Bella Naija. 9 March 2013.

[6] "Six years after marriage, Mercy Johnson still stands tall". m.guardian.ng. 2 September 2017. Retrieved 9 April 2021.

[7] "I suffer pain whenever my husband is upset with me..." Vanguard News. 28 August 2019. Retrieved 24 February 2021.

[8] "Mercy Johnson is Google Most Searched Celebrity in Nigeria. - Vanguard News". vanguardngr.com. 30 December 2011. Retrieved 29 July 2017.

[9] Augoye, Jayne (14 March 2017). "Actress, Mercy Johnson, appointed SSA to Kogi Governor". Premium Times. Retrieved 20 April 2024.

[10] "Mercy Johnson's ban: Movie marketers break silence". Vanguard News. 21 February 2014. Retrieved 29 April 2021.

[11] "Movie Producers & Marketers Lift Mercy Johnson's Ban". Pulse Nigeria. 17 March 2014. Retrieved 29 April 2021.