Jump to content

Meriem Wangari

Go tswa ko Wikipedia

Meriem Wangari Kiprugut (o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le bobedi (22) ka ngwaga wa 1979) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o itsegeng thata ka go taboga sephatlo sa marathone le dikilometara di le lesome. Rekoto ya gagwe e e gaisang ya sephatlo sa marathone ke ya dioura di le 1:10:27 e a e beileng kwa Lille ka ngwaga wa 2007. O ne a simolola go taboga marathone ka ngwaga wa 2012 mme a dira nako ya dioura di le 2:31:30 mo lekgetlhong la ntlha.

O ne a gaisana mo dikgaisanong tsa Boritane le tsa Fora. O fentse dikgaisano tsa sephatlo sa marathone kwa Bristol, Bath, Lille, Boulogne-Billancourt, mmogo le kwa Gothenburg le Marrakech. O fentse kgaisano ya 20 Kilomètres de Paris gararo, kgaisano ya 20 Kilomètres de Maroilles gane, mme o fentse Foulée Suresnoise ga tlhano.

Wangari o ne a fenya dikgaisano tsa gagwe tsa ntlha fa a ne a le kwa United Kingdom. O ne a gapa Swansea Bay 10K ka ngwaga wa 2001, mme a gapa sekgele sa basadi kwa Windsor Half Marathon beke morago ga foo.[1][2] O ne a boela kwa kgaisanong ya Swansea mo ngwageng o o latelang mme a tsaya phenyo ya bobedi ka go latelana. O ne a fenya Cardiff 10K le Bristol Half Marathon ka ngwaga wa 2003 le ngwaga wa 2004.[3][4] O ne a dira rekoto ya gagwe ya 1:11:58 mo Bath Half Marathon ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 2003 mme o ne a fenngwa ke mofenyi wa lobelo Deborah Robinson ka motsotswana.[5] O ne a fenya Göteborgsvarvet kwa Sweden ka Motsheganong,[6] a boela kwa UK go fenya Stroud Half Marathon ka kgwedi ya Phalane, mme a tswelela go fitlha kwa godimo ga podium mo tekong ya gagwe ya bobedi ka ngwaga wa 2004 Bath Half Marathon.[7][8] O ne a taboga lobelo lo lo kwa godimo ka ngwaga wa 2004 kwa Glasgow Half Marathon, koo a neng a fetsa sekgala seo ka nako ya 1:12:00 go tsaya maemo a bobedi morago ga ga Beatrice Omwanza.[9]

Wangari o ne a fudugela kwa Fora ka ngwaga wa 2005 mme a fetsa nako e ntsi mo kgaisanong ya tsela ya lefatshe leo mo ngwageng oo. Gareng ga diphitlhelelo tsa gagwe e ne e le diphenyo tsa 20 kilomètres de Maroilles, Semi-Marathon d'Oloron Sainte Marie, La Rochelle Half Marathon, Alençon-Médavy 15K, le Foulée Suresnoise 10K.[10][11][12][13] Phenyo e nngwe e ne ya tla kwa Boulogne-Billancourt Half Marathon ka se e neng e le rekoto ya nako ya 1:12:00 dioura.[14] O ne a tokafatsa nako ya gagwe e e gaisang go nna 1:11:54 ka nako ya half marathon ya Reims à Toutes Jambes ya ngwaga oo.[15]

Se se kgatlhisang thata mo setlheng sa gagwe sa ngwaga wa 2006 e ne e le phenyo ya gagwe kwa Lille Half Marathon ka nako ya gagwe ya 1:11:36.[16] O ne a nna a na le maemo a gagwe kwa Maroilles 20K le Oloron Sainte Marie mme gape o ne a taboga 10K ka metsotso e le 32:47 kwa Istanbul 10K, a fetsa a le mo maemong a bobedi fa morago ga ga Elvan Abeylegesse. Nako ya gagwe ya 15K le yone e ne ya wela kwa tlase mo ngwageng oo, fa a ne a tsaya lobelo lwa basadi kwa Corrida Festas da Cidade do Porto ka nako ya metsotso e le 48:51.[17][18] Ngwaga wa 2007 wa gagwe o simolotse ka go fenya seruthwane sa boraro kwa Maroilles.[10] O ne a kgaoganya nako ya gagwe ya go taboga ka metsotswana e le mebedi mo Lille Half Marathon, a rekota dioura di le 1:10:27 mme a fenngwa ke Mary Keitany.[19] Ka kgwedi ya Lwetse o ne a fenya Le Lion Half Marathon le Paris-Versailles Race mo sebakeng sa beke.[20][21] Mo kgweding e e latelang o ne a fenya 20 Kilomètres de Paris mme a nna wa boraro kwa Istanbul 15K.[22]

Ka kgwedi ya Moranang wa ngwaga wa 2008 o ne a taboga sephatlo sa marathone kwa Humarathon kwa Vitry-sur-Seine mme a nna wa boraro mo kgaisanong ya ba-Kenya botlhe ya podium.[23] O ne a fenya ka lobelo lo lo kwa godimo ka go fenya lekgetlho la bone ka go latelana kwa Maroilles, ka a ne a fetsa sekgala seo ka nako ya dioura di le 1:08:49 (e leng lebelo la bobedi mo ditsong tsa lobelo).[10] Mo godimo ga moo, o ne a kgona go fenya kgaisano ya Paris-Versailles le Paris 20K ka go latelana, a bo a fenya Foulée Suresnoise. O ne a boeletsa diphenyo tsa gagwe gape mo dikgaisanong tse tharo tse ka ngwaga wa 2009 mme kwa Paris 20K o ne a tlhoma rekoto ya 1:05:30[21][22] mo botshelong jwa gagwe. O ne a batlile a fitlhelela rekoto ya gagwe e e gaisang ka go taboga dioura di le 1:10:28 mo maemong a bone mo kgaisanong ya Humarathon. Kwa Corrida de Langueux o ne a fenya botlhe ba ba neng ba tlile go mo fenya mme o ne a le kwa morago ka metsotswana e le metlhano mo rekotong ya tsela. Mo ngwageng oo, o ne gape a fitlha kwa podium kwa Lille le Boulogne-Billancourt half marathons.[24]

Ka ngwaga wa 2010, Wangari o ne a kgona go nna le maemo a gagwe mo Corrida Langueux, Foulée Suresnoise le Paris-Versailles.[21] [25] O ne a nna wa botlhano kwa Paris Half Marathon mme a taboga lobaka lwa nako lwa 1:12:19 go fenya kwa Marrakech Half Marathon.[26][27] O ne a tswelela ka go fenya kwa Corrida Langueux le Foulée Suresnoise ka ngwaga wa 2011.[28] O ne a taboga ka lobelo lo lo kwa godimo mo ngwageng oo ka dioura tse 1:11:10, mme seo se ne sa mo tlisetsa sereto sa Saint Denis Half Marathon. [29] O ne a dira tshimologo ya gagwe mo sekgaleng sa marathone kwa Xiamen Marathon ka ngwaga wa 2012 kwa China mme le fa a ne a le kwa morago ga mofenyi Ashu Kasim ka metsotso e le mmalwa, o ne a tsaya maemo a bobedi ka nako ya go simolola ya dioura tsa 2:31:30.[30]

  1. McGeoch, Mick (27 September 2011). Swansea Bay 10 km. Association of Road Racing Statisticians (ARRS). Retrieved on 8 January 2012
  2. McGeoch, Mick et al (7 March 2009). Windsor Half Marathon. ARRS. Retrieved on 8 January 2012
  3. McGeoch, Mick (17 September 2011). Cardiff 10 km. ARRS. Retrieved on 8 January 2012.
  4. McGeoch, Mick (14 September 2011). Bristol Half Marathon. ARRS. Retrieved on 8 January 2012.
  5. 2003 AIMS Statistics. Association of International Marathons and Distance Races. Retrieved on 8 January 2012
  6. Hultman, Hans & Monti, David (24 May 2011). Göteborgsvarvet Half Marathon. ARRS. Retrieved on 8 January 2012
  7. McGeoch, Mick (1 November 2011). Stroud Half Marathon. ARRS. Retrieved on 8 January 2012.
  8. McGeoch, Mick et al (8 March 2011). Bath Half Marathon. ARRS. Retrieved on 8 January 2012.
  9. Women's Half Marathon 2004. IAAF. Retrieved on 8 January 2012.
  10. 1 2 3 Lefeuvre, Thierry (19 November 2011). Maroilles 20 km. ARRS. Retrieved on 8 January 2012.
  11. Lefeuvre, Thierry (23 March 2011). La Rochelle Half Marathon. ARRS. Retrieved on 8 January 2012.
  12. Lefeuvre, Thierry (28 March 2011).Alençon-Médavy 15.4 km. ARRS. Retrieved on 8 January 2012
  13. Seigneuric, Yves & Lefeuvre. Thierry (20 June 2011). Foulées de Suresnes 10 km. ARRS. Retrieved on 8 January 2012
  14. Boulogne-Billancourt Half-Marathon History Archived 22 November 2011 at the Wayback Machine. Semi-marathon de Boulogne-Billancourt. Retrieved on 8 January 2012.
  15. Women's Half Marathon 2005. IAAF. Retrieved on 8 January 2012.
  16. Civai, Franco & Lefeuvre, Thierry (6 September 2011). Lille Métropole Half Marathon. Association of Road Racing Statisticians. Retrieved on 6 April 2010.
  17. Women's 10K 2006. IAAF. Retrieved on 8 January 2012.
  18. Women's Half Marathon 2006. IAAF. Retrieved on 8 January 2012.
  19. Women's Half Marathon 2007. IAAF. Retrieved on 8 January 2012
  20. Civai, Franco & Lefeuvre, Thierry (27 September 2011). Le Lion Half Marathon. ARRS. Retrieved on 8 January 2012.
  21. 1 2 3 Paris-Versailles 16.3 km. ARRS (26 September 2011). Retrieved on 8 January 2012.
  22. 1 2 Paris 20 km. ARRS (11 October 2011). Retrieved on 8 January 2012.
  23. Women's Half Marathon 2008. IAAF. Retrieved on 8 January 2012.
  24. Women's Half Marathon 2009. IAAF. Retrieved on 8 January 2012
  25. Lefeuvre, Thierry (3 July 2010). Corrida Langueux 10 km. ARRS. Retrieved on 8 January 2012
  26. Women's Half Marathon 2011. IAAF. Retrieved on 8 January 2012.
  27. Lee, Catherine (6 September 2010). RW Race Report – International Half-Marathon de Marrakech. Runner's World. Retrieved on 8 January 2012.
  28. Vazel, P-J (25 June 2011). Tsegay and Wangari take Langueux 10Km titles. IAAF. Retrieved on 8 January 2012
  29. Women's Half Marathon 2011. IAAF. Retrieved on 8 January 2012
  30. Jalava, Mirko (7 January 2012). Kamais and Kasim cruise to Xiamen wins. IAAF. Retrieved on 8 January 2012.