Merwalela ko South Sudan
Merwalela mo Sudan Borwa e diragala gangwe le gape, ka ntlha ya lefelo le naga e leng mo Nokeng ya Nile le lefelo le le kwa tlase le le dirang gore e tlhaselwe ke merwalela. Di kwadisitswe mo nageng eno fa e sale ka dingwaga tsa bo sekete , makgolo a robabongwe le masome a marataro (1960), mme ditlamorago tsa tsone di nnile maswe thata mo dingwageng tsa bosheng ka ntlha ya phetogo ya tlelaemete le mafaratlhatlha a a bokoa a kgelelo ya metsi.[1]
Ditlamorago
[fetola | Fetola Motswedi]Merwalela e bakile go fudusiwa ga batho le go latlhegelwa ke dithoto tsa ga Gomes. Dikolo di le dintsi di ne tsa tswalwa ka ntlha ya merwalela. [2]Gape merwalela e ile ya senya dijalo, e leng se se ileng sa dira gore go nne le tlhaelo ya dijo le go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa dijo. Diruiwa le tsone di ne tsa amega, ka diphologolo di le dintsi di ne tsa gogolwa ke metsi a morwalela.[3]
Merwalela e e tswelelang ya 2024
[fetola | Fetola Motswedi]Merwalela ya ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024) ya kwa lefatsheng la South Sudan e simolotse ka kgwedi ya Phatwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024) mme e nnile masetlapelo mo e leng gore dikarolo dingwe tsa naga di ne di le ka fa tlase ga metsi ka dingwaga di le mmalwa.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Barber, Harriet (2023-01-31). "South Sudan battles a four-year flood". The Telegraph. Retrieved 2023-04-30.
- ↑ "South Sudan: Catastrophic floods cause an escalating humanitarian crisis". Doctors Without Borders - USA. Retrieved 2023-04-30.
- ↑ "South Sudan emergency | World Food Programme". www.wfp.org. Retrieved 2023-04-30.
- ↑ "'Dying of thirst' as climate-driven floods mix with oil". BBC. 2024-11-11. Retrieved 2025-11-27.