Merwalela ya 2008 kwa lefatsheng la Benin
Merwalela ya kwa Benin ya 2008 e ne ya tlhasela naga ya Benin magareng ga Phukwi le Diphalane 2008, mme ya ama dinaga tse dingwe tsa Afrika Bophirima tsa Burkina Faso, Mali, Mauritania, Niger le Togo. Go ya ka Red Cross ya Benin, morwalela wa kwa Benin kwa tshimologong o ne wa ama batho ba ka nna 7 000, go akaretsa bana ba le 1560 ba ba neng ba fudusiwa mo magaeng a bone. Mme ka kgwedi ya Phatwe e le lesome le borobabongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi (2008) World Health Organization (WHO) e ne ya fopholetsa gore morwalela o ne o fudusitse batho ba ka nna 150 000. Batho ba ka nna 500 000 ba ne ba le mo kotsing ya go nna le merwalela e mengwe.[1][2]
Noka ya Ouémé fa e elela mo Lewatleng la Atlantic kwa Cotonou
Merwalela
[fetola | Fetola Motswedi]Noka ya Mono le Noka ya Ouémé e e elelang go ralala bogare jwa Benin go ya kwa motsemoshate wa ikonomi wa Cotonou kwa lotshitshing e ne e le bothata. Dibeke morago ga merwalela ya ntlha ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi (2008), mafelo a le mantsi a Cotonou a ne a sa ntse a sa gatsediwe, go baka kotsi e e masisi mo boitekanelong ka gore merwalela e amile mafelo a le mantsi a a nang le baagi ba le bantsi mme 10% ya baagi ba naga ba nna mo toropong. Baemedi go tswa kwa khanseleng ya masepala wa Cotonou, ofisi ya WHO ya Cotonou le Lefapha la Bophepa, Boitekanelo jwa Setšhaba le Merero ya Loago ya Benin, ba ne ba rotloetsa ka kgwedi ya Phatwe e le lesome le botlhano ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi (2008) gore go tlhokega thulaganyo ya go ntsha batho le go ba fudusa ka gonne go ne go solofetswe diphefo tse di maatla ka kgwedi ya Lwetse lekgwedi ya Phalane.[2]
Ka kgwedi ya Lwetse e le lesome le botlhano ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi (2008) go ne ga begwa gore komone ya Adjohoun e amilwe thata ke morwalela wa Noka ya Ouémé. Kgaolo e, e e leng mokgatšha o o nonneng wa temothuo, e ne ya tshosetsa botshelo jwa batho ba le 57 000. Merwalela e ne e simolotse jaaka kwa mafelong a mangwe kwa bokhutlong jwa Phukwi mme dipula tsa matlakadibe tsa kwa tshimologong ya Lwetse di ne tsa tlhasela kgaolo eno thata. Go feta diheketara di le 25 000 tsa masimo a dijalo di ne tsa khurumetswa ke metsi, a bolaya diphologolo di ka nna 30 000 mme a khurumetsa magae a le 18 000 mo komoneng. Batho ba ba ka nnang 2,000 ba ne ba fudusiwa mo metseng ya Azowlissé, Dèmè, Gangban, Kogé le Togbota ntle le Awonou, e e leng kgakala le noka. Go ya ka motlhankedi mongwe wa khansele, le fa Benin gantsi e nna le merwalela, segolobogolo ka 1995 le 2007, merwalela ya 2008 e ne ya senya matshelo a batho ba kwa Benin, "Gone jaanong batho ga ba kgone le go ja gararo ka letsatsi. Tota le go bona dijo gangwe fela ka letsatsi ke bothata. Gantsi, kuno ya temothuo e rekwa le go rekisiwa ka ditlhwatlhwa tse di siameng. Mme jaanong dilo di fetogile". Ratoropo wa kgaolo ya Adjohoun, Gerard Adounsiba, o ne a kopa thuso ya madi ya bosetšhaba go tlamela ka dijo le kalafi mo go se a neng a se bitsa "bothata jo bogolo jwa botho mo kgaolong go fitlha ga jaana". Seemo se ne sa nna maswe le go feta ka ntlha ya gore dikokelo tsa mo lefelong leo di ne di amilwe ke merwalela. Tsela ya go itshedisa ya batshwaraditlhapi ba lefelo leo ba ba ikaegileng ka noka eno le yone e ne ya amega thata.
Karabo
[fetola | Fetola Motswedi]Bongwe jwa mathata a morwalela e ne e le gore batho ba le mmalwa ba ba neng ba swa ka ntlha ya morwalela ba ne ba sa batle go tswa mo matlong a bone kwa Cotonou. [2]Kgaolo ya Vossa e ne ya khurumetswa ke metsi a morwalela mme setlhopha sa thuso ya masetlapelo go tswa go WHO se ne sa tshwanelwa ke go romelwa kwa kgaolong ya Ayelawadje ya toropo fa mekgatlho ya UN e ne e dirisana le puso ya Cotonou go pompa metsi le go phepafatsa ditsela mo motsemoshate.[1] Fa e sale ka kgwedi ya Phukwi e le lmasome a mararo ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi( 2008) Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo o begile dikgetse di le lekgolo le masome a robabongwe le bobedi tsa kholera kwa Cotonou mme o thusitse ka madi a US$20,000 go thusa puso go alafa kholera. Go ya ka Dr. Eric Laroche, Mothusa Mokaedi-Kakaretso wa WHO, "Metsi a morwalela a ngwaga le ngwaga a Afrika Bophirima ga a tlise fela matshosetsi a malwetse a a tshelanwang, mme gape a tsenya matshelo a batho ba ba setseng ba sa fepiwa sentle ka ntlha ya mathata a ditlhotlhwa tsa dijo mo kotsing".[1]Merwalela e ne ya oketsa kotsi ya Meningitis le yellow fever mmogo le go baya matshosetsi mo bathong ba ba ka nnang dimilione di le tlhano ba ba tshelang ka HIV/AIDS kwa Afrika Bophirima. Malaria, malwetsi a letshololo le a go hema, le phepelotlase di ne di tshosetsa batho ba ba neng ba nna gaufi le dinoka. [1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 "Floods in West Africa raise major health risks". World Health Organization, Geneva. Archived from the original on 15 May 2009. Retrieved May 10, 2009
- 1 2 3 "BENIN: Half million potential flood victims : WHO". IRIN, UN Office for the Coordination of Humanitarian Affairs. Archived from the original on January 4, 2009. Retrieved May 10, 2009