Jump to content

Merwalela ya Botswana ya ngwaga wa 2025

Go tswa ko Wikipedia

Merwalela ya 2025 Botswana e ne e bakilwe ke dipula tse di maatla tse di neng tsa na malatsi a le mmalwa go ralala naga,[1][2]go akaretsa Ghanzi,[3]Gaborone[4]le Francistown gareng ga dikgaolo tse dingwe.[5]Merwalela e e maswe e ne ya dira gore ditsela di tswalwe ka bophara, mmogo le gore puso ya Botswana e tswale dikolo tsotlhe go tloga ka lesome le borobabongwe go ya go masome a mabedi le bone ka kgwedi ya Tlhakole.[6]

Dinoka le matamo a a neng a penologa a ne a baka tshenyo e kgolo ya mafaratlhatlha, a fudusa banni, mme a felela ka go latlhegelwa ke matshelo.[7]

Maiteko a go Namola

[fetola | Fetola Motswedi]

Mokgatlho wa Sefapaano Se Sehibidu wa Botswana o ne wa tlamela ka thuso ya tshoganyetso go malapa le dikgaolo tse di amegileng, ka go aba dijo, metsi a a phepa, dikobo, le bonno jwa nakwana go baagi ba ba fudusitsweng.[8]

Letsile Tebogo yo a neng a gapa dimetale tsa gauta tsa Diolimpiki o ne a akgolwa fa a ne a boloka baagi ba ba neng ba le kwa Gaborone mme a ba isa kwa koloing ya gagwe,[9]a mo tlhalosa e le "monna wa boammaaruri wa batho".[10]

  1. ↑ "Botswana floods: Schools and roads closed after relentless rain". BBC Weather. 2025-02-20. Retrieved 2026-01-02
  2. ↑ "Devastating floods in Botswana: UNICEF calls for US$350,000 to support children and families". www.unicef.org. Retrieved 2026-01-02
  3. ↑ cfeditoren (2025-02-22). "Flood Displaces 600 in Ghanzi District". Botswana. Retrieved 2026-01-02.
  4. ↑ "PressReader.com - Digital Newspaper & Magazine Subscriptions". www.pressreader.com. Retrieved 2026-01-02.
  5. ↑ "Relentless rain leaves widespread flooding in Botswana – YourBotswana".
  6. ↑ "Botswana temporarily closes schools due to torrential rains". 19 February 2025
  7. ↑ Davies, Richard. "Flooding in Botswana, February 2025". global-flood.emergency.copernicus.eu. Retrieved 2026-01-02.
  8. ↑ "Heavy Rains Trigger Widespread Flooding Across Botswana". Botswana Youth Magazine. February 20, 2025.
  9. ↑ Bregman, Scott (21 February 2025). "Paris 2024 gold medallist Letsile Tebogo comes to the aid of stranded drivers". Olympics.com.
  10. ↑ Ormond, Cameron (February 19, 2025). "Olympic champion Letsile Tebogo rescues citizens from severe flooding".