Meseret Mebrate
Meseret Mebrate ke motshameki wa mo Ethiopia. O simolotse go tshameka mo filiming ya 2002 e e bidiwang Gudifecha mme a tswelela go tshameka mo difiliming tse di farologaneng le mo diterameng tsa thelebišene. O ne a itsege ka go tshameka mo diterameng tsa thelebišene tsa Gemena (2009) le Dana (2013).
Botshelo le tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Meseret Mebrate o tsholetswe kwa Addis Ababa kwa Ghibi Gabriel. O ne a godisiwa ke batsadi ba gagwe. O ne a ithuta kwa Yunibesithing ya Addis Ababa mme a simolola go dira mo difiliming a le dingwaga di le 18. Moragonyana, o ne a tshameka mo diterameng tse di farologaneng tsa thelebišene le difilimi tse di jaaka Gudifecha (2002), mme e e itsegeng thata ke Gemena (2009) le Dana (2013).[ 1][2]
Ka Moranang 2018, Meseret o ne a nyala Zewdu Shibabaw, morwarraagwe moopedi wa Moethiopia Egigayehu Shibabaw (Gigi).
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Artist Meseret Mebrate declared she is a pregnant". ADDIS GO. 19 December 2021. Retrieved 25 September 2022.
[2] "Meseret Mebrate in America". Retrieved 25 September 2022.