Miatta Fahnbulleh
Miatta Nema Fahnbulleh ([1]o tshotswe ka ya Lwetse ale masome a mabedi le boferabongwe(29) ka ngwaga wa 1979) [1] ke radipolotiki wa kwa Boritane. Ke leloko la Labour Co-op, o ne a tlhophiwa jaaka Leloko la Palamente (MP) ya Peckham mo ditlhophong tsa kakaretso tsa 2024. O tsewa a le mo letlhakoreng la molema la Labour Party. O ntse a direla jaaka Motlatsa-Mokwaledi wa Palamente wa Puso mo Lefapheng la Kago ya Matlo, Baagi le Puso ya Selegae go tloga ka 2025.[2]
Botshelo le Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Fahnbulleh o tsholetswe kwa Liberia ke rre wa kwa Liberia le mmaagwe wa kwa Sierra Leone mme o na le morwarraagwe, Gamal. [3][4]Fa ntwa ya ntlha ya selegae ya Liberia e simologa ka 1986 lelapa le ne la tshabela kwa Engelane, kwa ba neng ba kopa botshabelo teng.
Fahnbulleh o tsene Beechwood Sacred Heart School, sekolo se se ikemetseng kwa Tunbridge Wells. Morago ga go ithuta kwa Lincoln College, Oxford, o ne a aloga ka ngwaga wa 2000 ka dikirii ya Bachelor of Arts mo philosophy, politics le economics mme a bona dikirii ya PhD mo Economic Development ka ngwaga wa 2005 go tswa kwa London School of Economics.[ 5][4][6] Fahnbulleh o kwadile thesis ya gagwe ka ga go amogelwa le katlego ya pholisi ya madirelo kwa Ghana le Kenya.[ 6]
Tiro mo Palamenteng
Mo ditlhophong tsa kakaretso tsa ngwaga wa 2024, o ne a tlhophiwa kwa Peckham ka bontsi jo bo fokoditsweng. Ka kgwedi ya Phukwi ele boferabongwe ka ngwaga wa 2024, Fahnbulleh o ne a tlhophiwa go nna tonakgolo (Parliamentary Under-Secretary of State) mo Lefapheng la Energy Security le Net Zero. [18][19].
Dikgopolo tsa sepolotiki
Fahnbulleh ke leloko la mokgatlho wa Labour le wa Co-operative. 20] Go ya ka kgopolo ya gagwe, o tsewa a le mo letlhakoreng la molema la Labour Party. O dirile letsholo la gore go tsewe dikgato ka bonako go lwantsha bothata jwa tlelaemete. 21] E ne e le moitseanape wa ikonomi wa letlhakore la molema, o ne a itlhalosa jaaka moitseanape wa ikonomi wa motlhala mme a buelela go fetoga ga tsamaiso ya ikonomi. [ 22][23]
Ka kgwedi ya Ngwanatsele 2024, Fahnbulleh o ne a bouta a tshegetsa Molaotlhomo wa Bagolo ba ba Lwalang Thata (Bokhutlo jwa Botshelo), o o akantshang go dira gore go ipolaya go go thusiwang go nne semolao.[ 24]
Botshelo jwa gagwe
Fahnbulleh o nyetswe ke Graham mme o na le bana ba le bararo.[ Ke setlogolo sa ga Henry Boimah Fahnbulleh, yo e neng e le Tona ya tsa kwa ntle ya Liberia, le sa ga kgaitsadie e bong moopedi Miatta Fahnbulleh, yo a nang le leina le le tshwanang le la gagwe. [26]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Miatta FAHNBULLEH personal appointments - Find and update company information - GOV.UK". find-and-update.company-information.service.gov.uk.
- ↑ "Ministerial appointments: September 2025". GOV.UK. 6 September 2025. Retrieved 7 September 2025
- ↑ Foster, Dawn (31 October 2017). "Miatta Fahnbulleh: 'People's tolerance for an unfair economic model has hit a buffer'". The Guardian. Retrieved 2 February 2018
- ↑ Fahnbulleh, Gamal (22 October 2020). "What does it mean to be black and British?". Sky News Daily. Retrieved 16 January 2025.