Jump to content

Michael Goreseb

Go tswa ko Wikipedia
Michael Bantu Goreseb
Ka Ga Ena
O tsetswe1955, Mopitlo a le masome mabedi le bobedi
Okombahe
O Tlhokafetse2021 Phatwe a le malatsi a robabobedi
Windhoek
MokgatlhoUnited Democratic Front
BonnoNamibia

Michael Bantu Goreseb (o tshotswe ka Moranang a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1955, a tlhokafala ka Phatwe a robabobedi ngwaga wa 2022). E ne e le mopolotiki wa kwa Namibia.

E ne e le leloko la United Democratic Front, a berekile gape e le leloko la palamente ya Namibia fa e sale ka ditlhopho tsa palamente tsa 2004 go fitlhelela a tlhokafala ka 2021.

Mo palamenteng, Goraseb o o tswang kwa Erongo, e ne e le leloko la komiti ya itsholelo,ditswammung le tsamaiso ya lefatshe, ga mmogo le komiti ya tsa pereko, le tlhabololo matshelo a batho. Pele ga a tsenelela polotiki ya lefatshe, Goreseb e ne e le ratoropo le mokhanselara wa wa toropo ya Usakos kwa Erongo go tswa ka 1998 go tsena 2003.[1] Ka 1994, Goreseb o ne a aloga ka diploma tsa thuto go tswa kwa Windhoek College of Education.

Dikakanyo tsa gagwe ka polotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2005, Goreseb o ne a re seemo sa thuto kwa Namibia ke tlhakatlhakano, a re puso e paletswe.[2]

Goreseb o tlhokafetse ka ntlha ya COVID- 19 ka 2022.[3]

  1. ↑ Michael Goreseb Archived 2011-06-11 at the Wayback Machine from the Namibia Institute of Democracy, 2007
  2. ↑ "Education Deputy Minister gets philosophical in NA", The Namibian, 24 October 2005.
  3. ↑ "National Assembly pays tribute to fallen lawmakers- NBC". YouTube.