Jump to content

Michael Neocosmos

Go tswa ko Wikipedia

Michael Neocosmos ke rafilosofi wa Mo-Marxist wa Aforika Borwa. Ke moporofesa yo o sa tlwaelegang mo dithutong tsa batho kwa Yunibesithing ya Rhodes, Moithuti yo o Tlotlegang wa go Etela kwa Yunibesithing ya Connecticut Institute [1]e bile e le moithuti kwa Setheong sa Patlisiso ya Botho kwa Yunibesithing ya Kapa Bophirima.

Neocosmos o na le B.Sc. (1972, Yunibesithi ya Loughborough, UK), AMA (1973, Kholetšhe ya Wye, Yunibesithi ya London, UK), le Ph.D. (1982, Yunibesithi ya Bradford, UK).

O rutile kwa diyunibesithing tse di farologaneng kwa United Kingdom le kwa Afrika, segolobogolo kwa Yunibesithing ya Dar es Salaam, kwa Tanzania, kwa Yunibesithing ya Swaziland, kwa Yunibesithing ya Bosetšhaba ya Lesotho kwa a neng a eteletse Lephata la Dithuto tsa Tlhabololo kwa, kwa Yunibesithing ya Botswana kwa a neng a le moporofesara wa thuta-loago, kwa Yunibesithing ya Pretoria kwa a neng a tshwere maemo a Moporofesara wa thuta loago kwa Yunibesithing ya Monash kwa a neng a le Mokaedi wa Dipatlisiso tsa Metsamao le kwa Yunibesithing ya Rhodes kwa Grahamstown, Aforika Borwa kwa e neng e le Mokaedi wa Yuniti ya Dithuto tsa Batho kwa Yunibesithing ya Rhodes (UHURU).[2]

Ka 2017, buka ya Neocosmos ya Thinking Freedom mo Afrika, e ne ya abelwa The Frantz Fanon Award for Outstanding Book in Caribbean Thought ke ba Caribbean Philosophical Association[3]

  • Neocosmos, Michael, ed. (1987). Social Relations in Rural Swaziland. Kwaluseni: University of Swaziland.
  • Neocosmos, Michael (1993). The Agrarian Question in Southern Africa and "Accumulation from Below": Economics and Politics in the Struggle for Democracy. Uppsala: Nordic Africa Institute. ISBN 9789171063427.
  • Neocosmos, Michael (2016). Thinking Freedom in Africa: Towards a Theory of Emancipatory Politics. Johannesburg: Wits University Press. ISBN 978-1-86814-869-1.
  • Neocosmos, Michael (2021). Politics and Culture in African Emancipatory Thought. Daraja Press. ISBN 9781990263330.
  • Neocosmos, Michael (2023). Domains of politics and modes of rule: Political structures of the neocolonial state in Africa. Daraja Press. ISBN 9781990263774.

Diathikele

[fetola | Fetola Motswedi]

Tse di kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]

Academia.Edu Profile

  1. Thinking freedom: achieving the impossible collectively Archived 4 August 2020 at the Wayback Machine, Interview with Michael Neocosmos, 2018
  2. University, Rhodes. "Rhodes University". Archived from the original on 15 November 2017. Retrieved 14 November 2017.
  3. "The Frantz Fanon Award for Outstanding Book in Caribbean Thought". Archived from the original on 18 January 2017. Retrieved 18 January 2017