Michael Omondi
Michael Omondi Jakoyo (O tshotswe ke kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi ale lesome ka ngwaga wa 1961 –abo a tlhokafala ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi ale lesome le bosupa ka ngwaga wa 2008) e ne e le motshamiki wa bogare wa hoki ya lebala le mogaisani wa Diolimpiki go tswa kwa Kenya.
O tlhokafaletse kwa Nairobi.
Boiphediso jwa hoki
[fetola | Fetola Motswedi]O ne a tshamekela Sekolo sa Basimane sa Kisumu hockey ya Sekolo se Segolo. Mo maemong a tlelapo, o ne a le mokapoteine wa tlelapo ya hockey ya Barclays Bank e e sa tlholeng e le teng jaanong.[1]
O ne a gaisanela setlhopha sa bosetšhaba sa Kenya sa hockey kwa Diolimpiking tsa 1984 le Diolimpiki tsa 1988.[2] Gape e ne e le mo tsaya karolo wa setlhopha sa Kenya se se neng sa gapa gauta ka Metshameko ya Aforika Yotlhe ya 1987 e e neng e tshwaretswe kwa Nairobi. Gape ke mofenyi wa mmentlele wa gauta go tswa kwa Dikgaisanong tsa Basha tsa Aforika tse di neng di tshwerwe ka 1982 kwa Kenya.[3]
O ne a le mokapotene wa Kenya kwa Sejaneng sa Aforika sa Ditšhaba sa Hockey sa 1989.[1] Mo motshamekong wa bofelo koo, Kenya e ne e tlhoka go fenya Egepeto gore e kgone go tsenela Sejana sa mafatshe sa Hockey 1990. Egepeto e ne ya lekalekanya ka motsotso wa bofelo, mme seno sa dira gore Omondi a ngongorege ka bogale. Ka ntlha ya seo, Omondi o ne a thibelwa go tshameka hockey dingwaga di le pedi. Omondi morago ga moo o ne a tlogela tiro ya gagwe ya go tshameka.[4]
Tiro ya go katisa
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga go rola tiro, o ne a nna le tiro ya go katisa, e ne e le mokatisi yo mogolo wa tlelapa ya hockey ya USIU-A [1]le setlhopha sa bosetšhaba sa basadi sa Kenya sa hockey ya lebala.[5]Gape e ne e le Mokwaledi wa Metshameko wa Mokgatlho wa Hockey wa Kenya.[6]
Leso
[fetola | Fetola Motswedi]O tlhokafetse ka Lwetse 17, 2008, kwa Bookelong jwa Bosetšhaba jwa Kenyatta kwa Nairobi morago ga go lwala ka nakwana.[3]
Tse di kwa ntle
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Kenya Hockey Union: Michael Omondi Jakoyo Passes On Archived 2008-09-22 at the Wayback Machine
- ↑ "Michael Omondi Bio, Stats, and Results". Olympics at Sports-Reference.com. Archived from the original on 2020-04-18. Retrieved 2018-05-02
- 1 2 Kenya Times, September 18, 2008 Hockey thrown into mourning
- ↑ The Standard, September 19, 2008: Long-serving player Omondi dies[usurped]
- ↑ Planet Field Hockey, July 31, 2005: Kenya: Kisumu Simba triumph in Nairobi
- ↑ Kenya Hockey Union: Executive and Council Members Archived 2008-09-22 at the Wayback Machine (November 2006)