Jump to content

Michael Scott (moruti)

Go tswa ko Wikipedia
Michael Scott
TsaloPhukwi a le malatsi a a masome mararo nwgaga wa 1907
Sussex, kwa England
LesoLwetse a le lesome le bone, ngwaga wa 1983
TiroMoruti
OrganisationKereke ya England
TitleMoruti
Batsadi(s)Caleb Scot le Ethel

Guthrie Michael Scott (o o tshotsweng ka Phukwi a le malatsi a a masome mararo ngwaga wa 1907, a tlhokafala ka Lwetse a le lesome le bone ngwaga wa 1983) e ne e le moruti wa kereke ya Anglican ebile e le molweladitshwanelo kgatlhanong le tlhaolele ya lotso le mmala, o a neng a nna bontlha jwa go lwantsha tsamaiso ya tlhaolele kwa Aforika Borwa ka dingwaga tsa 1940 - nako e telele ya go kgaratlhala tshiamololo mo lefatsheng leo.[1] O ne gape e le mmueledi wa go emisa dibetsa.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Scott o tsholetswe kwa Sussex ka Phukwi a le malatsi a a masome mararo ngwaga wa 1907, a tsena sekolo kwa King's College, kwa Taunton, Chichester Theological College le St. Paul's College, kwa Grahamstown. O ne a tlhomiwa boruti ke George Bell ka ngwaga wa 1932 a simolola tiro ya gagwe kwa Slaugham le Keningston.[2]

E ne e le moemedi wa moruti wa Bombay go tswa ka ngwaga wa 1935 go tsena 1937; a bereka gape kwa kerekeng ya St. Paul kwa Calcutta.

Ka ngwaga wa 1943, o ne a fudugela kwa Johannesburg kwa a neng a nna moemedi wa borongwa jwa St. Alban. Fa a le koo o ne a nna motho mosweu wa ntlha go isiwa kgolegelong go bo a le kgatlhanong le melao ya lefatshe ya tlhaolele.[3] Ka ngwaga wa 1952, o ne a tlhama Africa Bureau le ba bangwe, e le lekgotla le le gakololang ebile le ema nokeng ma Aforika a a eletsang go ema kgatlhanong le melaometheo le ditshwetso tsa sepolotiki tse di amang matshelo a bone le bokamoso jwa bone.[4] E ne e le morotloetsi wa mafatshe wa boipuso jwa Namibia ene le kgosi Hosea Kutako le Hendrik Samuel Witbooi.[5][6] Ka maiteko a gagwe ka nako ya ntwa ya Namibia ya boipuso, o na le tsela e e biditsweng ka ene kwa Windhoek.

Ene le Bertand Russell, ba tlhamile komiti ya lekgolo ka ngwaga wa 1960. O ne a kopana le Martin Luther King Jr. ka nako ya go ipelela boipuso jwa Ghana.[7]

Mo botshekong jwa gagwe, Scott e ne e le tsala ya moitseanape Bertrand Russell. O tlhokafetse ka Lwetse a le lesome le bone nwgaga wa 1983.[8] Go na le letlhabaphefo la segopotso sa gagwe kwa kerekeng ya St. Pancras, kwa Kingston gaufi le Lewes.[9]

Ene le tsala ya gagwe Bertrans Russell, Scott e ne e le mongwe wa ba baya monwana tumalano ya bokopano jwa go kwala molaomotheo wa lefatshe.[10][11] Ka jalo, e le lantlha mo ditsong tsa setho, bokopano jwa mafatshe bo ne jwa nna teng go kwala le go amogela molaomotheo wa lefatshe le kopane.[12]

Scott o kwadile buka ka ga ene e e bidiwang A Time to Speak, e gatisitswe ke Faber and Faber ka ngwaga wa 1958.

  1. Sasman, Catherine (23 November 2009). "Namibia: Michael Scott - a Man of Conscience (1907 to 1983)". New Era. Retrieved 02 October 2025 – via AllAfrica.
  2. Crockford's Clerical Directory 1975-76 Lambeth, Church House, 1975 ISBN (invalid) 0108153674 alternate version: ISBN 0-19-200008-X OCLC 25885092 OCLC 59162245
  3. "Dictionary of African Christian Biography". Archived from the original on 7 August 2014. Retrieved 02 October 2025
  4. "Records of the Africa Bureau and related organisations". Oxford: Bodleian Library.
  5. Vigne, Randolph (7 July 2006). "Michael Scott, 'a troublemaker' who helped people of Namibia". The Namibian.
  6. Wilby, Peter (1 May 2006). "The British Gandhi". New Statesman. Archived from the original on 26 May 2006. Retrieved 02 October 2025
  7. "Ghana Trip". kinginstitute.stanford.edu. 26 April 2017. Retrieved 02 October 2025.
  8. "The Rev Michael Scott. Pioneer Campaigner against Apartheid". The Times. No. 61639. London. 16 September 1983. p. 14.
  9. "St Pancras, Kington Near Lewes: Michael... (C) Basher Eyre". www.geograph.org.uk. Retrieved 02 October 2025
  10. "Letters from Thane Read asking Helen Keller to sign the World Constitution for world peace. 1961". Helen Keller Archive. American Foundation for the Blind. Retrieved 02 October 2025.
  11. "Letter from World Constitution Coordinating Committee to Helen, enclosing current materials". Helen Keller Archive. American Foundation for the Blind. Retrieved 02 October 2025.
  12. "Preparing earth constitution | Global Strategies & Solutions | The Encyclopedia of World Problems". The Encyclopedia of World Problems | Union of International Associations (UIA). Retrieved 02 October 2025