Jump to content

Michelle Agyemang

Go tswa ko Wikipedia

Michelle Agyemang (Se-Akan: [ad͡ʒɛmaŋ]; o tshotswe ka la bo Tlhakole a le gararo 2006) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa seporofeshenale wa Moesemane yo o tshamekang jaaka motshameki wa kwa pele wa setlhopha sa Liki ya Basadi sa Arsenal le setlhopha sa bosetshaba sa Enyelane.

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Agyemang o tsholetswe kwa Ockendon Borwa kwa Essex.  O tsene Sekolo se se botlana sa Holy Cross kwa South Ockendon le kwa Sekolong se Segolwane sa Basetsana sa Southend.[2]  O tswa mo losikeng lwa Ghana.[3]

Rraagwe ke molatedi wa Manchester United, kgaitsadie ke molatedi wa Chelsea, morwadiarraagwe ke molatedi wa West Ham United mme ene ke molatedi wa Arsenal.  Fa a ntse a gola, batshameki ba a neng a ba rata thata e ne e le Olivier Giroud le Theo Walcott.[4]

Agyemang ga a sikane le motshameki wa Derby County Patrick Agyemang.[5]

Tiro ya bonana

[fetola | Fetola Motswedi]

Agyemang ke MoArsenal.wa botshelo jotlhe.[6]  O ne a simolola kwa Arsenal a le dingwaga di le thataro.[7]  O ne a tlhagelela mo metshamekong e le lesome le motso ya setlhopha sa Arsenal Academy ka paka ya 2022–2023 mme e ne e le monosiwadino wa bone yo o kwa godimo mo dikgaisanong tsotlhe.[8]  O feditse setlha e le wa bobedi ka palo ya dino tse di nositsweng le kwa godimo ka palo ya dino mo motshamekong mongwe le mongwe mo dikgaisanong tsotlhe mo maemong a boithuti ya U21.[9]

Tiro ya setlhopha

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Ngwanatsele 2022, Agyemang o ne a tshameka lekgetlho la ntlha mo setlhopheng se segolo a le dingwaga di le lesome le borataro kgatlhanong le Leicester City mo phenyong ya Arsenal ya the none go lefela mo Liking ya Basadi ya Super.[10]  Ka Firikgong a le masome mabedi le boferabongwe 2023, Agyemang o ne a nosa nno ya gagwe ya ntlha mo setlhopheng mo tikologong ya bone ya Sejana sa FA sa Basadi kgatlhanong le Leeds United mo motsotsong wa bo malome a ferabobedi.[11]  Nno e ne ya tlhophiwa go nna Nno ya Kgwedi ya Arsenal ya Firikgong 2023 mme ya nna ya bobedi morago ga ya motshameki wa banna Bukayo Saka.[12]

Fa Motsheganong a rogwa ka 2023, Agyemang o ne a tlhagelela lekgetlho la ntlha mo kgaisanong ya Yuropa a tla jaaka moemedi ka nako e e okeditsweng ya go fenngwa ga bone ke VfL Wolfsburg mo sekamakgaolakgannyeng a Champions League.[13]

Seetebosigo a le masome mabedi le boraro 2023, go ne ga itsisiwe ke setlhopha gore Agyemang o ne a itlamile go saena konteraka ya seporofeshenale le setlhopha fa a nna dingwaga di le lesome le borobabobedi.[7]

Watford (kwadiso gabedi)

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Phatwe 2023, Agyemang o ne a ya kwa Watford F.C.  mo Women's Championship ka tumalano ya ditshaeno tse pedi,[14] a dira lekgetlho la gagwe la ntlha mo Watford ka Lwetse a le gararo kgatlhanong le London City Lionesses.

Ka Tlhakole a le gane 2024, Agyemang o ne a nosa dino tsa gagwe tsa ntlha mo setlhopheng, a nosa gabedi kgatlhanong le Birmingham City,[16] a thusa setlhopha go tswa kwa tlase ga Championship ka phenyo ya nno tse pedi go lefela.[15]

Brighton le Hove Albion (kadimo)

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Lwetse a le lesome le boraro 2024, Agyemang o ne a saenela Brighton & Hove Albion ka kadimo ya setlha sa 2024–25.[17][18]

Tiro ya boditshabatshaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Motsheganong 2023, Agyemang o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Enyelane sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le lesome le bosupa sa 2023 U-17 Championship.[19]  Mo kgaisanong eo o ne a nosa gabedi kgatlhanong le Poland go fenya ka nno tse pedi go e le nngwe,[20] a naya setlhopha nno ya sone ya ntlha ya kgaisano mo metsotsong e le meraro.[21]  O ne a latela ka go nosa dino tse dingwe tse pedi kgatlhanong le Sweden mo phenyong ya tse tharo go e le nngwe,[22] mmogo le go simolola mo tatlhegelong ya sekamakgaolakgang kgatlhanong le Spain.[23][24]  Ka Ngwanatsele 2023, o ne a bidiwa jaaka karolo ya setlhopha sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le lesome le boferabongwe sa Sejana sa Algarve,[25] a nosa dino di le pedi kgatlhanong le Netherlands ka Sedimonthole a le gane mo motshamekong wa maleka a nno tse tharo setlhopha.[26]

Ka Phukwi a le lesome le bone mo 2024 Under-19 Championship, Agyemang o ne a nosa dino tse tharo mo motshamekong wa ntlha wa setlhopha wa Enyelane mo phenyong ya dino tse some go lefela kgatlhanong le Lithuania.[27]  Ka Phalane 2024, Agyemang o ne a bilediwa mo setlhopheng sa Enyelane sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le masome mabedi le boraro go ya go tshameka mo metshamekong ya Liki ya Yuropa.[28]

Agyemang o nositse nno ya gagwe ya ntlha mo setlhopheng sa Enyelane sa dingwaga tse di kwa tlase ga masome mabedi le boraro ka nako ya fa ba ne ba latlhegelwa kgatlhanong le Jeremane ka dino tse tharo go tse pedi ka Tlhakole a le masome mabedi 2025.[29]

Moranang a le garataro 2025, Agyemang o ne a bidiwa go tsena mo setlhopheng se segolo sa Enyelane lekgetlho la ntlha, a emisetsa Alessia Russo yo o neg a gobetse.[30]  Malatsi a mabedi moragonyana, ka Moranang a ferabobedi, o ne a tshameka la ntlha mo setlhopheng se segolo jaaka moemedi wa motsotso wa bo masome a ferabobedi ka nako ya motshameko wa Enyelane wa UEFA Nations League kgatlhanong le Belgium.  Metsotswana e le masome mane le motso fela morago ga go tsenngwa ga gagwe, Agyemang o ne a nosa nno ya gagwe ya ntlha ya boditshabatshaba ya bogolo mo go fenngweng ga Engelane ka tse tharo go tse pedi.[31][32]  Morago ga go tshameka la ntlha, Agyemang o ne a newa nomoro ya boswa ya 234 ke Mokgatlho wa Kgwele ya Dinao wa Basadi.[33]

Ka Seetebosigo 2025, Agyemang o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Enyelane sa UEFA Euro 2025.[34]  Ka Phukwi a le lesome le bosupa 2025, o ne a nosa nno ya go lekalekanya dino ya Enyelane mo motshamekong wa bone wa kotara ya makgaolakgang kgatlhanong le Sweden, o Enyelane e neng ya feleletsa e o fentse ka go tlhago ya diphenaleti.[35] Phukwi a le masome mabedi le bobedi 2025, o ne a nosa ntlha e nngwe ya go lekalekanya dino, mo lekgetlhong leno ka nako e e okeditsweng, kgatlhanong le Italy mo sekamakgaolakgannyeng go romela motshameko kwa nakong e e okeditsweng, e Enyelane e neng ya tswelela go e fenya ka dino tse pedi go e le nngwe go tswelelela kwa makgaolakgannyeng.[36]