Jump to content

Michelle Zatlyn

Go tswa ko Wikipedia

Michelle Zatlyn (o tshotswe ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa 1979) ke mosadi wa kgwebo wa kwa Canada. Ke mothei-mmogo, Tautona, le motsamaisi-kgolo wa khamphane ya American content delivery network provider le cybersecurity firm Cloudflare.

Botshelo jwa gagwe le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Michelle Zatlyn o tshotswe kakgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa 1979 [1]kwa Prince Albert, Saskatchewan, Canada kwa a goletseng teng. [2][3][4]O ne a tsena kwa Carlton Comprehensive High School koo a kileng a nna mokapotene wa setlhopha sa baseketebolo.[2] O ne a aloga kwa Yunibesithing ya McGill ka dikirii ya Bachelor of Science mo khemising ka ngwaga wa 2001 mme morago a bona dikirii ya Master of Business Administration kwa Harvard Business School. [5][6]Zatlyn o nyetse mme o na le bana ba le babedi. [7]O nna kwa San Francisco.[8][9]

Tiro ya botshelo jotlhe

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga go dira tiro ya boitshupo ya selemo kwa Google le go nna mookamedi wa dikumo kwa Toshiba, Zatlyn o ne a tsenela setlhopha se se simolotseng sa kwa Toronto sa I Love Rewards (moragonyana ya nna Achievers), lenaneo la lefatshe lotlhe la go duela badiri. [10][11]. O ne a thaya Cloudflare mmogo le baithuti ka ene ba kwa Harvard Business School e bong Matthew Prince le Lee Holloway ka 2009.[12] O ntse mo lekgotleng la Cloudflare mme o direla jaaka moporesidente wa khamphane le COO. [13][14]

Fa a bua ka go nna mongwe wa bathei ba Cloudflare, Zatlyn a re:

Fa re ne re tlhama Cloudflare, ke ne ke sa itse sepe ka tshireletsego ya inthanete, mme ke amega thata ka go rata se ke se dirang. Ke ne ke itse gore fa nka thusa go dira tshireletsego ya inthanete, ke sengwe se nka se dirang ka natla le go nna motlotlo ka sone; dingwaga di le 10 morago ga moo, re na le ditikwatikwe tsa data di le 165, mafelo a le dimilione di le 12 le badiri ba feta 800.[10]

Zatlyn o ne a tlhophiwa go nna mo lekgotleng la batsamaisi ba khampani ya software ya Australia, Atlassian, ka kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 2021.[15]Gape ke leloko la setlhopha sa pabalesego ya inthanete sa Aspen Institute.[16]

Go amogelwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Zatlyn o ne a tlhophiwa jaaka mongwe wa "40 Under 40" wa makasine wa Fortune (2017) [17]le "50 Self-Made Women" wa Forbes (2021); [18]gape o ne a tlhophiwa jaaka "Icon of Canadian Entrepreneurship" wa C100 (2019). [19] Go tloga ka ngwaga wa 2021, ke leloko la Young Global Leaders of the World Economic Forum. [20]Ka kgwedi ya Motsheganong wa ngwaga wa 2025, Forbes o ne a lekanyetsa madi a gagwe go nna US$1.6 billion.[11] Zatlyn o ne gape a kwadisitswe gareng ga basadi ba ba humileng go gaisa mo lefatsheng ba ba itiretseng ka bobona ke Forbes ka ngwga wa 2024.[21]

  1. "Michelle Zatlyn". gov.uk. Companies House. Archived from the original on April 5, 2024. Retrieved April 4, 2024.
  2. 1 2 Hicks, Glenn. "Saskatchewan billionaire, Prince Albert's Michelle Zatlyn, becomes Wall Street tech titan". paNOW. Archived from the original on December 17, 2021. Retrieved 23 September 2021
  3. "C100's Charter Members have nominated Michelle Zatlyn as C100's 2019 "Icon of Canadian Entrepreneurship"". C100. Archived from the original on February 13, 2023. Retrieved February 13, 2023
  4. Love, Jim (18 February 2023). "Cloudflare co-founder and president Michelle Zatlyn". www.itworldcanada.com. Archived from the original on February 25, 2023. Retrieved February 25, 2023
  5. Lagorio-Chafkin, Christine (November 6, 2020). "Why the CEO of a $350 million internet security company practices radical transparency". Inc. Archived from the original on December 28, 2021. Retrieved September 23, 2021.
  6. Murray, Seb (January 20, 2019). "Can MBAs create top entrepreneurs?". Financial Times. Archived from the original on April 14, 2022. Retrieved April 15, 2022.
  7. Rodriguez, Salvador (August 11, 2016). "How this executive balances being a mom and building a billion-dollar tech company". Inc. Archived from the original on April 9, 2024. Retrieved May 1, 2024.
  8. Martin, Cynthia (February 10, 2019). "Cloudflare co-founder Michelle Zatlyn on why she left med school and fell in love with tech". The Globe and Mail. Archived from the original on July 30, 2019. Retrieved May 1, 2024
  9. "CNBC Changemakers: Michelle Zatlyn". CNBC. February 28, 2024. Archived from the original on March 3, 2024. Retrieved May 1, 2024.
  10. 1 2 "Michelle Zatlyn: 'That's why I fell in love with tech. We're helping customers and users around the world'; Cloudflare co-founder knew nothing about internet security, but cared a lot about liking what she was doing". The Globe and Mail. February 11, 2019. Archived from the original on January 3, 2022. Retrieved 2021-10-13
  11. 1 2 "Michelle Zatlyn". Forbes. April 2024. Archived from the original on April 4, 2024. Retrieved April 4, 2024
  12. Wisenthal, Lucas. "Internet entrepreneur hits the world stage". mcgillnews.mcgill.ca. Archived from the original on January 3, 2022. Retrieved 2021-09-23
  13. Cai, Kenrick. "Cloudflare cofounder Michelle Zatlyn is new billionaire as stock reaches new high". Forbes. Archived from the original on December 17, 2021. Retrieved 2021-09-23
  14. Mehta, Stephanie (December 17, 2020). "Exclusive: Cloudflare promotes Michelle Zatlyn to president, a gain for women in tech". Fast Company. Archived from the original on August 17, 2021. Retrieved September 21, 2021
  15. Moore, Ben (September 10, 2021). "Atlassian names billionaire Cloudflare co-founder Michelle Zatlyn to Board of Directors". CRN Australia. Archived from the original on December 17, 2021. Retrieved 2021-09-23.
  16. "Michelle Zatlyn". The Aspen Institute. Archived from the original on 2021-10-28. Retrieved October 13, 2021.
  17. "Michelle Zatlyn". Fortune. Archived from the original on October 28, 2021. Retrieved October 13, 2021
  18. "America's Richest Self-Made Women". Forbes. 2021-08-05. Archived from the original on December 4, 2021. Retrieved December 4, 2021
  19. Moore, Ben (2021-09-10). "Atlassian names billionaire Cloudflare co-founder Michelle Zatlyn to Board of Directors". CRN. Archived from the original on 2024-03-27. Retrieved April 7, 2024
  20. "Community". The Forum of Young Global Leaders. Archived from the original on 2017-06-29. Retrieved October 13, 2021
  21. Wu, Natalie (April 3, 2024). "The World's Richest Self-Made Women in 2024". Forbes. Archived from the original on April 3, 2024. Retrieved May 16, 2024