Mireille Dossou

Mireille Carmen Dosso (o belegwe ka 27 Moranang 1952) ke moitseanape wa ditshedi tse dinnye le wa malwetse a mogare wa kwa Ivory Coast yo o belegweng kwa Comoros. O ne a tlhophiwa go nna motsamaisi wa Pasteur Institute kwa Abidjan ka 2004, mme bosheng jaana o nnile mongwe wa Maaforika a a eteletseng pele mo go lwantsheng COVID-19. O ne a atlegile mo go lwantsheng megare e mengwe, go akarediwa le H1N1 ya letshoroma la dikolobe le letshoroma la dengue ka 2019.[1][2][3]
Kitso ka gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]O tshotswe ka di 27 Moranang 1952 kwa setlhaketlhakeng sa Anjouan, [1] Mireille Dosso o ne a falola sekolo ka 1969. Morago ga moo o ne a ya kwa lefapheng la bongaka kwa Université Félix Houphouët-Boigny kwa Abidjan, a bona dikirii ya bongaka ka 1980, mosadi wa ntlha go dira jalo. Ka 1974, o ne a nyala Adama Dosso, mofofisi wa sefofane sa sesole,[2] yo o neng a bolawa ka 2011.[5]
Ka ntlha ya tuelo ya borutegi, o ne a tswelela ka dithuto tsa gagwe kwa Marseille (1981), Montpellier. O ne a ya go dira doctorate ya bobedi ya human biology kwa Yunibesithing ya Montpellier ka 1988 pele a boela kwa Abidjan. Fa a sena go nna motlhatlheledi wa yunibesithi mo go tsa thutotshelo ya ditshedi tse dinnye, ka 1992 o ne a tlhatlosiwa maemo go nna porofesa. Ka 1997, o ne a nna leloko la CAMES (Conseil africain et malgache pour l'enseignement supérieur). [2]
O ne a tlhophiwa go nna motsamaisi wa Pascal Institute kwa Ivory Coast ka 1972, jaanong o bopa karolo ya komiti ya saense e e rweleng maikarabelo a go lekola kgatelopele ya COVID-19, e le ene fela mosadi yo e leng leloko.[ 1][4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Covid-19: L'Ivoirienne Mireille Dosso dans les onze Africains et Africaines qui contribuent à contenir la pandémie sur leur continent" (in French). Fraternité Matin. 2 August 2020. Retrieved 22 February 2021.
[2] "Professeur Dossi Mireille Carmen: une virtuose des sciences" (in French). Afrique Matin. 19 March 2020. Retrieved 22 February 2021.
[3] Saki, Léon (20 March 2020). "Prof. Mireille Carmen DOSSO: Un amour profond pour la science" (in French). Plamfe: Afrique Santé. Retrieved 22 February 2021.
[4] "Afrique/Lutte contre le coronavirus : Le Professeur Mireille Dosso dans le Top onze des Africains combattant le Covid-19" (in French). Ministère de l'Enseignement Supérieur et de la Recherche Scientifique. 3 August 2020. Retrieved 24 February 2021.
[5] Depeyla, Armand (9 June 2011). "Assassinat du colonel Dosso Adama / Les gardes de corps d'Allou Eugène et Dogbo Blé avouent : "Nous l'avons tué et jeté le corps sur l'autoroute"" (in French). La Dépêche d'Abidjan. Retrieved 24 February 2021.