Jump to content

Mma-Besi

Go tswa ko Wikipedia
Mma-Besi
Mohumagadi wa Bangwato ba Bechuanaland Protectorate
Tsalo1846
MathataBesi Sekgoma

Mma-Besi kgotsa Mabisa (o tshotswe ka ngwaga wa 1946 a tlhokafala ka 1889) e ne e le mohumagadi wa Bangwato ba Bechuanaland Protectorate,kwa e leng Botswana gompieno, ele mosadi wa ntlha wa ga Kgosi Khama III.[1][2] O ne a itsewe gape ka leina la Elisabeta Gobitsamang Khama.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O kolobeditswe ka leina la Elisabeta ka ngwaga wa 1862, a tsaya leina le go tlotla Elizabeth Moffat, morwadia Robert Moffat.[2][3] O ne a nyalwa ngwaga yone eo mo lonyalong lwa ntlha lwa Sekeresete kwa Shoshong.[2] Ngwana wa gagwe wa ntlha, mosetsana,o ne a bidiwa Besi, ka jalo a nna Mma-Besi ka ntlha ya ngwao ya go tsaya leina la ngwana wa ntlha.[2] Ngwana wa gagwe wa mosimane o o tshedileng, Sekgoma, o ne a nna kgosi fa Khama III a tlhokafala ka ngwaga wa 1923 mme a tlhokafala moragonyana.[2] Mma Besi o ne a tlhokafala a le dingwaga di le masome mane le bone, go akanyediwa e le ka ntlha ya malaria ka Khama III a kea fudusa toropokgolo go ya dithabeng tsa Tswapong.

  1. Kathleen Sheldon (4 March 2016). Historical Dictionary of Women in Sub-Saharan Africa. Rowman & Littlefield. pp. 147–. ISBN 978-1-4422-6293-5.
  2. 1 2 3 4 5 Professor Henry Louis Gates, Jr.; Professor Emmanuel Akyeampong; Mr. Steven J. Niven (2 February 2012). Dictionary of African Biography. OUP USA. pp. 232–. ISBN 978-0-19-538207-5.
  3. Fred Morton; Jeff Ramsay; Part Themba Mgadla (23 April 2008). Historical Dictionary of Botswana. Scarecrow Press. pp. 379–. ISBN 978-0-8108-6404-7.