Mmusi le ba bangwe kgatlhanong le Ramantele le o mongwe
Mmusi le ba bangwe kgatlhanong le Ramantele le o mongwe ke tsheko ya kgotlatshekelo ya Botswana ya ngwaga wa 2012, e mo go yone basetsana ba le bararo e le batsalwa mmogo ba neng ba lwantsha tshwanelo ya setlogo sa bone ya go ja boswa jwa lolwapa lwa bone mo molaong wa bojaboswa wa kgotla o o neng o baya kwa pele dikokomane tsa basimane.[1][2] Kgotlatshekelo e ne ya atlhola gore melao e ga e tsamaisane le melaomotheo, e supa e le lantlha tshwanelo ya basadi ba Botswana go ja boswa jwa dithoto.[2]
Tse di diragetseng pele
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2012, pharologanyo ya bong e ne e le kwa tlase ga seelo.[3] Le bonwa e le sekai mo kgaolong, lefatshe le e ne e le legae la basadi ba borwa jwa Aforika ba ba nonofileng, ba akaretsa motsamaisa dipuisano tsa palamente, molaodi ebile e ele moatlhodi Unity Dow. Le fa go ntse jalo, le laolwa gape ke tsamaiso ya molao e e gabedi e e akaretsa dikgotlatshekelo tsa puso le makgotla a setso, makgotla a setso gantsi a ne a fitlhelwa kwa magaeng. Makgotla a setso a ne a tshegeditse molao wa bojaboswa jwa borre.[4]
Molao o wa lekgotla, wa morafe wa Bangwaketse, o ne o laola gore lolwapa lwa motho o o tlhokafetseng, lo tshwanetse go beelwa gofejane wa mosimane. Dithoto tse dingwe di kgaoganngwe bana botlhe, go sa kgathalesege gore ke ba bong bofe.[1]
Tsheko ya ga Mmusi
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2007, Edith Mmusi le batsalwa le ene ba basetsana, ba botlhe ba neng ba fetile dingwaga di le masome a marataro le botlhano, ba ne ba tsisa tsheko kgatlhanong le setlogolo sa bone Molefi Ramantele o a neng a a ja lolwapa lwa bone bojaboswa gaufi le Kanye.[2][3] Ka nako nngwe pele ga boswa jwa ga rraabone bo kgaoganngwa, monnaabone wa mosimane, a solofetse go amogela lolwapa lwa bone e le bojaboswa jaaka melao ya kgotla e bua, o ne a tsena mo tumalanong le motsalwaleene, rraagwe Molefi Ramantele, go mo neela lolwapa. Bobedi joo ba ne ba tlhokafala moragonyana ga loso lwa ga rraabo le pele ga boswa bo kgaoganngwa. Ramantele o ne a supa fa lolwapa e le lwa gagwe, are rraagwe o tshepisitswe lolwapa ka tumalano le gore lolwapa loo jaanong lo fetela kwa go ene, a leka go ntsha bokgaitsadie Mmusi ba ba neng ba nna mo lolwapeng loo ka nako e. Basadi ba ne ba nna kgatlhanong le go kobiwa mo, ba supa fa ba dueletse tlhokomelo ya lolwapa lo le go le atolosa.[2][1]
Tsheko ya ngwaga wa 2097 e ne ya isiwa fa pele ga lekgotla, le le neng la dumalana le Ramantele. Morago ga gore ikuelo e retele, bomme ba ba ne ba isa tsheko e kwa kgotlatshekelong[2] kwa e neng ya reediwa ke moatlhodi Key Dingake.[4] Bomme ba ne ba engwe kgatklhanong ke mmueledi Athalia Molokomme. A emetse puso ya Botswana, Molokomme o ne a supa fa le ntswa molao wa bojaboswa o kgetholola, setshaba se ne se ise se eme nokeng go emisiwa ga one.[2][3] Bomme ba ba ne ba enngwe nokeng ke Southern Africa Litigation Centre (SALC).[4]
Ka Phalane a le lesome le bobedi ngwaga wa 2012, Dingake o ne a atlhola gore melao ya makgotla a setso e e bayang kwa pele borre mo bojabosweng, ga e dumalane le tsholofetso ya tekatekano ya bong mo molaomotheong wa Botswana, a neela lolwapa bomme ba. Mo katlholong ya gagwe, Dingake o ne a re," go lebega nako e tsile ya gore kgotlatshekelo e thuse go simolola lefatshe le lesha.K gethololo kgatllhanong le bong ga e tlhokafale mo setshabeng sa gompieno.[4]
Edith Mmusi o ne a re tsheko eo e nnile letsatsi le legolo mo go bone, fa Ramantele ene a rile ke letsatsi le le botlhoko are batho ba tshwanetse go ithuta go tlotla ngwao.[2] Balweladitshwanelo tsa setho ba mo kgaolong ba ne ba na le tsholofelo ya gore tsheko e ga e ke e nne sekao fela mo Botswana, mme e tlaa nna sekai mo mafatsheng a a gautshwane a a nang le dikgang tse di tshwanang le e.[4]Lekgotla la Open Society Initiative for Southern Africa le supile tsheko e, e tsholeditse tekatekano ya bong.[5] Fa mogogi wa SACL a re katlholo e romela molaetsa o o nonofileng was gore basadi mo Botswana ba ka se tlhaolwe le gore go sotlega ga basadi ga go nna kwa tlase ga banna mo molaong wa Botswana go tsile bokhutlong.[6]
Go ya kwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Ngwanatsele a le lesome le borataro ngwaga wa 2022, Ramantele o ne a tlhalosa gore o tlaa ikuela ka katlholo e ya kgotlatshekelo.[7]
Ka Lwetse a le malatsi a mararo ngwaga wa 2013, kgotlatshekelo e ne ya ikuelo e ne ya tshegetsa tshwetso ya kgotlatshekelo e kgolo, ere molaomotheo o tlotlomatsa tekatekano fa pele ga molao, le go etelela pele malwapa ga basadi le go tsaya karolo le banna mo setshabeng go supa fa go sena se se gwetlhang go dirisa melao ya bogologolo e e kgatlhanong le ditsamaiso tsa gompieno.[8]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 "Mmusi and Others v Ramantele and Another". Southern Africa Litigation Centre. Archived from the original on 19 October 2014. Retrieved 2 October 2025.
- 1 2 3 4 5 6 7 "Botswana women allowed to inherit". BBC News. 12 October 2012. Archived from the original on 19 April 2013. Retrieved 2 October 2025.
- 1 2 3 Refentse Moyo (12 October 2012). "Botswana court rules women can inherit". Agence France-Presse. Archived from the original on 12 November 2012. Retrieved 2 October 2025.
- 1 2 3 4 5 Aislinn Laing (12 October 2012). "Women can inherit the earth rules Botswana judge". The Telegraph. Archived from the original on 13 October 2012. Retrieved 2 October 2025.
- ↑ Richard Lee (12 October 2012). "Botswana: Huge Boost for Women's Rights". Open Society Initiative for Southern Africa via allafrica.com. Archived from the original on 17 October 2012. Retrieved 12 October 2012.
- ↑ "In Brief: Botswana court rules women are no longer second-class citizens". Integrated Regional Information Networks. 12 October 2012. Archived from the original on 14 October 2012. Retrieved 2 October 2025.
- ↑ "Botswana: Women's Inheritance Rights Under Customary Law". Southern African Litigation Centre. Archived from the original on 5 March 2013. Retrieved 02 October 2025
- ↑ "Botswana women win landmark right to inherit under customary law". Thomson Reuters Foundation News. Retrieved 02 October 2025.