Jump to content

Modikwe Dikobe

Go tswa ko Wikipedia

Modikwe Dikobe (wa leina la maitlhamelo la Marks Rammitloa, 1913 – July 2005) e ne e le mokwadi wa padi, mmoki, modiredi wa mokgatlho wa badiri, le moeteledipele wa bonno jwa bomaipaafela mo Johannesburg, mo dingwageng tsa bo 1940. O kwadile buka e le nngwe fela ga mmogo le kgobokanyo ya poko fa a ne sa ntse a dira e le morekisi, tlelereke, motlhanka wa mo gae le molebedi wa bosigo.[1][2]

Dikobe o ne a tsalwa mo motseng wa Mutse, mo bokone-bogare jwa Teransefale. Fa a ne a le mmotlana, mmaagwe o ne a fudugela Johannesburg ka tiro mme ene a sala a nna le nkukuagwe, a disa dipodi. Fa a ne a na le dingwaga tse borobabongwe, o ne a fudugela Sophiatown kwa toropong go nna le mmaagwe. Ba ne ba fudugela mo mokhukhung mongwe mo Doornfontein.[3] O ithutile go bala le go kwala, ga mmogo le go rutiwa megopolo ya letlhakore la molema, ke sekolo sa phirimaneng sa Mayibuye sa Lekoko la Sepolotiki la Sekomanisi mo dingwageng tsa bo 1930.

Bolwela-ditshwanelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Tiro ya gagwe ya ntlha e ne e le go rekisa dipampiri tsa dikgang, e ka yone a neng a kopana le mosadi yo a tlaa mo nyalang mo nako e tlaa tlang, e bong Ruth. Ba ne ba nyalana ka ngwaga wa 1936 ba bo ba nna mo Newclare le Sophiatown, pele fa ba fudugela motseseteropo wa Alexandra. Mo dingwageng tsa ntlha tsa bo 1940, Dikobe o ne a simolola go rulaganya mekgatlho ya bahirisi ga mmogo le go kganela dibese, a na batho jaaka bo Schreiner Baduza le James Mpanza.[4]

Ka ntate ya dituelo tsa rente tse di kwa godimo, batho ba ne ba simolola go nna bomaipaafela mo nageng. Dikobe o ne a ba sala morago, mme a tla a nna moeteledipele wa bone. O ne a kwalela pampiri ya dikgang e bidiwa Inkululeko ('Kgololesego'). Mapodisi a ne a tshwara Dikobe le ba bangwe ba le bantsi ka ngwaga wa 1960. O ne a gololwa mo nakong e khutshwane, mme a kganelwa go amana le sepolotiki kgotsa mekgatlho ya badiri. Ka ngwaga wa 1963, o ne a dira e le molebedi wa bosigo a bo a simolola go kwala buka ya gagwe ya The Marabi Dance ka banna-mo-mekhukhung mo Doornfontein. Dikobe o ne a tlogela mosadi wa gagwe mme a fudugela Seabe (mo porofense e jaanong e bidiwang Mpumalanga) le mosadi o sele.[3]

Raditiragalo wa dikwalo Tim Couzens, morulaganyi wa bolumu ya poko ya ga Dikobe, o supa gore "Dikobe o tlhomologile mo dikwalong tsa Aforika Borwa ka go fitlha mo bošeng [...] e ne e le ene fela mokwadi yo, fa a ne a kwala, ka nnete e ne e le leloko la badiri ba ba sa itsholelang."[5]

  • The Marabi Dance [padi] (1973)
  • The Dispossessed [poko] (1983)

Puiso e e tswelelang

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Bonner, P. "The Politics of Black Squatter Movements on the Rand, 1944–1952", Radical History Review, 1990.
  • "The bard of township culture", Mark Gevisser, Mail & Guardian, 1995.
  1. South Africa’s mineral and industrial revolution
  2. Education, Equal (2016). Amagama Enkululeko! Words for Freedom: Writing Life Under Apartheid i. African Books Collective. ISBN 9781928346357.
  3. 1 2 "The great man they once called SKAAPIE". Learn and Teach Magazine. 7 August 2013. Retrieved 7 May 2019.
  4. Stadler, A.W. (1979). "Birds in the Cornfield: Squatter Movements in Johannesburg" (PDF). Journal of Southern African Studies. 6 (1): 93–123. doi:10.1080/03057077908708008. hdl:10539/9876. Retrieved 7 May 2019.
  5. Staff (30 June 1995). "The bard of township culture". Mail & Guardian. Retrieved 7 May 2019.