Jump to content

Modirisi:Dithuto

Go tswa ko Wikipedia

Morulaganyi wa dibuka kwa BOCODOL. Dithuto tsa Diploma in Secondary Education (DSE Humanities) ke tsa kwa Yunibesithing ya Botswana le Swaziland. BA Humanities ke ya Yunibesithi ya Botswana(UB), fa Diploma ya TESOL e le ya kwa Yunibesithing ya Manchester, UK. Ke feditse dithuto tsa BA Honours le MA Setswana kwa Yunibesithing ya Tshwane, Aforika Borwa. Ke ne ka ruta Setswana le Sekgoa kwa dikoleng tse dikgolwane le dikholetshe tsa borutabana. ka 2002-2004 ke ne ka nna Moranodi-mogolo (Chief Translator) wa Palamente ya Botswana le Ntlo ya Dikgosi. Ke leloko le modulasetilo wa pele wa Tomela ya Puo Foundation. Mo godimo ga moo ke mokwaledi wa setheo sa Setswana (Secretary, Setswana Commission) mo Borwa jwa Aferika (African Academy of Languages, ACALAN, AU). Gape ke moranodi (Sekgoa le Setswana) Ke eletsa thata go tsweledisa toro le kgwetlho ya me ya bokwadi.