Modirisi:Doc James/Bolwetse jwa Legg-Calvé-Perthes
| Legg–Calvé–Perthes_disease | |
|---|---|
| Maina a mangwe | Legg–Calvé–Perthes syndrome, Perthes disease, Legg–Perthes disease, Calves disease |
| Radiograph of a person with Legg–Calvé–Perthes disease | |
| Specialty | Orthopedics |
| Dikai | Limp, hip pain[1] |
| Ditamorago | Osteoarthritis[1] |
| Ditshimologo tse ditwaelesegileng | 4 to 8 years[1] |
| Risk factors | Genetics, blood clotting problems, exposure to cigarette smoke, extreme motion at the hip[1] |
| Diagnostic method | X-rays[1] |
| Differential diagnosis | Sickle cell disease, lupus, chemotherapy, long-term corticosteroid use, multiple epiphyseal dysplasia[1] |
| Treatment | NSAIDs, decreasing physical activity, physical therapy, surgery[1] |
| Prognosis | Usually good[2] |
| Frequency | 1 in 1200[3] |
Bolwetse jwa Legg–Calvé–Perthes ( LCPD ) ke bolwetse jo bo mo baneng fa tlhogo ya lerapo la mokwatla e swa ka ntlha ya go tlhoka kelelo ya madi ( go bola ga ditshika ).[1] Letshwao le le tlwaelegileng thata ke go simolola go tlhotsa ka iketlo.[1] Bokgoni jwa go tsamaisa leoto bo ka tswa bo tlhokafetse.[1] Botlhoko bo teng ka go farologana mme bo ka nna teng mo nokeng, mo lengoleng, kgotsa mo sehubeng.[1] Matlhakore ka bobedi a amega mo dikgetseng tse di ka fitlhang go 15%.[1] Mathata a ka akaretsa ramatiki.[1]
Ga go itsiwe gore se bakilwe ke eng mme go dumelwa gore se ne se akaretsa mabaka a le mantsi.[1][2] Mabaka a a akanyediwang a a kotsi a akaretsa dijini, go dira thata, mathata a go tlhotlhorega ga madi, go nna mo mosing wa sekerete, le go tshikhinyega thata mo lethekeng.[1][2] Temogo ke ka X-ray morago ga go kgaphela kwa thoko mabaka a mangwe a osteonecrosis ya tlhogo ya femoral.[1]
Ga go na kalafi.[1] Dikalafi di ka akaretsa di-NSAID, go fokotsa go itshidila mmele, le kalafi ya go itshidila mmele.[1] Fa dikgato tseno di sa lekana go ka kgothalediwa gore go dirwe karo.[1] Gantsi diphelelo di nna molemo.[2]
Boemo jono bo ama motho a le 1 mo go ba le 1 200 (motho a le 1 go ya go ba le 21 mo bathong ba le 100 000 ka ngwaga).[1][3] Ba ba fa gare ga dingwaga di le 4 le 8 ke bone ba ba amegang thata, fela e ka simolola ka dikgwedi di le 18 go fitlha kgolo e ema.[1] Tse ditonanyana ke tsone tse di amegang thata.[1] Tlhaloso ya ntlha e e tseneletseng e ne ya dirwa ka 1910 ke Arthur Legg, Jacques Calvé, le Georg Perthes.[1][2]
Ditshupiso
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 12 13 14 15 16 17 18 19 20 21 22 23 Karkenny, AJ; Tauberg, BM; Otsuka, NY (September 2018). "Pediatric Hip Disorders: Slipped Capital Femoral Epiphysis and Legg-Calvé-Perthes Disease". Pediatrics in review. 39 (9): 454–463. doi:10.1542/pir.2017-0197. PMID 30171056.
- 1 2 3 4 5 Leroux, J; Abu Amara, S; Lechevallier, J (February 2018). "Legg-Calvé-Perthes disease". Orthopaedics & traumatology, surgery & research : OTSR. 104 (1S): S107–S112. doi:10.1016/j.otsr.2017.04.012. PMID 29155310.
- 1 2 Mills, S; Burroughs, KE (January 2020). "Legg Calve Perthes Disease (Calves Disease)". StatPearls. PMID 30020602.